Re Ithutile go Tshela le Bolwetsi jwa go Karalala
Ke ne ka tsosiwa ke segajaja se se sa tlwaelegang. Ke ne ka tlola ka tswa mo bolaong pele ga ke lemoga gore se ne se tswa mo mosading wa me, ebong Sandra. O ne a nnetse go phetsogakaka le bolao jotlhe, matlho a gagwe a ne a gorogetse kwa morago mo tlhogong ya gagwe, mme o ne a sa heme. Dipounama tsa gagwe di ne di fetogile di le dipududu, mme o ne a phoka lefulo la madi ka molomo. Ke ne ka ithaya ka re o a swa. Ke ne ka betsa sefatlhego sa gagwe ka seatla go sekae, ke akanya gore seo se ne se tla mo dira gore a boe a ikutlwe gape. O ne a nna a tswelela go phetsoga jalo, ka gone ke ne ka tabogela kwa mogaleng mme ka founela ngaka ya rona. Mosadi wa me o tla tlhalosa seo se neng sa diragala.
KA NAKO ya fa ke ne ke tsoga mo mosong oo, ke ne ka utlwa mantswe mangwe a a sa utlwaleng sentle, mme ke ne ke se mo bolaong jwa me. Ke ne ka nna ke ntse ke buduletse, ke reeditse. Ke ne ka utlwa lentswe la monna wa me, mmogo le la ga mmè le la ngaka. Go ne go diragetse eng?
Ke ne ka bula matlho a me mme ka lemoga seo ba neng ba tshwenyegile ka sone. Fa ke ne ke re ke leka go dula ke tlhamaletse, tlhogo e e botlhoko thata eo e neng e nkopa e ne ya mpolelela gore motho yo ba neng ba tshwenyegile ka ene e ne e le nna. Lelapa la rona le ne la simolola go nna le bolwetsi jwa go karalala jalo, kana seo gompieno se bidiwang bolwetsi jwa go ngatega. Ka nako eo, eleng ka 1969, monna wa me, ebong David, le nna re ne re na le dingwaga di le 23 fela.
Mekgele Eo Re Neng Re E Itlhometse mo Botshelong E A Fetoga
Ke godisitswe ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme ke ne ka simolola go nna le seabe le batsadi ba me mo tirong ya go rera phatlalatsa ka nako ya fa ke ne ke na le dingwaga di le tlhano. Ka nako ya fa ke ne ke bogetse mongwe wa bao ke neng ke ithuta Bibela nabo a kolobediwa, ke ne ka itlhomela mokgele wa gore ke nne morongwa. Ka nako ya malatsi a boikhutso a sekolo, ke ne ke atisa go bula tsela, jaaka fa re bitsa bodihedi jwa nako e e tletseng. Fa ke fetsa mophato wa bolesome ka 1964, ke ne ka simolola go bula tsela ka bonako fela.
E ne ya re fa ke utlwa David a neela dipuo tse di monate thata tsa Bibela mme ke utlwa gore le ene o ne a batla go direla Jehofa mo tirelong nngwe e e kgethegileng jaaka tiro ya gagwe ya botshelo jotlhe, o ka akanya fela gore go ile ga diragala eng. Re ne ra nyalana, mme re le mmogo re ile ra ipelela go nna le katlego e e molemo thata mo go thuseng ba bangwe gore ba ithute ditsela tsa ga Jehofa.
A o ka akanya fela kafa re neng ra tlala boitumelo ka gone fa ka April 1970 re ne re amogela ditaletso tsa gore re tle kwa Sekolong sa Bibela sa Watchtower sa Gileade gore re nne barongwa? Re ne ra tlatsa makwalokopo ao. Mo lekwalonyaneng leo ke neng ke le ngapareditse mo go la me, ke ne ka umaka gore lemororo ke ne ke akanya gore e ne e se selo se se kalo, ke ne ke ile ka tshwarwa ke bolwetsi jwa go ngatega gabedi mo ngwageng e e fetileng. E ne ya re mo sebakeng se se sa fediseng pelo re bo re amogela lekwalo la bopelonomi leo le neng le re bolelela gore go fitlhela go tlola dingwaga di le tharo ke sa tshwarwa ke bolwetsi jwa go ngatega, e ne e tla bo e se selo sa botlhale go ka re romela kwa nageng nngwe ya seeng. Mo malatsing a sekae, ke ne ka ngatega lekgetlo la boraro.
Ereka re ne re sa tle go kgona go ya kwa Gileade, re ne ra solofela go ya go bereka kwa ntlongkgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York. Re ne ra dira kopo moragonyana mo go sone selemo seo kwa pokanong eo e neng e tshwerwe ke mookamedi wa nako eo wa Mokgatlho wa Watch Tower, ebong Nathan Knorr. E ne ya re ka nako ya fa a ne a re botsolotsa, a re tlhalosetsa ka bopelonomi gore ke ka ntlhayang fa tiro ya kwa Bethele e ne e tlile go nna boima mo go nna. O ne a tlhalosa gore go ne go tla tshwanela gore go tlole dingwaga di le tharo pele ke sa tshwarwe ke bolwetsi jwa go ngatega pele ga re ka amogelwa mo tirelong ya Bethele. Lefa go ntse jalo, o ne a tsaya makwalokopo a rona mme a bo a a tsenya mo kgetsing ya gagwe. Mo dibekeng di le thataro re ne ra amogela kabelo ya go ya go direla kwa Pennsylvania jaaka babulatsela ba ba kgethegileng.
Go Lwa le Bothata jwa Bolwetsi jwa go Ngatega ka Katlego
Kwa tshimologong go ngatega gono go ne go siana ka dikgwedi, mme lefa go ntse jalo e ne ya re morago ka simolola go ngatega kgapetsa kgapetsa. Ga ke ise ke ko ke tsamaye ke bone motho ope a tshwerwe ke bolwetsi jo bo maatla jwa go ngatega; seo ke se itseng fela ke tsela eo motho a ikutlwang ka gone. Santlha o ikutlwa ka tsela eo motho a ikutlwang ka yone fa a tloga a ngatega—eleng gore o ikutlwa ka nakwana, ka tsela nngwe e e sa tlwaelegang e e ka tshwantshiwang le tsela eo motho a ikutlwang ka yone fa a feta ka lebelo fa setlhopheng sa ditlhare tse di tlhomaganeng tse marang a letsatsi a tlhabang mo gare ga tsone. Seno se tsaya nako e khutshwane fela, mme morago ga moo ke a idibala.
Ke tsoga ke opiwa ke tlhogo; ke kgona go akanya, mme lefa go ntse jalo ga o kake wa bolela dilo tseo o di akanyang—ke tlhakantsuke fela. Gape ga ke kgone go tlhaloganya seo se bolelwang. Dilo tseno di a nyelela mo diureng di sekae tse di latelang morago ga moo. Lefa go ntse jalo, go ngomola pelo ebile go tlhabisa ditlhong ka dinako tse dingwe go tsoga ke iphitlhela ke le mo lefelong le lengwe mme ke bo ke bolelelwa gore ke ne ke ngategile gape, segolobogolo fa e le gore re ne re le kwa kopanong ya Bokeresete.
Fa ke tlhokomelwa ke motho yo o senang boitemogelo kana fa ke le esi ka nako eo ke ngategang ka yone, ke itoma molomo fa thoko mme gantsi ke itlhaba leleme ka meno ke bo ke le thunyeletsa. Morago ga moo go tsaya matsatsi a le mantsi gore molomo wa me o fole. David o setse a fetogile setswerere mo go ntlhokomeleng, ka gone go botoka thata fa a na le nna. O a itse gore o tshwanetse a ntsenya sengwe mo molomong go o sireletsa. Fa a sa dire jalo go tlile go tsaya malatsi a le mantsi ke rurugile, kana se se maswe le go feta moo, ke ka nna ka hupela.
Go tlhokafala gore a ntshireletse molomo ka sengwe seo se se kakeng sa nkgobatsa. David o ile a lemoga esale gale gore dibuka tse dipotlana, tse di ntseng jaaka Boamarure Jo Bo Isang Botshelong Jo Bosakhutleng, ke tsone tse di bogolo bo molemo thata mme ka metlha di a bo di ntse di le teng fa gaufi. Re na le dibuka di se kana ka sepe tse dipotlana tseo di nang le meno a me mo sekhutlong sa tsone mo ke di lomileng gone.
Ke Eng Seo Se Bo Bakang?
Go ngatega e ka nna ya nna matshwao a go bontsha mathata a le mantsi a pholo a o nang le one. Ditsala tse di amegileng ka nna di ne di atisa go nnaya ditlhogo tse di leng malebana le malwetsi a go ngatega le ka moo a ka bakiwang ka gone ke marapo a mokokotlo fa a sa tlhamalala, ka moo go ka bakiwang ka gone ke fa dibitamini di sa lekalekane le dimenerale, ka moo go ka bakiwang ka gone ke fa dihoromone di sa lekalekane kana fa sukire e e mo mading e ile kwa tlase, le eleng ke metlhampepe. Ke ne ka leka dikalafi tsotlhe tseo ke neng ke di filwe ke dira jalo ka boikanyegi. Ke ile ka ya kwa dingakeng ka mefutafuta ya tsone mme ke ile ka tlhatlhobiwa makgetlo a le mantsi. Seo re neng ra se lemoga fela ke gore ke ne ke na le pholo thata, mme lefa go ntse jalo ke ile ka nna ka tswela pele ke ngatega.
Ka nako ya fa ke ne ke boela ke ngatega gape, lelapa le ditsala di ne di atisa go bolela jaana: “O itlhokomele ka tsela e e botoka.” E ne ya re kgabagare seno sa nkutlwisa botlhoko. Se ne se dira gore go lebege jaaka o kare ke ne ke dira sengwe seo se neng se baka gore ke ngatege jalo; lefa go ntse jalo ke ne ke leka bojotlhe jwa me go tlhokomela pholo ya me. Fa ke leba kwa morago, ke lemoga gore tsela eo ba neng ba arabela ka yone e ne e le ya tlholego fela. Bone, fela jaaka rona, go ne go le boima mo go bone gore ba amogele bolwetsi jono jwa go ngatega. Fela jaaka moaposetoloi Paulo, go ne go le thata mo go nna go ka lwa le ‘mmutlwa o o neng o ntsene mo nameng.’—2 Bakor. 12:7-10.
Morago ga fa ngwana wa rona wa ntlha a sena go bonwa ka 1971, ke ne ka tlogela bobulatsela, mme re ne ra dira tshwetso ya gore ke bone ngaka ya mankge e e alafang methapo. O ne a ntlhatlhoba ka tsela fela e e tlwaelegileng. Santlha, ke ne ka tlhatlhobiwa boboko go tlhomamisa gore ga ke a tswa tlhagala mo bobokong. E ne e seo. Morago ga moo motšhini o o tlhatlhobang makhubu a boboko o ne wa tlhatlhoba makhubu a boboko jwa me. Go ya ka nna, go ne go na le sengwe se se tshegisang ka tlhatlhobo eno.
Ke ne ka laelwa gore ke seka ka robala thata mo bosigong jwa pele ga yone le gore ke seka ka nwa seno sepe se se ka tlhagafatsang mmele wa me. Mo letsatsing le le latelang, ka nako eo ke neng ke robetse ka yone mo godimo ga bolao joo bo neng bo le sephara thata, jo bo kokonelang bo le mo kamoreng e e tsididi, ke ne ke beilwe megala ya motšhini mo sefatlhegong, mo godimo ga tlhogo ya me, le eleng mo ditsebeng tsa me. Morago ga moo rrabotegeniki o ne a tswa mo kamoreng eo, a tima dipone, a bo a ntaela gore ke robale! Fa ke ne ke rokgonyega le esita le go le gonnye fela, lentswe la gagwe le ne le utlwala mo sebuelagodimong, a re: “Robala ka tshisibalo, tswee tswee.” Le eleng mo maemong a a ntseng jalo, ke ne ka robala! David o ne a aga a nkgakatsa a re ke kgona go robala gongwe le gongwe, ka nako nngwe le nngwe.
Dipholo tsa tlhatlhobo eo di ne tsa goroga. Go ne go bonwe fa boboko jwa me bo gobetse go sekae mo karolong e e kafa pele ya jone. Selo seo go neng go ka diragala thata gore e nne sone se bakileng seo e ne e ka nna gore ke ne ka tsalwa boima thata kana go tsenwa ke letshoroma le legolo thata mo dikgweding tsa ntlha tsa botshelo jwa me. Batsadi ba me ba ne botsolodiwa, eleng selo seo se neng sa ba utlwisa botlhoko thata. Ba ne ba bolela gore dilo tseno ka bobedi jwa tsone e ne e ka nna tsone di bakileng seo. Re ne ra utlwa gore mofuta wa bolwetsi jwa go ngatega joo bo neng bo ntshwere e ne e se joo bo kgonang go fetela mo baneng.
Go Lwela go Alafa Bolwetsi Jono
Jaanong go ne ga simologa dingwaga tseo go ya ka nna e neng e le tsa mofuta wa kalafi o o boifisang thata, eleng go alafiwa ka diokobatsi. Seokobatsi sa ntlha seo se neng se lekwa se ne sa ntwatsa, mme sa bobedi se ne sa seka sa dira gotlhelele. Sa boraro, eleng Mysolene, re ne ra nna le katlego e sekae go ka alafa bolwetsi jono jwa go ngatega. Se ne se okobatsa methapo go sekae, mme lefa go ntse jalo go ne go batlega dipilise di le tlhano ka letsatsi. Ba bangwe ba ne ba lemoga diphelelo tseo seokobatsi seno se neng se na le tsone mo go nna, mme lefa go ntse jalo go ise go ye kae ke ne ke setse ke lapile ke sone. Ke ne ke rwala leseka lengwe leo le neng le bontsha gore ke motho yo o tshwerweng ke bolwetsi jwa go ngatega mme le bontsha leina la seokobatsi seo.
Ke ne ka nna lobaka lo lotelele ke sa ngatege mo eleng gore ke ne ka bo ka bona lekwalo la go kgweetsa gape. Ditshiamelo tsa go kgweetsa di ne di le botlhokwa thata mo go nna, ereka ka nako eo re ne re nna mo lefelong la magae, mme ke ne ke batla go simolola go bula tsela gape. Mme lefa go ntse jalo e ne ya re fela ke re ke a simolola, ka gwetla wa 1973, re ne ra lemoga gore ngwana yo mongwe gape o ne a le mo tseleng. Ka gone ke ne ka seka ka nna mmulatsela, mme mo boemong jwa seo re ne ra dira tshwetso ya gore re fudugele kwa phuthegong nngwe e potlana ya kwa Appalachian Ohio koo go neng go batlega malapa gone. Re ne re nna mo torotswaneng nngwe e e neng e na le baagi ba le 4 000 koo ka nako eo go neng go sena Basupi ba ga Jehofa gone.
Ka bonako fela morago ga re sena go fudugela koo, ke ne ka ya kwa ngakeng e nngwe gape ya methapo. Lemororo ke ne ke sa ngatege kana go idibala, ke ne ke santse ke na le go boa gaufi le go ngatega mme e ne e re morago ga moo ke sale ke tlhakane tlhogo. Ngaka eo e ne ya tsenya seokobatsi sa bobedi, eleng phenobarbital, mo godimo ga seo ke neng ke setse ke ntse ke se dirisa. Dipilise tsotlhe tseo ke neng ke di nwa ka letsatsi di ne di le robongwe.
Mo dingwageng di le pedi tseo di neng tsa latela morago ga moo di botlhoko thata mo go nna go ka tlotla ka tsone, mme ka ntlha ya boemo jo bo boifisang joo diokobatsi tseno di neng tsa ntlogela ke le mo go jone, ga ke solofele gore nka kgona go tlhalosa dilo ka tsela e e tshwanetseng. Seo nka se bolelang fela ke gore Bafilipi 4:7 e ne ya fetoga lekwalo leo ke neng ke le rata thata. E bolela jaana: “Kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibèlèla . . . megopolō ea lona.”
Diokobatsi tseno di ne tsa ntira gore ke bue ka bonya mmogo le gore ke dire dilo ka bonya mme di ne tsa bo tsa ama le kgono ya me ya go gakologelwa dilo. Gape botho jwa me le jone bo ne jwa fetoga, ka dinako di le dintsi ke a ga ke hutsafetse thata le go nna bogale. David o ne a ikutlwa a tlhaselwa, mme go ne go tlhokafala gore a rapele e le gore a ke a seka a arabela boitshwaro jwa me jo bo sa tlwaelegang ka go ipusolosetsa. Mo godimo ga moo, re ne re na le bana ba le babedi bao ba neng ba ise ba tsene sekolo bao re neng re tshwanelwa ke go ba tlhokomela. Bagolwane ba Bokeresete ba mo phuthegong ya lefelo la rona e ne e le kgothatso mo go rona fa re ne re le mo kutlobotlhokong e kgolo.
Ka dikgakologo tsa 1978, ke ne ka dira tshwetso, eleng eo e neng e le kgatlhanong le tshwetso e e botoka mo go yone ya ga David, ya gore ke kgaotse kalafi eo. Ke ne ke batla mo go maswe gore ke gologe. Ke ne ka fokotsa ka kelotlhoko halofo ya pilise mo dibekeng dingwe le dingwe di le pedi. Go ne go ntse jaaka ekete o ka re ke a tsoga. Ke ne ka ikutlwa ke tletse boitumelo. Ke ne ke tlhomamisega gore loapi lo lobududu go feta pele.
Ke ne ka tswela pele ke sa tlhole ke ngatega, ka gone ke ne ka simolola go bula tsela ka September 1, 1978. David o ne a le mabela thata ka nna, mme ke ne ke phephetha ka boitumelo. Lefa go ntse jalo, dilo tse di okobatsang methapo di nna di ntse di gola mo mmeleng, ka gone go tsaya nako pele ga gore di tswe mo go one. Mo bekeng ya bobedi ya October, morago ga dibeke di le thataro fela ke bula tsela, bolwetsi jwa go ngatega bo ne jwa boa mme bo le maswe go feta le fa e le leng pele, mme go feta matsatsi a le mararo fela ke bo ke ngatega! Morago ga ke sena go ngatega lekgetlo la botlhano, re ne ra ya go bona ngaka e ntšha ya methapo.
“Go botoka fa nka swa go na le gore ke dirise diokobatsi,” ke ne ka mmolelela jalo.
“Mme o tla swa,” o ne a araba jalo, “fa o sa di dirise! Mme go tla diragalang ka barwadi ba gago ba babedi?”
Go Ithuta go Tshela le Jone
Ke ne ka simolola seokobatsi se sesha, eleng Tegretol, mo go yone beke eo. Go ne go batlega dipilise di le tlhano tsa dimiligeramo di le 250 ka letsatsi gore ke kokobetse bolwetsi joo jwa go ngatega. Lefa go ntse jalo, seokobatsi seno se farologane le tseo ke neng ke di dirisa pele. Ga se nne se ata mo mmeleng, ebile ga se tseanye tlhaloganyo.
Lefa go ntse jalo, gape ke ne ka nna lobakanyana ke sa kgweetse. Mme re ne re nna koo go neng go sena ope gone yo o neng a ka ntseisa tsela go ya tirong ya go rera mo gare ga beke. Ke ne ka ikutlwa gore ke fentswe. David o ne a nkgothatsa ka go bolela jaana: “Ke ka ntlhayang fa o sa lete go fitlhela ka dikgakologo pele ga o ka tlogela bobulatsela? O seka wa dira diphetogo dipe tse dikgolo gone jaanong jaana.”
Ke ne ke ikiteile sehuba go bona gore a Jehofa o ne a tla segofatsa maiteko a me fa ke ne nka mo leka. Dikhutsahalō 3:24-30 e ne ya nna botlhokwa thata mo go nna. Go ne go na le sengwe seo ke neng ke ‘se abetswe,’ mme ke ne ke tla ‘nna ke solofetse.’ Gape, ke ne ka simolola go leba kalafi ka tsela e e farologaneng, ke ne ka e leba jaaka tsala.
Cara jaanong o ne a tsena sekolo, mme Esther o ne a na le dingwaga di le nnè. Ka gone Esther o ne a fetoga tsala ya me e ke bulang tsela nayo. Re ne re tsamaya ra bo ra nna ra tsamaya, re tsamaya ka iketlo re raletse kapoko e e seng kana ka sepe mme re itshoketse serame. Fa dikgakologo di fitlha toropo yotlhe e ne e itse gore re bomang.
Mo godimo ga moo, ke ne ke nna ke dirisa kalafi ka kelotlhoko. Fa ke ne ke nwa dipilise ka bonako fela morago ga ke sena go nwa tse dingwe, ke ne ke tsewa ke sedidi mo go maswe. Lefa go ntse jalo, fa ke ne ke ka lebala le esita le dipilise di le pedi kana di le tharo, ke ne ke ngatega mo go botlhoko thata. Mo ngwageng wa ntlha, madi a me a ne a tlhatlhobiwa morago ga dibeke dingwe le dingwe di le tharo go isa go di le thataro go tlhomamisa gore molemo oo o ne o sa mpakele mathata ape a a masisi a pholo.
Go botlhokwa gore batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa go ngatega ba boloke ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi—eleng go ja, go robala, jalo le jalo—di le mo thulaganyong e e molemo, mme ke ne ke ela tlhoko gore ke dire seno. Mo marigeng ao otlhe, ke ne ka tswelela ka diura tsa me tsa bobulatsela. Fa nako e ntse e tsamaya, go ngatega go ne ga kokobela, mo eleng gore ke ne ka kgona go boela ke kgweetsa gape, mme ke ile ka kgona go tswela pele ke bula tsela go tla go fitlha le gompieno.
Cara o feditse mophato wa gagwe wa bolesome mme jaanong le ene o bula tsela. Fa esale go tloga ka mariga ale a fa Esther a ne a tsamaya le nna, o na le moya wa bobulatsela. Ka nako nngwe kwa kopanong ya kgaolo, babulatsela ba ne ba kopiwa gore ba eme ka maoto. Fa ke ne ke ntsha matlho, ke ne ka bona Esther yo o neng a na le dingwaga di le nnè a eme mo godimo ga setulo sa gagwe. Le ene o ne a itsaya jaaka mmulatsela!
Ke leboga thata go bo ke santse ke direla Jehofa le David mmogo le ba bangwe ba bantsi bao re ileng ra ithuta Bibela le bone. Thapelo ya me ya gore David ekete le ene o ne a ka simolola go nna mmulatsela gape e arabilwe. Gape o direla jaaka molebedi wa kopano ya rona ya potologo, mmogo le jaaka molebedi wa namaosatshwere yo o etang. Tumelo ya rona e e nonofileng ke gore mo bogautshwaneng, mo lefatsheng le lesha la tshiamo la Modimo, Jesu Keresete o tla fodisa botlhe ba ba bogang, go akaretsa le bao ba tshwerweng ke bolwetsi jwa go ngatega a ba fodisa mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 4:24)—Jaaka re e lotlegetswe ke Sandra White.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Nna le monna wa me le barwadi ba me