KGANG YA BOTSHELO
Ke na Le Dingwaga di le 70 ke Direla Jehofa mo Cuba
KE TSHOTSWE ka 1947 kwa setlhaketlhakeng se sentle sa Cuba. Setlhaketlhake seno se mo Lewatle la Caribbean le kopanelang gone le Lewatle la Atlantic. Moragonyana, batsadi ba me ba ile ba nna le bana ba babedi ba basetsana. Rotlhe re le batlhano re ne re nna mo motsaneng o o bidiwang Esmeralda.
Botshelo bo ne bo le monate mo motsaneng wa rona. Re ne re nna gaufi le bangwe ba masika a rona, re na le dijo tse di lekaneng e bile re itumelela botshelo.
Fa ke na le dingwaga di le tlhano, batsadi ba me ba ne ba simolola go ithuta Baebele le moreri mongwe yo o neng a le matlhagatlhaga yo o bidiwang Walton Jones. O ne a tle a tsamaye diura di ka nna lesome go ya kwa motsaneng wa rona. Nako le nako fa a tla, bontsi mo lelapeng la rona bo ne bo kopanela kwa legaeng la ga rremogolo le mmêmogolo, mme ba ne ba fetsa diura ba tlotla le ene ka Baebele. Batsadi ba me, rangwane Pedro le rakgadi Ela ba ne ba rata se ba neng ba se ithuta, mme go ise go ye kae ba ne ba kolobediwa gore e nne Basupi ba ga Jehofa. Gone jaanong rakgadi Ela o na le dingwaga di ka nna 100, mme e sa ntse e le mmulatsela mo Cuba.
Ka nako eo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba obamela Jehofa ka kgololesego mo Cuba. Batho ba mo Cuba ba ne ba re itse ka gonne re ne re rera ka ntlo le ntlo e bile re nna re tshwere dikgatiso gore re di neye batho. Gape re ne re tsamaya thata! Ke sa ntse ke gopola dinako tse di monate tsa fa ke ne ke direla Jehofa ke sa le mosha. Mme ‘dinako tsa mathata’ di ne di larile kwa pele.—2 Tim. 4:2.
MATHATA A A SIMOLOGA MO CUBA
Fa ke na le dingwaga di ka nna tlhano, Papa le rangwane ba ne ba ya kopanong kwa karolong e nngwe ya setlhaketlhake. Ka maswabi, fa ba le mo loetong loo ba ne ba tshwarwa ke letshoroma ka gonne ba ne ba nole metsi a a kgotlelegileng. Ke sa ntse ke gopola gore fa ba sena go boela gae, moriri wa ga rangwane o ne wa simolola go wa, mme o ne a tswelela a tshela. Le fa go ntse jalo, Papa ene o ne a tlhokafala. O ne a na le dingwaga di le 32.
Fa Papa a sena go tlhokafala, Mama o ne a dira tshwetso ya gore re fudugele kwa go malome kwa motsaneng wa Lombillo. Ka jalo, re ne ra kgaogana le ba masika a rona, go akaretsa rremogolo le mmêmogolo, ba re neng re ba rata thata. Mme lelapa la rona le ne la tswelela le direla Jehofa.
Ka di26 tsa August, 1957, ke ile ka kolobediwa mo letamong le le itiretsweng gaufi le Lombillo. Ke ne ke na le dingwaga di le lesome. Ke ne ke sa itse gore morago ga ngwaga le dikgwedi di se kae go ne go tla nna le diphetogo tse dikgolo tse di neng di tla ama Basupi ba ga Jehofa mo Cuba. Ka 1959, puso e e neng e busa ka nako eo e ile ya menolwa, mme go ne ga busa puso e e neng e kgothaletsa gore go nne le tekatekano mo setšhabeng.
Puso eo e ne e batla go nna le sesole se se nonofileng le masole a mantsi. Seo se ile sa ama batho ba ga Jehofa ka gonne ba sa tsenele dipolotiki. Ka jalo fa nako e ntse e tsamaya, ba ile ba latlhegelwa ke kgololesego e ba neng ba na le yone ya go obamela Jehofa. Puso e ile ya thibela Basupi go dira bodiredi le go ya dipokanong, e bile bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong. Bangwe ba ne ba nna ba itewa e bile ba timiwa dijo. Ka dinako dingwe, dijo tse ba neng ba di newa di ne di na le madi, mme Baebele ga e re letle go ja dijo tseo.
Le fa gone tiro ya rona e ne e thibetswe, re ne re nna re kopana mmogo gore re obamele Jehofa. (Baheb. 10:25) Tota e bile, re ne re tshwarela dikopano mo dipolasing kgotsa mo mafelong a a farologaneng mo nageng ya rona. Nako nngwe mokaulengwe mongwe o ile a re letla go tshwarela kopano mo lesakeng la gagwe le legolo la dinku. Ga re a ka ra kgona go le phepafatsa kgotsa go ntsha dinku mo go lone pele ga kopano. Ka jalo, re ile ra tshwara kopano re na le dinku.—Mika 2:12.
Re ne re lebogela matsapa a bakaulengwe ba neng ba a tsaya ka nako eo go re thusa gore re tswelele re nonotsha tumelo ya rona. Ka sekai, dikopano di ne di rekotelwa mo dikhaseteng go tswa foo di bo di romelelwa Basupi mo Cuba yotlhe. Ka dinako dingwe, bakaulengwe ba babedi ba ne ba baakanyetsa dipuo tsotlhe tsa kopano ba bo ba di rekota. E re ka bakaulengwe ba ne ba rekotela mo mafelong a a fitlhegileng, ka dinako dingwe re ne re tle re utlwe mekoko e lela kgotsa medumo mengwe e e kgatlhang fa thulaganyo e ntse e tsweletse. Fa kopano e ne e tshwarelwa mo lefelong le le se nang motlakase, mokaulengwe o ne a kgweetsa baesekele e e emeng e e neng e gokeletswe sedirisiwa se se fetlhang motlakase. Ka jalo, re ne re kgona go tshameka khasete, re bo re utlwa thulaganyo ya kopano. Le fa gone maemo a rona a ne a sa jese diwelang, kgotsa re se na dikgatiso tsotlhe tse bakaulengwe le bokgaitsadi mo dinageng tse dingwe ba neng ba na le tsone, re ne re na le se re se tlhokang gore re nne re atamalane le Jehofa e bile re ne re itumelela go mo direla mmogo.—Neh. 8:10.
GO NNA BABULATSELA LE GO NNA BATSADI
Fa ke le dingwaga di le 18, ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha kwa toropong ya Florida. Mo e ka nnang ngwaga moragonyana, ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa Camagüey e leng motse o o botlhokwa thata mo karolong eo ya Cuba. Fa ke le koo, ke ne ka kopana le kgaitsadi yo montle wa kwa Santiago de Cuba yo o bidiwang Emilia. Re ne ra simolola go ratana, mme dikgwedi moragonyana re ne ra nyalana.
(Ka fa molemeng) Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi sa bagolwane—kwa Camagüey, kwa Cuba, 1966
(Ka fa mojeng) Fa re ne re nyalana ka 1967
Ke ne ka simolola go bereka kwa femeng nngwe ya puso e e neng e dira sukiri. Nna le Emilia re ne re sa tlhole re kgona go nna babulatsela. Mme re ne re batla go dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirong ya ga Jehofa. Ke ile ka kopa go bereka kwa femeng go tloga ka 3:00 wa masa go fitlha ka 11:00 mo mosong. Ke ne ke sa rate go tsoga phakela, mme seo se ne se nthusa gore ke kgone go fetsa nako e ntsi mo bodireding le go ya kwa dipokanong tsotlhe le Emilia.
Ka 1969 re ile ra nna le ngwana wa rona wa ntlha wa mosimane e bong Gustavo. Bakaulengwe ba ba etelelang pele ba ile ba nkopa gore ke nne molebedi wa potologo. Ka nako eo, go ne go tlwaelegile mo Cuba gore motho a nne molebedi wa potologo le fa a na le bana. Eo e ne ya nna nako e e itumedisang thata mo botshelong jwa rona le fa re ne re nna fela re bereka. Re ne re lebogela tshiamelo e re neng re na le yone ya go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi. Fa re ntse re le mo tirong ya potologo, re ne ra nna le ngwana yo mongwe wa mosimane e bong Obed, go tswa foo ra nna le yo o bidiwang Abner mme morago ga dingwaga di le mmalwa ra nna le ngwana wa mosetsana e bong Mahely.
Fa ke akanya ka dingwaga tse re di feditseng re le mo tirong ya potologo, ke itumelela go bona kafa Jehofa a thusitseng batho ba gagwe ka gone mo Cuba. Gape o ile a re thusa go ruta bana ba rona gore le bone ba mo rate. Mma ke lo tlotlele gore botshelo bo ne bo ntse jang ka nako eo fa re ne re dira tiro ya potologo.
GO DIRA TIRO YA POTOLOGO KA NAKO YA THIBELO
E re ka tiro ya rona e ne e thibetswe, maemo a ile a nna maswe le go feta ka bo1960 le bo1970. Diholo Tsa Bogosi di ne tsa tswalwa. Barongwa ba ne ba lelekwa mo Cuba. Bakaulengwe ba le bantsi ba basha ba ne ba tshwarwa ba bo ba isiwa kgolegelong e bile ofisi ya lekala kwa Havana e ile ya tswalwa.
Re le mo tirong ya potologo ka bo1990
E re ka tiro ya rona e ne e thibetswe, re ne re kgona go etela diphuthego fela ka mafelobeke. Ka jalo, re ne re etela phuthego nngwe le nngwe mafelobeke a le mabedi. Re ne re sa tsamaye ka dithoto di le dintsi e bile gantsi re ne re dirisa baesekele. Seo se ne se dira gore mapodise kgotsa batho ba bangwe ba se ka ba belaela sepe. Re ne re dira gore go lebege e kete re etetse ba masika, e seng phuthego. Go ne go le motlhofo thata go dira jalo. Tota e bile, re ne re ikutlwa re atamalane thata le bakaulengwe le bokgaitsadi mo ka dinako dingwe re neng re tlhoka go ikgopotsa gore ke beke ya ketelo. (Mar. 10:29, 30) Le fa go ntse jalo, re ne re sa ntse re tlhoka go nna kelotlhoko. Gantsi mapodise a ne a re sala morago a bo a re botsolotsa. Fa a ne a ka itse lebaka la go bo re le koo, a ne a ka tshwara ba ba neng ba re amogetse.—Bar. 16:4.
Ka nako eo, re ile ra kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba ba neng ba le pelotshweu thata le fa ba ne ba na le madi a mannye. Go ne go na le menang e mentsi mo mafelong mangwe, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba re adima nete e e thibelang menang e ba neng ba e dirisa gore re kgone go robala monate. Ba bangwe ba ne ba re amogela le fa ba ne ba se na dijo tse di lekaneng. Tota e bile, ka dinako dingwe re ne re itlela dijo gore re ye go ja le ba ba re amogelang.
Re ne re sa kgone go tsamaya le bana ba rona botlhe fa re etela diphuthego. Ka jalo, re ne re tsamaya le ngwana a le mongwe fela mme ba bangwe ba ne ba sala le Mama le kgaitsadiake kwa gae. Tota e bile, go ne go thusa go tsamaya le lesea. Nako nngwe re ne ra fitlha dikgatiso mo bekeng ya dileiri kgotsa metseto e e leswe ka gonne re ne re itse gore ba ne ba tla tsamaela kgakala le yone.
Ke leboga Emilia thata ka go bo a ile a tsaya matsapa go tlhokomela bana ba rona le go nkema nôkeng mo tirelong ya nako e e tletseng. Mme nna ke ne ke kgona go bereka kwa femeng ke ntse ke le molebedi wa potologo. Ka dinako dingwe ke ne ke bereka diura tse di oketsegileng gangwe kgotsa gabedi mo bekeng gore ke se ka ka bereka ka mafelobeke. Mme ke ne ka dirwa mookamedi wa setlhopha ke bo ke tshwanelwa ke go bereka beke yotlhe. Ke ne nka se gane go dira jalo. Mme ke ne ka lemoga gore fa ke naya badiri ba ba mo setlhopheng sa me tiro e ba tla e dirang ka mafelobeke, ba ne ba ka se bolelele ope gore ke ile go etela diphuthego. Ga ke akanye gore bathapi ba me ba ne ba lemoga gore ke ne ke sa bereke ka mafelobeke.
KE NNA KE ITUMETSE KA NAKO YA DIPHETOGO
Kopano ya rona ya ntlha fa re sena go newa kgololesego ka 1994
Letsatsi lengwe ka 1994, bakaulengwe ba ba eteletseng pele kwa Cuba, ba ne ba kopa balebedi botlhe ba ba etang ba le 80 gore ba tle kwa pokanong e e neng e tla tshwarelwa kwa Havana. Re ne re itumeletse go kopana morago ga dingwaga tseo tse dintsi. Kwa pokanong eo, bakaulengwe ba ile ba simolola ka go re bolelela ka diphetogo tse di dirilweng mo phuthegong. Go tswa foo, ba ne ba re bolelela sengwe se se gakgamatsang. Ba ne ba re ba batla go naya balaodi maina a rona. Goreng ba ne ba batla go dira jalo?
Ba ne ba re tlhalosetsa gore ba ntse ba kopana le balaodi ba puso ka gonne ba ne ba batla gore ba dirisane le Basupi ba ga Jehofa sentle. Balaodi bao ba ne ba ba kopa gore ba ba neye maina a balebedi botlhe ba ba etang. Re ne ra dumela gore ba ba neye maina a rona. Go tloga ka nako eo, balaodi ba puso ba ne ba simolola go dirisana sentle le Basupi ba ga Jehofa.
Fa nako e ntse e tsamaya, re ile ra letliwa go tshwara dipokano le go rera re phuthologile le fa bodumedi jwa rona bo ne bo ise bo kwadisiwe semolao. Moragonyana re ne ra lemoga gore balaodi ba ne ba setse ba itse maina a balebedi bangwe ba ba etang mme ba ne ba batla fela gore re ba a bolelele.
Ka September 1994, puso e ile ya re letla gore re bule ofisi ya lekala gape. Go ne go fetile dingwaga di le 20 re sa dirise kago eo, mme jaanong re ne re kgona go boa re e dirisa.
Ka 1996 mokaulengwe mongwe o ile a re founela a re ba kopa gore re tle go direla kwa Bethele. Ke ne ke gakgametse tota mme ke ne ka bolelela bakaulengwe gore re ne re sa ntse re nna le bana ba babedi ba re neng re tlhoka go ba tlhokomela. Bakaulengwe ba ile ba akanya ka kgang eo, mme moragonyana ba re bolelela gore ba sa ntse ba batla gore re tle go direla kwa Bethele. Re ile ra dumela re bo re simolola go dira dithulaganyo tsa go fudugela kwa Havana re le lelapa.
(Ka fa molemeng) Emilia a le mo Lefapheng la go Roka mo ofising ya lekala mo Cuba, mo masimologong a bo2000
(Ka fa mojeng) Fa Holo ya Dikopano e neelwa ka 2012
Go bua boammaaruri fela, ke ne ke sa itumelele go direla mo Bethele. Ke ne ke feditse dingwaga di le dintsi mo tirong ya potologo mo e leng gore pelo ya me e ne e le fela kwa tshimong. Go bereka mo ofising go ne go nthatafalela. Mme bakaulengwe le bokgaitsadi mo Bethele, segolobogolo mosadi wa me Emilia, ba ile ba nthusa go fetola tsela e ke neng ke akanya ka yone. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ile ka simolola go itumelela go direla mo Bethele, mme le gone jaanong ke sa ntse ke itumelela go direla kwano.
(Ka fa molemeng) Kwa kalogong ya Sekolo sa Baebele sa Banyalani ba Bakeresete ka 2013
(Ka fa mojeng) Komiti ya Lekala ya mo Cuba, ka 2013
Kwa kopanong ya potologo re na le morwadiarona le monna wa gagwe
Nna le Emilia ga re tlhole re le basha. Le fa go ntse jalo, re itumela tota fa re akanya ka bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe ba re nnileng le tshiamelo ya go ba itse le go direla Jehofa le bone mo dingwageng tse di fetileng. Mme sa botlhokwa le go feta, re itumelela go bona bana ba rona le bana ba bone ba direla Jehofa. Re ikutlwa ka tsela e moaposetoloi Johane yo o neng a godile a neng a ikutlwa ka yone. O ne a re: “Ga go na sepe se se intumedisang go feta seno: go utlwa gore bana ba me ba sa ntse ba tsamaya mo boammaaruring.”—3 Joh. 4.
Nna le Emilia re setse re na le dingwaga di ka nna 30 re direla mo Bethele. Re dira sotlhe se re ka se kgonang mo dikabelong tsa rona le fa gone re setse re godile e bile re na le mathata a botsogo. Re ile ra lebana le dikgwetlho fa re ntse re direla Jehofa, mme re itumelela gore re feditse dingwaga di ka nna 70 re direla “Modimo yo o itumetseng” mo setlhaketlhakeng seno sa Cuba.—1 Tim. 1:11; Pes. 97:1.