AUGUST 31–SEPTEMBER 6, 2026
PINA 89 Utlwa, Ikobe Mme o Segofadiwe
Ela Tlhoko Kafa o Reetsang ka Gone
“Elang tlhoko kafa lo reetsang ka gone.”—LUKE 8:18.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re tla bona gore ke eng fa re tshwanetse go reetsa ka tlhoafalo fa re le kwa dipokanong le kwa dithulaganyong tse dingwe tse Jehofa a re rutang kwa go tsone le gore re ka dira seo jang.
1-2. (a) Jehofa o ruta batho ba gagwe jang gompieno? (Pesalema 23:1, 2, 5) (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?
GOMPIENO, Jehofa o re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang gore re itse se Baebele e se rutang. Ka jalo, re ka dumalana le se Dafide a se buileng mo pineng ya gagwe. O ne a re: “Jehofa ke Modisa wa me. Ga nkitla ke tlhoka sepe.”—Bala Pesalema 23:1, 2, 5.
2 Tsela nngwe e Jehofa a e dirisang go re ruta, ke dipokano. Gantsi fa re le kwa dipokanong re nna re utlwa dilo tse re di itseng. Tota le fa re setse re ‘ngangatletse boammaaruri jo re bo ithutileng,’ re tlhoka go nna re bo gopodiwa. (2 Pet. 1:12) Mme gone, a o thatafalelwa ke go reetsa ka tlhoafalo kwa dithulaganyong tse Jehofa a re rutang kwa go tsone fa go rutiwa dilo tse o di utlwileng ka makgetlo a le mantsi? Setlhogo seno se tla go thusa. Re tlile go bona gore ke eng fa re tshwanetse go reetsa ka tlhoafalo fa re le kwa dipokanong. Gape re tlile go bona gore ba ba nang le maikarabelo a go ruta mo phuthegong ba ka dira eng go thusa ba bangwe gore ba kgone go reetsa ka tlhoafalo. Go tswa foo, re tla tlotla ka dikakantsho dingwe tse di ka re thusang go reetsa ka tlhoafalo. Mme pele ga foo, a re boneng gore ke mang yo tota a re rutang fa re le kwa dipokanong.
GOPOLA GORE JEHOFA KE ENE A RE RUTANG
3. Jehofa o bua le rona jang, mme batlhanka ba gagwe ba dirisa Lefoko la gagwe jang?
3 Jehofa o bua le rona a dirisa Lefoko la gagwe e leng Baebele. (2 Tim. 3:16, 17) Jesu o ne a itse seo. O ne a dirisa Lefoko la Modimo ka botswerere mo batho ba ba neng ba mo reeditse ba neng ba re: “Go tla jang gore monna yono a bo a itse Dikwalo thata jaana, mme a sa ithuta kwa dikolong?” (Joh. 7:15) Batho ba ba neng ba ikokobeditse e bile ba batla go itse Jehofa, ba ne ba itumelela go utlwa Jesu a tlhalosa Lefoko la Modimo. Bakeresete ba bogologolo ba ba jaaka Moaposetoloi Paulo le Apolose le bone ba ne ba dirisa Lefoko la Modimo go thusa batho ba bangwe go tlhaloganya se Jehofa a neng a batla gore ba se dire. (Dit. 17:2, 3; 18:24, 28) Mme rona re a itse gore ditlhogo tse di mo dikgatisong tsa rona, dithulaganyo tsa JW Broadcasting®, dipuo le dibidio di theilwe mo Baebeleng. Batho ba le bantsi ba ba etelang kwa dipokanong tsa rona, ba kgatlhiwa ke tsela e batho ba ga Jehofa ba dirisang Lefoko la gagwe ka yone. Ba ba nang le dipuo kwa dipokanong ba dirisa Lefoko la Modimo fa ba ruta. Ga ba le bale fela, gape ba thusa ba ba ba reeditseng go tlhaloganya gore ba ka le dirisa jang.—Luke 24:32.
4. Gantsi mafoko “utlwa” le “reetsa” a kaya eng?
4 Gantsi fa Baebele e dirisa mafoko “utlwa” le “reetsa,” e a bo e kaya go ikobela mongwe. Ka jalo, fa Jehofa a bua le rona a dirisa Lefoko la gagwe kwa dipokanong, re kgona go tlhaloganya se a batlang gore re se dire. Ka jalo, go nna motlhofo gore re mo ikobele. Re a itse gore o a itumela fa re mo reetsa ka tlhoafalo kwa dipokanong re bo re dirisa se a re rutileng sone.—Diane 27:11.
GORENG RE TSHWANETSE GO REETSA KA TLHOAFALO FA RE LE KWA DIPOKANONG?
5. Lorato lo re rotloetsa go dira eng? (Johane 4:23, 24; 1 Johane 5:3)
5 Fa re le kwa dipokanong, re reetsa ka gonne re rata Jehofa. (Math. 22:37) Fa re ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa, re mo rata le go feta. Lorato loo, lo re rotloetsa gore re batle go mo reetsa, go mo ikobela le go mo obamela ka tsela e a re bolelelang gore re mo obamele ka yone mo Lefokong la gagwe.—Bala Johane 4:23, 24; 1 Johane 5:3.
6. Dipokano di vruta jang go thusa ba bangwe?
6 Fa re le kwa dipokanong, re reetsa ka gonne re rata batho. (Math. 22:39) Kwa dipokanong, Jehofa o re ruta go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi le batho ba ba sa mo itseng. Ka sekai, boroutšhara jwa Rata Batho—Dira Barutwa bo re thusitse go nna le dinonofo tse di re tswelang mosola mo bodireding. Fa e le gore o thatafalelwa ke go simolola motlotlo, reetsa ka tlhoafalo fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba neela dipuo mo dipokanong tsa mo gare ga beke.
7. Goreng go le botlhokwa gore re nne re ikobela Jehofa?
7 Fa re le kwa dipokanong, re reetsa ka gonne re rata botshelo. Jehofa o ile a bolelela batlhanka ba gagwe ba mo nakong e e fetileng gore fa ba batla go itumelela botshelo le go tshelela ruri, ba tshwanetse go mo ikobela. Le rona re tshwanetse go dira se se tshwanang. (Dute. 32:44-47) Fa re reetsa ka tlhoafalo kwa dipokanong, re a kgothadiwa e bile re kgona go itshokela mathata fa re ntse re letetse lefatshe le lesha. (Bar. 8:25) Go botlhokwa thata gore re ikobele Jehofa gone jaanong le gore re nne re dira ka natla mo tirong ya gagwe ka gonne re tshela mo malatsing a bofelo.—Math. 24:42-44; Tshen. 1:3.
RE KA THUSA BA BANGWE JANG GO REETSA FA BA LE KWA DIPOKANONG?
8. Goreng bakaulengwe ba ba neelang dipuo ba tshwanetse go nna ba tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go ruta?
8 Bakaulengwe ba ba rutang kwa dipokanong, segolobogolo ba ba neelang dipuo tsa phatlalatsa, ba tshwanetse go nna ba tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go ruta. Puo e e baakanyeditsweng sentle e bile e theilwe mo Baebeleng, e ka thusa batho ba e seng Basupi gore ba itse boammaaruri e bile e ka thusa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba tswelele ba le mo boammaaruring. Ba ba neelang dipuo kwa dipokanong, ba tshwanetse go gopola gore dipuo tsa bone di ka thusa batho ba bangwe. Ka jalo, fa o na le puo, o ka dirisa dintlha tse re tla tlotlang ka tsone. Le fa gone dintlha tseo di kwaletswe ba ba neelang dipuo tsa phatlalatsa, ope fela yo o neelang dipuo a ka di dirisa.—2 Tim. 4:2; Tito 1:9.
9. O ka dira eng gore batho ba ba go reeditseng ba tsamaisane le wena fa o neela puo?
9 Rulaganya dintlha tsa gago sentle. Fa o neela puo, dira gore go nne motlhofo gore bareetsi ba tsamaisane le wena. Go tla nna thata gore ba reetse ka tlhoafalo fa go na le dintlha tse dintsi tse di thata mo puong ya gago. Ka jalo, o ka dirisa dikakantsho tse di latelang go rulaganya puo ya gago sentle: (1) Di tloga fela, umaka dintlha tsa botlhokwa. (2) O se ka wa tlotla ka dintlha tseo tsotlhe ka nako e le nngwe. Go molemo gore o kgwe mowa pele o fetela kwa ntlheng e e latelang le gore o tlhalose ka tsela e e utlwalang sentle gore o fetela kwa ntlheng e nngwe. (3) Kwa bofelong jwa puo, boeletsa dintlha tseo.
10. Goreng go le botlhokwa gore o rate dintlha tse o tlotlang ka tsone?
10 Rata dintlha tse o tlotlang ka tsone. Fa o tlotla ka dintlha tse o di ratang, o tla nna matlhagatlhaga. (Diane 2:4, 5; Dit. 4:20) Gore o kgone go bona dintlha tseo, akanyetsa kwa teng ka ditemana le dintlha tse di tlhagang mo puong ya gago. Mokaulengwe mongwe wa kwa United States, yo o nang le dingwaga di feta 70 o sa ntse a gopola puo e a ileng a e utlwa fa a sa le mosha. A re: “Ke sa ntse ke gopola gore mokaulengwe o ne a re kgothaletsa go akanyetsa kwa teng fa re bala Lefoko la Modimo e bile o ne a bua a tlhatswegile pelo fa a tlhalosa gore re ka dira seo jang. Puo eo e ile ya nthusa go tokafatsa tsela e ke balang Baebele ka yone le gore ke atamalane le Jehofa.”
11. Goreng go le botlhokwa gore o neye bareetsi dikakantsho tse di tla ba thusang? (1 Timotheo 4:13-16)
11 Akanya ka se bareetsi ba se tlhokang mme o ba neye dikakantsho tse di tla ba thusang. Go na le go bua ka dintlha tse di sa ameng bareetsi, dirisa Baebele go ba kgothatsa le go ba naya dikakantsho tse di tla ba thusang. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ile a naya Timotheo dikakantsho tse di neng di tla mo thusa gore a tswelele a atamalane le Jehofa fa a dira kabelo ya gagwe kwa Efeso. (Bala 1 Timotheo 4:13-16.) Ka jalo, akanya ka dilo tse bareetsi ba di tlhokang mme o ba thuse go bona gore ba ka dirisa jang dintlha tse o ba nayang tsone.
12. Goreng go le botlhokwa gore o bue ka tsela ya tlholego fa o neela puo?
12 Fa o baakanyetsa puo, buela kwa godimo gore o kgone go bua ka tsela ya tlholego. Fa o bua ka tsela ya tlholego go na le go kwala puo yotlhe o bo o e bala, go tla nna motlhofo gore bareetsi ba reetse ka tlhoafalo le gore ba tlhaloganye se o se rutang. Boroutšhara jwa Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta jwa re: “Bua ka tsela ya tlholego e e bontshang gore o ikutlwa jang ka bareetsi le ka setlhogo sa gago.” Fa o bua ka tsela ya tlholego, bareetsi ba tla itumelela se o se buang e bile ba tla batla go se dirisa mo botshelong.
13. Goreng o tshwanetse go kopa mokaulengwe yo o nang le bokgoni jwa go ruta gore a go thuse? (Bona le setshwantsho.)
13 Kopa mokaulengwe yo o nang le bokgoni jwa go ruta gore a go thuse. O ka dira seo jang? O ka mmontsha dintlha tse o batlang go bua ka tsone, go tswa foo o bo o leka go dirisa dikakantsho tse a go neileng tsone. Gape o ka mo kopa gore a go reetse fa o ikatisa, a bo a go bolelela gore o tokafatse fa kae. (Diane 1:5) Boammaaruri ke gore ka dinako dingwe, ga re kgone go lemoga gore dintlha tse re di buang ga di utlwale sentle le gore ga di ka ke tsa thusa bareetsi. Ka jalo, re batla go tokafatsa tsela e re rutang ka yone gore re thuse bareetsi go tlhaloganya se re se rutang le gore ba se dirise.a
Kopa mokaulengwe yo o nang le bokgoni jwa go ruta gore a go thuse go tokafatsa tsela e o rutang ka yone (Bona serapa 13)
KE ENG SE SE KA RE THUSANG GO REETSA KA TLHOAFALO?
14. Goreng re tshwanetse go akanyetsa kwa teng ka tsela e mokwadi wa Pesalema 119 a neng a ikutlwa ka yone ka dikgakololo tsa ga Jehofa? (Pesalema 119:24, 111, 167)
14 Re tla reetsa ka tlhoafalo kwa dipokanong fa re gopola gore dikgakololo tsa ga Jehofa di botlhokwa thata. Re tlhoka dikgakololo tsa ga Jehofa gore re kgone go itshokela mathata mo ‘dinakong tseno tse di thata e bile di le kotsi.’ (2 Tim. 3:1) Ka jalo, fa ka dinako dingwe re akanya gore tshedimosetso e re e rutiwang kwa dipokanong e boaboelediwa gantsi, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go akanyetsa kwa teng ka tsela e mokwadi wa Pesalema 119 a neng a ikutlwa ka yone ka dikgakololo tsa ga Jehofa.—Bala Pesalema 119:24, 111, 167.
15. Ke eng se se ka re thusang gore re nne re tsaya se re se rutiwang kwa dipokanong se le botlhokwa?
15 Go botlhokwa gore re tswelele re tsaya dithuto tse re di rutiwang kwa dipokanong e le mpho e e tswang kwa go Jehofa. Baiseraele ba ne ba tshwanetse go ikutlwa jalo ka mana a Jehofa a neng a ba naya one kwa nageng. (Ekes. 16:15, 31) Kwa tshimologong, ba ne ba itumelela mana. Ba ne ba a tsaya e le mpho e e tswang kwa go Jehofa, a le monate e bile a ba thusa gore ba tswelele ba tshela. Mme fa nako e ntse e tsamaya, bangwe ba ile ba simolola go lapisiwa ke go a ja letsatsi le letsatsi. (Dipa. 21:5) Re ithuta eng? Gore ga re a tshwanela go tsaya dithuto tse di nnang di boaboelediwa kwa dipokanong di se botlhokwa. Go na le moo, re tshwanetse go di tsaya e le mpho e e tswang kwa go Jehofa e bile di le botlhokwa thata mo go rona. Gape re tshwanetse go gopola gore se re se ithutang kwa dipokanong se ka re thusa go dira ditshwetso tse di siameng le go tshelela ruri.—Diane 3:13, 16-18; Joh. 17:3.
16. Ke eng se se thusitseng batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba ba mo diretseng ka lobaka lo loleele go reetsa ka tlhoafalo kwa dipokanong? (Bona le lebokoso le le reng, “Dikakantsho Tse Di ka Go Thusang go Reetsa ka Tlhoafalo.”)
16 Re ka kgona go reetsa ka tlhoafalo kwa dipokanong fa re dirisa dikakantsho tse di latelang. Akanya ka se se thusitseng bangwe ba batlhanka ba ga Jehofa ba ba feditseng lobaka lo loleele ba mo direla gore ba reetse ka tlhoafalo kwa dipokanong. Kgaitsadi Ashley yo o nang le dingwaga di feta 30 a direla Jehofa a re: “Ke kgona go reetsa ka tlhoafalo fa ke baakanyeditse. Fa ke sa baakanyetsa, ga ke kgone go araba, e bile ke eta ka mogopolo.” Mokaulengwe József yo o nang le dingwaga di le 52 a direla Jehofa a re: “Ke itumela tota fa ke utlwa dintlha tse di nnang di boaboelediwa kwa dipokanong. Fa ke utlwa bakaulengwe ba ba farologaneng ba neela dipuo kgotsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba araba ka dintlha tseo, ke ithuta dilo tse disha. Mme fa mokaulengwe a se na bokgoni jwa go ruta, ke tlhoma mogopolo mo molaetseng o o tswang mo Lefokong la Modimo, e seng mo tseleng e a rutang ka yone.”
17. Ke eng gape se o ka se dirang gore o kgone go reetsa ka tlhoafalo kwa dipokanong? (Bona le setshwantsho.)
17 Go na le dikakantsho tse dingwe tse di ka go thusang go reetsa ka tlhoafalo kwa dipokanong. (1) O se ka wa ja thata pele ga dipokano gore o se ka wa otsela. (2) Goroga nako e sa le teng, mme o nne fa fatshe pele dipokano di simologa. (3) Dira gore founo kgotsa thabolete ya gago e se ka ya go itaya tsebe fa dipokano di tsweletse. (4) Leka go akanya ka dintlha tse sebui se tla buang ka tsone. (5) Nna o lebile sebui fa se ntse se neela puo. (6) Kwala dintlha tse dikhutshwane kgotsa o torowe ditshwantsho tse di tsamaisanang le dintlha tse go buiwang ka tsone. (7) Tlhoma mogopolo mo ditemaneng tse di balwang le gore di tsamaisana jang. (8) Ipotse go re, ‘Nka dirisa jang dintlha tseno go thusa mongwe mo phuthegong kgotsa kwa tshimong?’ (9) Pele ga kopano, iphe nako ya go akanya ka setlhogo sa letsatsi leo, lebelela ditlhogo tsa dipuo tsotlhe le ditemana tse di tsamaisanang le tsone tse di mo thulaganyong. (10) Baakanya pelo ya gago ka go nna ka tidimalo le go tlhoma mogopolo mo mminong kgotsa mo bidiong ya mmino e e tshamekiwang pele thulaganyo e simologa.
O se ka wa letla founo kgotsa thabolete gore e go iteye tsebe fa o le kwa dipokanong (Bona serapa 17)
TSWELELA O REETSA KA TLHOAFALO FA JEHOFA A RUTA
18. Goreng re tshwanetse go tswelela re reetsa ka tlhoafalo fa re le kwa dipokanong?
18 Re tshwanetse go reetsa ka tlhoafalo fa re le kwa dipokanong ka gonne fa re dira jalo re tla bo re letla Jehofa gore a re tsamaise “mo ditselaneng tsa tshiamo.” (Pes. 23:3; 31:3) Re tlhoka gore Jehofa a re kaele gore re tswelele re dira se se siameng mme re se ka ra fapoga jaaka mokoro o o phepheulwang ke phefo. Ka jalo, ‘ela tlhoko kafa o reetsang ka gone’ fa o le kwa dipokanong mme o dirise se o se ithutang. (Luke 8:18) Ba ba reetsang Jehofa, ba tla itumela gone jaanong le mo nakong e e tlang e bile ba tla newa botshelo jo bo sa khutleng mo nakong e e tlang.—Pes. 119:2, 14.
PINA 87 Tlang lo Lapolosiwe
a O ka bona dikakantsho tse di oketsegileng tse di tla go thusang go tokafatsa tsela e o rutang ka yone mo boroutšhareng jwa Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta le mo bukeng ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.