AUGUST 3-9, 2026
PINA 113 Re Tshwanetse go Rata Kagiso
Tlotla Ditshwetso Tsa ba Bangwe
“Lo se ka lwa atlhola ba ba lebang dilo ka tsela e e sa tshwaneng le ya lona.”—BAR. 14:1.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re tlile go bona gore re ka bontsha jang gore re tlotla bakaulengwe le bokgaitsadi fa ba dira ditshwetso tse re sa dumalaneng le tsone.
1-2. Goreng ka dinako dingwe re dira ditshwetso tse di sa tshwaneng le tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba di dirang?
A GO na le mongwe yo o kileng a go tshwayatshwaya diphoso ka ntlha ya tshwetso e o e dirileng? Kgotsa a wena o kile wa tshwayatshwaya mongwe diphoso ka ntlha ya tshwetso e a e dirileng? Ga go pelaelo gore bontsi jwa rona re kile ra nna mo maemong ao.
2 Ga re a tshwanela go gakgamala fa ka dinako dingwe ditshwetso tse re di dirang di sa tshwane le tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba di dirang. Goreng? Ka gonne ga re tshwane. Mongwe le mongwe wa rona o leba dilo ka tsela e e farologaneng. Re akanya ka ditsela tse di sa tshwaneng ka ntlha ya lefelo kgotsa lelapa le re goletseng mo go lone, le dilo tse di re diragaletseng mo botshelong. Mme gone, ga re a tshwanela go letla dilo tseo gore di senye kagiso le kutlwano ya phuthego.—Baef. 4:3.
3. Ke eng se se ka dirang gore re tshwayatshwaye Mokeresetemmogo le rona phoso ka tshwetso e a e dirileng?
3 Fa Mokeresetemmogo le rona a dirile tshwetso e re sa dumalaneng le yone, re ka nna ra ikutlwa re patelesega go mmolelela gore a e fetole kgotsa ra bolelela ba bangwe gore re akanya gore o dirile tshwetso e e sa siamang. Re ka tswa re dira jalo ka gonne re amega ka ene. Re rata bakaulengwe le bokgaitsadi e bile re ba batlela se se molemo. (Diane 17:17) Ka jalo, ga re batle gore ba dire ditshwetso tse ba ka di ikwatlhaelang kgotsa tse di ka senyang botsala jwa bone le Jehofa.
4-5. Re tshwanetse go dira eng fa Mokeresetemmogo le rona a dira tshwetso e e sa tshwaneng le e re neng re ka e dira?
4 A re tshwanetse go bolelela mokaulengwe kgotsa kgaitsadi gore ga re dumalane le tshwetso e a e dirileng? Go tla ikaega ka dintlha di le mmalwa. Ka sekai, fa re lemoga gore o batla go dira sengwe se Baebele e reng se phoso, re tla leka go mo thusa gore a tlhaloganye gore Jehofa o ikutlwa jang ka tshwetso eo. Re dira jalo ka gonne re mo rata. (Diane 27:5, 6) Mme go tweng fa e le gore mokaulengwe kgotsa kgaitsadi o dira tshwetso e e sa tshwaneng le e re neng re ka e dira mme e se kgatlhanong le melao ya Modimo? Re bona karabo mo temaneng ya setlhogo. Ga re a tshwanela go ‘atlhola ba ba lebang dilo ka tsela e e sa tshwaneng le ya rona.’—Bar. 14:1.
5 Mme gone, go ka nna thata gore re amogele tshwetso e a e dirileng. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore goreng re tshwanetse go tlotla ditshwetso tse ba bangwe ba di dirang le gore re ka dira seo jang. Mme pele re dira jalo, a re tlotleng ka maemo mangwe a mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go itirela tshwetso mo go one a a ka dirang gore re tshwayatshwaye bakaulengwe le bokgaitsadi diphoso.
KE ENG SE SE KA DIRANG GORE RE TSHWAYATSHWAYE BA BANGWE DIPHOSO?
6-7. Ke dikai dife tse di bontshang gore re ka nna ra akanya gore batho ba bangwe ba dira ditshwetso tse di sa siamang?
6 Jaaka re bone mo dirapeng tse di fetileng, gantsi re akanya gore dilo di tshwanetse go dirwa ka tsela nngwe ka gonne re godile ka tsela e e rileng kgotsa ka ntlha ya dilo tse di re diragaletseng mo botshelong. Re ka nna ra akanya gore batho ba bangwe ba leba dilo jaaka re di leba, mme go sa nna jalo. Akanya ka dikai tseno. Sekai 1: Pele mokaulengwe mongwe e nna Mosupi, o ile a godisiwa ke rre yo o neng a nwa bojalwa thata. Fa a le kwa kokoanong nngwe, o bona Bakeresete ba bangwe ba nwa bojalwa. Seo se mo utlwisa botlhoko e bile o ba bolelela gore se ba se dirang ga se a siama. Sekai 2: Kgaitsadi mongwe o ne a lwala thata, mme o ile a fola. Moragonyana o utlwa gore kgaitsadi mongwe o tshwerwe ke bolwetse jo bo neng bo mo tshwere. Kgaitsadi yoo, o batla go thusa kgaitsadi yo o lwalang. Ka jalo, o mo kgothaletsa gore a dirise kalafi e ene a neng a e dirisa. Gongwe o mmolelela gore a je dijo dingwe kgotsa a batle melemo kgotsa kalafi nngwe. Sekai 3: Mokaulengwe mongwe o ne a tsena kereke. Gone jaanong ga a sa tlhole a batla go utlwa sepe ka bodumedi. Ka jalo, o a kgopisega fa a utlwa gore Mokeresetemmogo le ene o ile phitlhong kwa kerekeng.a
7 Akanya ka dikai tse dingwe gape. Sekai 4: Mokaulengwe o godile ka nako e batho ba le bantsi ba neng ba tsaya gore ga go a siama gore banna ba godise ditedu kgotsa gore basadi ba apare marokgwe fa ba ya dipokanong, dikopanong kgotsa bodireding. Mokaulengwe yono o a itse gore go sa tswa go dirwa diphetogo mo kgannyeng eno, mme o sa ntse a bolelela ba bangwe gore banna ba Bakeresete ga ba a tshwanela go godisa ditedu le gore basadi ba Bakeresete ba tshwanetse go apara mesese fa ba dira ditiro tse di amanang le kobamelo ya rona. Sekai 5: Mogolwane o itse mokaulengwe mongwe yo o neng a tsweletsa dithuto, mme moragonyana a tlogela boammaaruri. Jaanong mo phuthegong e mogolwane yoo a leng mo go yone, go na le mokaulengwe mongwe yo mosha yo o dirileng tshwetso ya go tsweletsa dithuto. Mogolwane yoo o amegile thata ka ene, e bile o leka go kgothaletsa mokaulengwe yo mosha le batsadi ba gagwe gore a se ka a tsweletsa dithuto.
8. (a) Ke eng se se ka dirang gore motsadi a tshwayatshwaye batsadi ba bangwe diphoso? (b) Go ka direga eng mo phuthegong fa re tshwayatshwaya ba bangwe diphoso?
8 Akanya ka sekai seno se se ka amang batsadi. Sekai 6: E re ka o le motsadi, o dira ka natla go godisa bana ba gago “ka go ba otlhaya le go ba kaela ka tsela e Jehofa a batlang ka yone.” (Baef. 6:4) Mme o lemoga gore batsadi ba bangwe ba letla bana ba bone go dira dilo tse wena o sa letleng ngwana wa gago gore a di dire. Ka sekai, ba ka tswa ba letla bana ba bone gore ba tle gae go setse go le bosigo, ba tshameke di-video game tse di se nang thubakanyo kgotsa ba ba rekela difouno ba sa le bannye. Seo se ka dira gore ngwana wa gago a akanye gore o mmeela melao e e gagametseng. A ka go botsa go re: “Goreng o sa tshwane le batsadi ba ditsala tsa me?” Boemo jono bo ka dira gore o tshwayatshwaye batsadi ba bangwe diphoso. Boammaaruri ke gore, fa Bakeresete ba bangwe ba dira ditshwetso tse re sa dumalaneng le tsone, re ka nna ra se ka ra utlwana le bone. Ka sekai, re ka ba tshwayatshwaya diphoso ka gore ba dirisa madi a bone jang, gore ba tsaya maeto gakae kgotsa gore ba itlosa bodutu jang. Mme gone, ga re a tshwanela go letla maikutlo ao a dira gore go se ka ga nna le kutlwano mo phuthegong.
9. Mokgele wa rona ke eng, mme re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra dira eng? (Bona le setshwantsho.)
9 Bakeresete ba ka dira ditshwetso tse di sa tshwaneng, mme seo ga se reye gore tshwetso ya yo mongwe e siame mme ya yo mongwe ga e a siama. (Bar. 14:5) Fa Baebele e re re ‘dumalane,’ e raya gore re ikobele melao ya Modimo, e seng gore re akanye ka tsela e e tshwanang mo dilong tse mongwe le mongwe a tshwanetseng go itirela tshwetso mo go tsone. (2 Bakor. 13:11) Re ka tshwantsha ditshwetso tse re tshwanetseng go itirela tsone le go ya kwa lefelong lengwe. Gantsi go na le ditsela tse di farologaneng tse re ka di dirisang go ya kwa lefelong leo. Rona re tlhopha e e re berekelang. Ka tsela e e tshwanang, re ka dira ditshwetso tse di sa tshwaneng, mme mokgele wa rona ke go itumedisa Jehofa. Ka jalo, ga re a tshwanela go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso ka ditshwetso tse ba di dirang.—Math. 7:1; 1 Bathes. 4:11.
Batho ba ba tsayang loeto ba ka dirisa ditsela tse di farologaneng gore ba goroge kwa ba yang gone. Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba ka dira ditshwetso tse di sa tshwaneng fa ba ntse ba direla Jehofa (Bona serapa 9)
GORENG RE TSHWANETSE GO TLOTLA DITSHWETSO TSA BA BANGWE?
10. Go ya ka Jakobe 4:12 ga re na tshwanelo ya go dira eng, mme ka ntlha ya eng?
10 Baebele e re naya mabaka a le mmalwa a go bo re tshwanetse go tlotla ditshwetso tse ba bangwe ba di dirang. A re tlotleng ka mangwe a mabaka ao. Ga re na tshwanelo ya go atlhola ba bangwe fa ba dira ditshwetso tse mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go di itirela. (Bala Jakobe 4:12.) E re ka Jehofa e le Moneimolao le Moatlhodi, ke ene fela a nang le tshwanelo ya go re bolelela se re tshwanetseng go se dira kgotsa se re sa tshwanelang go se dira. Ka jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ikarabelela mo go ene, e seng mo go rona. (Bar. 14:10) Ga re na tshwanelo ya go atlhola kgotsa ya go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso fa ba dira ditshwetso tse di farologaneng le tse rona re neng re ka di dira.b
11. Re ka dira eng gore go nne le kutlwano mo phuthegong? (Bona le setshwantsho.)
11 Jehofa o batla gore batlhanka ba gagwe ba dirisane ka kutlwano, e seng gore ba tshwane. Tota e bile, Jehofa o itumelela dilo tse di farologaneng. Re kgona go bona seo mo popong. Ka sekai, ga go na matlhare ape a setlhare a a tshwanang. Go ntse jalo le ka batho. Mo bathong ba feta dibilione di le robedi, ga go na batho bape ba ba tshwanang kgo, kgotsa ba ba nang le botho jo bo tshwanang. Jehofa o re bopile re farologane e bile ga a batle gore re tshwane. Mme o batla gore re dirisane ka kutlwano. Ka jalo, re dira sotlhe se re ka se kgonang gore go nne go na le kagiso fa ba bangwe ba dira ditshwetso tse di farologaneng. Selo sa botlhokwa mo go rona ke gore go nne le kutlwano mo phuthegong, go na le gore batho ba dire dilo ka tsela e re batlang gore ba di dire ka yone.—Bar. 14:19.
Jehofa o re bopile re sa tshwane, mme o batla gore re dirisane ka kutlwano (Bona serapa 11)
RE KA BONTSHA JANG GORE RE TLOTLA DITSHWETSO TSA BA BANGWE?
12-13. Re tshwanetse go nna re gopotse eng fa re akanya gore mongwe o tsere “tsela e e phoso”? (Bagalatia 6:1; bona le lebokoso le le reng, “Fa o Sa Dumalane le Ditshwetso Tsa ba Bangwe.”)
12 Fa ba bangwe ba dira ditshwetso. Ipotse go re, ‘A motho yono o tsaya “tsela e e phoso” kgotsa ke fela gore o dira tshwetso e e farologaneng le e ke neng nka e dira?’ Fa e le gore o dira sengwe se Baebele e reng se phoso, ipotse go re, ‘A ke nna ke tshwanelegang go mo thusa kgotsa ke motho yo mongwe yo o tshwanelegang go dira jalo?’ Fa e le gore o tshwanelega go mo thusa, leka go dira jalo ka bonolo. (Bala Bagalatia 6:1.) Mme gone, gantsi mongwe a ka tswa a dira tshwetso e e farologaneng le e rona re ka e dirang. Fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go mo tshwayatshwaya phoso kgotsa go bua dilo tse di sa siamang ka tshwetso e a e dirileng. Re tshwanetse go tlotla tshwanelo ya gagwe ya go itirela ditshwetso, mme re se ka ra mo atlhola.—Bar. 14:2-4.
13 Akanya ka sekai seno: Fa o ya le tsala kwa resetšhurenteng, a o ne o tla mo pateletsa gore a otare dijo tse o di otarang? Nnyaa. O ne o tla tlotla tshwanelo ya gagwe ya go itlhophela. Tota e bile, fa a ka otara dijo tse o sa di rateng, ga o tshwenyege ka gonne ga se wena o tlileng go di ja. Mme le wena, ga o ka ke wa batla gore tsala ya gago e go pateletse go otara dijo tse ene a di ratang. Ka tsela e e tshwanang, re ka bontsha gore re tlotla ba bangwe ka go ba letla gore ba itirele ditshwetso re sa ba pateletse gore ba dire dilo tse rona re di batlang.
14. O ka dira eng gore go tswelele go na le kagiso mo phuthegong? (1 Bakorintha 8:12, 13)
14 Fa o dira ditshwetso. O ka dira gore go nne le kagiso mo phuthegong ka go leka ka natla gore o se ka wa kgopisa ba bangwe. (Bala 1 Bakorintha 8:12, 13.) Ka dinako dingwe o a itse gore tshwetso e o batlang go e dira e “ka fa molaong,” mo go rayang gore e a amogelesega. Mme fa e le gore e tla kgopisa mokaulengwe wa gago, a go tla bo go siame gore o e dire?c (1 Bakor. 10:23, 24) Mo maemong ao, o ka akanyetsa mokaulengwe wa gago, mme wa se ka wa dira se o neng o batla go se dira. (Bar. 15:1) Mme gone, a ga re a re batho ba bangwe ba tshwanetse go tlotla ditshwetso tse re di dirang mo dilong tse mongwe le mongwe a tshwanetseng go itirela tshwetso mo go tsone? Gone go ntse jalo. Ba tshwanetse go tlotla ditshwetso tse re di dirang, fela jaaka le rona re tshwanetse go tlotla tse ba di dirang. Mme gone, re tshwanetse go nna re akantse ka kgakololo e Baebele e re nayang yone mo go Baroma 12:18. E a re: “Fa go kgonega, dirang sotlhe se lo ka se kgonang go agisana le batho botlhe.” Ka jalo, re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re tswelele re dirisana le ba bangwe ka kagiso e bile ga re batle go ba kgopisa.
15. Bagolwane ba ka dira jang gore go nne le kutlwano mo phuthegong? (1 Bakorintha 4:6)
15 Bagolwane ba bontsha gore ba tlotla ditshwetso tse ba bangwe ba di dirang. Bagolwane ba dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong ka go sa beye melao mo dilong tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba tshwanetseng go itirela ditshwetso mo go tsone le ka go sa ye “ka kwa ga dilo tse di kwadilweng” mo Baebeleng. (Bala 1 Bakorintha 4:6.) Gape seo se raya gore ga ba bue dilo tse di sa dumalaneng le kgakololo e e mo dikgatisong tsa rona. Mo godimo ga moo, fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a ba kopa thuso, ba nna kelotlhoko gore ba se ka ba mmolelela se bone ba se akanyang. Go na le moo, ba mo naya kgakololo e e tswang mo Lefokong la Modimo.—Isa. 48:17, 18.
16. Mogolwane a ka bontsha jang gore o tlotla ditshwetso tse setlhopha sa bagolwane di se dirang?
16 Gape mogolwane o bontsha gore o tlotla ditshwetso tse di dirwang ke setlhopha sa bagolwane. Fa bagolwane ba sena go rapelela moya o o boitshepo, ba sekaseka se Baebele e se buang ka kelotlhoko, go tswa foo ba bo ba dira tshwetso. Mogolwane mongwe le mongwe o tla ema tshwetso e e dirilweng nôkeng le fa gone a sa dumalane le yone. (Baef. 5:17) Mo godimo ga moo, bagolwane ba dirisa kaelo e ba e neilweng mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa rona, e bile ga ba leke go dira gore e dumalane le se ba se akanyang. Ka sekai, mogolwane ga a ka ke a dirisa polelwana nngwe mo setlhogong se se mo dikgatisong tsa rona go bontsha gore e dumalana le se a se akanyang, mme a bo a itlhokomolosa dintlha tse dingwe tse di mo setlhogong seo.
17. Go tla nna jang mo phuthegong fa re tlotla ditshwetso tsa ba bangwe?
17 Jaaka re bone, ga re tshwane. Re akanya ka ditsela tse di farologaneng, e bile re rata dilo tse di sa tshwaneng. Mme seo se a kgatlha! E re ka re tswa mo mafelong a a farologaneng e bile re na le botho jo bo sa tshwaneng, seo se dira gore go nne monate mo phuthegong. Ka jalo, go na le go letla gore go sa tshwane go re kgaoganye, re dirisana ka kagiso. Ga re batle go kgopisa ba bangwe. Re tlotla ditshwetso tse ba di dirang. Fa re dira jalo, Jehofa o tla segofatsa matsapa a re a tsayang. Re tla itumela, e bile go tla nna le kutlwano mo phuthegong.—Pes. 133:1; Math. 5:9.
PINA 89 Utlwa, Ikobe Mme o Segofadiwe
a Go na le dintlha tse Mokeresete a tshwanetseng go di akanyetsa ka kelotlhoko pele a dira tshwetso ya gore a o tla ya phitlhong kgotsa lenyalong kwa kerekeng. A ka bala setlhogo se se reng, “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 15, 2002.
b Ka dinako dingwe, bagolwane ba tshwanelwa ke go atlhola ba ba sa ikobeleng melao ya ga Jehofa ka gonne Jehofa a ba neile maikarabelo a go dira jalo. Ka jalo, ba dirisa Lefoko la gagwe, e seng se ba se akanyang.—Bapisa le 2 Ditiragalo 19:6.
c Bona dikai mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri! mo thuto 35, ntlha 5.