LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w26 March ts. 14-19
  • O ka Lwantsha Jang Dilo Tse Di ka Go Kgoreletsang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Lwantsha Jang Dilo Tse Di ka Go Kgoreletsang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KE DIKGORELETSI DIFE TSE RE KA LEBANANG LE TSONE?
  • JESU O NE A LWANTSHA JANG DILO TSE DI NENG DI KA MO KGORELETSA?
  • RE KA LWANTSHA JANG DILO TSE DI KA RE KGORELETSANG?
  • Ditshwetso Tse di Bontshang Gore re Ikaega ka Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Ikokobetse Fa go Na le Dilo Tse o Sa di Itseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Batla Dikarabo Tsa Dipotso Tseno
    Thulaganyo ya Kopano ya Potologo ya 2025-2026 ka Molebedi wa Potologo
  • Batla Dikarabo Tsa Dipotso Tseno
    Thulaganyo ya Kopano ya Potologo ya 2025-2026 ka Moemedi wa Lekala
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
w26 March ts. 14-19

MAY 18-24, 2026

PINA 35 ‘Lemoga Dilo Tse di Botlhokwa Thata’

O ka Lwantsha Jang Dilo Tse Di ka Go Kgoreletsang?

“Nnang lo tlhomamise gore ke eng se Jehofa a batlang gore lo se dire.”​—BAEF. 5:17.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tlile go bona gore ke eng se se ka re thusang go tlhoma mogopolo mo dilong tse di re thusang go atamalana le Jehofa le fa go na le dikgoreletsi.

1-2. A go a kgonega gore selo se se botlhokwa e nne sekgoreletsi?

A O KILE wa iteega tsebe fa o ntse o dira sengwe? Gongwe o ile wa tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore ke eng se se botlhokwa, a ke se o se dirang kgotsa se se go itayang tsebe. Ka sekai, a re re o a kgweetsa mme mongwe a bo a go founela. O ipotsa gore a motho yoo o tlhoka thuso, mme o a itse gore selo se se botlhokwa thata ka nako eo ke go tlhoma mogopolo fa o ntse o kgweetsa.

2 Rotlhe re na le dilo tse di botlhokwa tse re tlhokang go di dira. Mme gone, re a itse gore dilo tsa botlhokwa thata ke tse di re thusang go atamalana le Jehofa.a (Math. 6:33) Fela jaaka bakgweetsi ba ba kelotlhoko, batho ba ga Jehofa ba leka go lemoga dilo tse di ka ba kgoreletsang go direla Jehofa.​—Diane 4:25; Math. 6:22.

3. Setlhogo seno se tla re thusa jang?

3 Ga go na ope wa rona yo o ka itetlang go iteega tsebe ka boomo. Mme gone, go na le dilo tse dintsi tse di ka re itayang tsebe. (Luke 21:34-36) Ka jalo, go sekaseka dipotso tseno go tla re thusa gore re tswelele re dira gore go direla Jehofa go tle pele mo matshelong a rona: (1) Ke dikgoreletsi dife tse re ka lebanang le tsone? (2) Jesu o ne a dira eng gore go se nne le sepe se se mo kgoreletsang go dira thato ya ga Jehofa? (3) Re ka mo etsa jang?

KE DIKGORELETSI DIFE TSE RE KA LEBANANG LE TSONE?

4-6. Ke dilo dife tse di ka re kgoreletsang re sa lemoge?

4 Mongwe le mongwe wa rona o na le dilo di le dintsi tse di botlhokwa tse a tlhokang go di dira. Ka sekai, re ka tswa re lwala, re na le maikarabelo a lelapa kgotsa bothata bongwe. Ke boammaaruri gore dilo tseno di botlhokwa e bile di tlhoka nako ya rona. Mme gone, di ka re kgoreletsa go direla Jehofa fa e le gore re nna fela re akantse tsone e bile re fetsa nako ya rona e ntsi mo go tsone mo re felelang re se na nako kgotsa maatla a go dira sepe.

5 Mo godimo ga moo, bontsi jwa rona re ka tswa re nna mo mafelong a go tletseng dintwa, a go leng thata go dira madi a a lekaneng a go itshedisa kgotsa a a nang le malwetse a a kotsi a a anamang ka bonako. (2 Tim. 3:1) Fa re diragalelwa ke dilo tseno, re ka simolola go tshwenyega thata re bo re nna fela re akantse ka tsone.

6 O ka tswa o itse bangwe ba ba amilweng thata ke dingwe tsa ditiragalo tseo. Go a utlwala go bo dilo tseo di ile tsa dira gore ba tshwenyege thata. Jehofa o ne a sa bopela batho gore ba boge kgotsa gore ba nne fela ba tshwenyegile. Ke sone se bangwe ba akanyang gore ga ba kitla ba tsamaya ba itumela mo botshelong. Ka jalo, seo se dira gore ba fetse nako e ntsi thata ba itlosa bodutu ba leka go itebatsa mathata a bone. Re ka dira eng fa re iphitlhela re le mo maemong a a tshwanang le ao? A re boneng gore re ka ithuta eng mo go Jesu se se ka re thusang go lwantsha dilo tse di ka re kgoreletsang go baya Jehofa kwa pele.

JESU O NE A LWANTSHA JANG DILO TSE DI NENG DI KA MO KGORELETSA?

7. Ke dilo dife tse di neng di ka itaya Jesu tsebe?

7 Jesu o ne a ka itewa tsebe ke dilo di le dintsi, tse di jaaka mathata a batho ba neng ba na le one le maemo a dipolotiki. Ka nako eo, batho ba le bantsi ba ne ba humanegile e bile ba lwala. (Math. 14:14; Mar. 14:7) Baroma le Bajuda ba bangwe ba ne ba sa ba tshware sentle. Mme fa batho ba ne ba lemoga gore Jesu o ne a na le maatla e bile a kgona go dira dikgakgamatso, ba ile ba batla go mo dira kgosi. (Joh. 6:14, 15) Mo godimo ga moo, Satane o ne a raela Jesu ka go mo solofetsa gore o ne a tla mo dira mmusi wa lefatshe. Jesu o ne a ka nna a akanya gore eo e ne e le nako e e siameng ya gore a nne mmusi. (Math. 4:8, 9) Gape nngwe ya ditsala tse dikgolo tsa ga Jesu e bong moaposetoloi Petere, o ne a kgothaletsa Jesu gore a ikakanyetse. O ne a mo raya a re: “Ikutlwele botlhoko, Morena.”​—Math. 16:21, 22.

8. Ke eng se se thusitseng Jesu go lwantsha dilo tse di neng di ka mo kgoreletsa?

8 Ke eng se se thusitseng Jesu go lwantsha dilo tse di neng di ka mo kgoreletsa? O ne a thusiwa ke dilo di le tharo. Sa ntlha, o ne a akanya jaaka Jehofa. (Joh. 8:28; 14:9) Sa bobedi, o ne a tlhomile mogopolo mo tirong ya go rera le go ruta. (Math. 9:35) Sa boraro, o ne a itse gore ke eng se se neng se le botlhokwa thata. (Joh. 4:34) Ga a ka a itetla go raelwa ke Satane e bile o ne a itse gore le fa gone Petere a ne a leka go mo thusa, se Petere a neng a se akantsha se ne se sa dumalane le se Jehofa a neng a se batla. (Math. 4:10; 16:23) Jesu ga a ka a letla gore dilo tse batho ba neng ba di akanya, ba di bua kgotsa ba di dira di mo kgoreletse go dira thato ya Modimo. Ke boammaaruri gore dilo tse gompieno di ka re kgoreletsang go direla Jehofa, di ka tswa di sa tshwane le tse Jesu a neng a lebana le tsone. Mme gone, re ka kgona go fenya dikgoreletsi fa re dira dilo tse tharo tse Jesu a neng a di dira.

RE KA LWANTSHA JANG DILO TSE DI KA RE KGORELETSANG?

9. O ka thusiwa ke eng gore ‘o nne o tlhomamisa gore ke eng se Jehofa a batlang gore o se dire’? (Baefeso 5:17)

9 Ithute go akanya jaaka Jehofa. Go dira jalo go tla go thusa gore ‘o nne o tlhomamisa gore ke eng se Jehofa a batlang gore o se dire.’ (Bala Baefeso 5:17.) Go bala Lefoko la Modimo le go akanyetsa kwa teng ka se o se balang, go tla go thusa go itse gore ke eng se se itumedisang Jehofa. Le fa gone Baebele e sa bue ka bothata jo o lebaneng le jone ka tlhamalalo, o sa ntse o ka itse gore Jehofa o batla gore o dire eng. O ka thusiwa ke go ithuta Baebele gore o itse botoka tsela e Jehofa a akanyang ka yone le go ikemisetsa go dirisa se o se ithutang.

10. Ke eng se se ka re thusang go itse kafa Jehofa a akanyang ka gone?

10 Go ithuta Baebele le go sekaseka gore Jehofa o ne a dirisana jang le batho, go ka re thusa go itse kafa a akanyang ka gone. (Jer. 45:5) Fa re ntse re bala dipego tsa Baebele, re ka ipotsa jaana: ‘Seno se nthuta eng ka Jehofa? Ke tlhoka go dira diphetogo dife gore ke lebe dilo jaaka ene?’ Ke boammaaruri gore dikakanyo tsa gagwe di kwa godimo ga dikakanyo tsa rona. (Isa. 55:9) Ka jalo, go a tshwanela gore re mo kope gore a re rute go dira thato ya gagwe. (Pes. 143:10) Gape re ka mo rapela, re mo kopa gore a re thuse go tlhaloganya tsela e a akanyang ka yone le gore a re thuse go akanya jaaka ene.​—1 Joh. 5:14.

11. Jehofa ga a batle gore re dire eng?

11 Jehofa o batla gore re ipaakanyetse bokhutlo jwa lefatshe leno. Ke gone ka moo a sa batleng gore re iteege tsebe. (Math. 24:44) Ga a batle gore re tlhobaele thata. (Math. 6:31, 32) Ka jalo, o re naya dikgakololo tse di molemo gore re itse se re ka se dirang fa re simolola go tlhobaela ka botsogo, tiro, ntlo le ka lelapa. Fa re mo kopa gore a re neye botlhale le maatla a go itshokela mathata a rona, o tla dira jalo.​—Pes. 55:22; Diane 3:5-7.

12. Ke eng se se ka re thusang gore re itumele le fa gone go direga dilo tse di bosula mo lefatsheng? (Mathaio 5:3)

12 Nna o dira dilo tse di ka go thusang go atamalana le Jehofa. Rotlhe re a tle re tshwenyege ka dilo dingwe tse di diregang mo lefatsheng, tse re sa kgoneng go di laola. Ka jalo, go tlhoma mogopolo mo go direleng Jehofa, go tla re thusa gore re se ka ra itewa tsebe ke dilo tseo. Jehofa o re bopile re na le keletso ya go mo direla, ka jalo fa re tsaya matsapa go atamalana le ene, re tla itumela. (Bala Mathaio 5:3.) Re ka kgotsofatsa keletso eo ka go ithuta ka Jehofa mo Lefokong la gagwe e leng Baebele, le ka go dira sotlhe se re ka se kgonang go mo direla. Fa re dira jalo, re tla bo re itumedisa Jehofa ka gonne re tla bo re dirisa nako ya rona sentle.​—Diane 23:15.

13. Re ka ‘dirisa jang nako ya rona sentle’?

13 Re ikemiseditse ‘go dirisa nako ya rona sentle.’ (Baef. 5:15, 16; bona ntlha ya go ithuta e e reng “making the best use of your time” mo Baebeleng ya Seesemane.) Ditemana tseno ga di bue fela ka go dirisa nako ya rona sentle mo ditirong tsa rona tsa letsatsi le letsatsi. Go na le moo, di re rotloetsa go ela tlhoko kafa re dirisang nako ya rona ka gone pele bokhutlo bo tla. Re ka dirisa jang nako ya rona sentle? Fa re fetsa nako e ntsi re lebile kgotsa re reeditse dikgang tse di buang ka dilo tse dintsi tse di bosula tse di diregang, seo se ka re kgoba marapo e bile se ka re tseela maatla a re ka bong re a dirisa go direla Jehofa. Go tla bo go le botoka gore re se ka ra fetsa nako e ntsi re lebile kgotsa re reeditse dikgang. Fa re dira jalo, re tla nna le maatla le nako e e oketsegileng ya go dira dilo tse di re thusang go atamalana le Jehofa. Gape re tla bo re dira sentle fa re akanyetsa go dira mo go oketsegileng mo bodireding, jaaka go dira maeto a go boela a a oketsegileng. Re a itse gore go botlhokwa thata go dirisa tshono nngwe le nngwe go thusa batho gore “ba bolokwe mme ba nne le kitso ya boammaaruri.”​—1 Tim. 2:4.

14. Go dira dilo tse di re thusang go atamalana le Jehofa go re thusa jang? (Bona le setshwantsho.)

14 Fa re fetsa nako e ntsi re direla Jehofa, seo se tla re thusa gore re se ka ra lebala gore ke eng fa dilo tse di bosula di direga mo lefatsheng. Ga re kitla re tshwenyega thata fa go nna le dikhuduego tsa dipolotiki, fa maemo a ikonomi a nna maswe le fa malwetse a anama ka gonne re a itse gore Baebele ga e bolo go bolelela pele gore dilo tseno tsotlhe di tla direga. Go na le go letla go boifa go re itaya tsebe go sa tlhokege, re tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla fedisa mathata ao otlhe a bo a tlisa lefatshe le lesha. Fa re ntse re letetse nako eo, Jehofa o tla re thusa gore re kgone go itshoka mme seo se tla re thusa gore re nne re ritibetse.​—Pes. 16:8; 112:1, 6-8.

Banyalani ba goga kolotsana ya dikgatiso ba le pelokgale ba lebile kwa pele. Ditshwantsho: Ditshwantsho tsa dilo tse di bosula tse di diregang mo lefatsheng. 1. Batho ba le bantsi ba dira ditshupetso ba galefile. 2. Dipalopalo tsa batho ba ba tlhophileng mo ditlhophong tsa dipolotiki. 3. Masole a le kwa ntweng. 4. Seokobatsi se go dirwang melemo ka sone. 5. Tšhate e e bontshang gore khamphani e a phutlhama.

Tswelela o direla Jehofa le fa go direga dilo tse dintsi tse di bosula (Bona serapa 14)b


15. Go ‘dira ditshwetso tse di botlhale’ go tla re thusa jang? (1 Petere 4:7)

15 Nna o gopotse gore ke eng se se botlhokwa thata. Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba tshelela menate, mme ga ba akanye gore bokhutlo jwa lefatshe leno bo gaufi. Gone go ijesa monate ga go phoso, mme gore re se ka ra akanya jaaka batho ba lefatshe leno, re tlhoka go ‘dira ditshwetso tse di botlhale.’ (Bala 1 Petere 4:7.) Seo se kaya eng? Se kaya gore re tla nna tekatekano gore re se ka ra fetsa nako e ntsi re ijesa monate. Fa re dirisa nako ya rona sentle, re tla bo re bontsha gore re akanya jaaka Jehofa e bile re tlhaloganya gore ke eng se se botlhokwa thata.​—2 Tim. 1:7.

16. Re ka ithuta eng mo go se Jesu a ileng a se dira mo letsatsing le a bolailweng ka lone?

16 Jesu o ne a nna a gopotse gore ke eng se se botlhokwa thata. Tota le mo letsatsing le a bolailweng ka lone, o ne a itse gore selo sa botlhokwa thata e ne e le gore a tswelele a ikanyega mo go Jehofa le go dira thato ya gagwe. Ke gone ka moo a ileng a rapela a sa kgaotse. Mme barutwa ba gagwe bone ba ile ba thulamela. Ba ne “ba lapile ka ntlha ya khutsafalo.”​—Luke 22:39-46; Joh. 19:30.

17. Goreng batho ba le bantsi ba dirisa social media, mme e ka ba itaya tsebe jang? (Bona le setshwantsho.)

17 Fela jaaka barutwa ba ga Jesu, le rona ka dinako tse dingwe re ka ikutlwa re lapile e bile re gateletswe mo maikutlong. Dilo tse di diregang mo malatsing ano a bofelo, di ka dira gore re tlhobaele. Batho ba le bantsi gompieno ba itebatsa mathata a bone ka go fetsa nako e ntsi mo social media. Ba e dirisa go romelela ba masika le ditsala dinepe le go ba tlotlela se se diregang mo matshelong a bone. Gape ba e dirisetsa go tshameka di-game le go lebelela dibidio tse dintsintsi. E re ka go na le dilo tse dintsi tse disha mo social media, batho bano ba ka iphitlhela ba fetsa nako e ntsi le maatla a bone ba batla go itse ditiragalo tsa bosheng. Sengwe se se ka re thusang go nna tekatekano fa re dirisa social media, ke go ipotsa go re, ‘A tsela e ke dirisang social media ka yone e a ntapolosa kgotsa e dira gore ke se ka ka tlhoma mogopolo mo dilong tsa botlhokwa thata?’

Kgaitsadi o leka go bala Baebele kwa gae mme o itewa tsebe ke melaetsa e e tsenang mo founong ya gagwe e tswa mo app ya social media, ya di-movie le e a dirisang go reka dilo.

Go dira ditshwetso ka botlhale go re thusa gore re se ka ra itewa tsebe ke social media, boitlosobodutu le boitapoloso (Bona serapa 17)


18. Ke eng fa re tlhoka go dira ditshwetso tse di siameng fa re tlhopha boitlosobodutu?

18 Go siame gore ka dinako tse dingwe motho a itlose bodutu, mme gone re tshwanetse go nna botlhale fa re tlhopha gore re lebelela eng kgotsa re tshameka eng mo thelebisheneng kgotsa mo Internet. Gape re tlhoka go nna kelotlhoko gore re dirisa nako e e kana kang re itlosa bodutu. Ka sekai, fa re feditse go lebelela bidio nngwe e khutshwane e nngwe e ka tlhagelela, di bo di nna di latelana jalo, re bo re raelesega go di lebelela. Dingwe tsa dibidio tseo e ka nna tse go lowang mo go tsone kgotsa tsa boitsholo jo bo sa siamang. Seo ke se se ileng sa diragalela mokaulengwe mongwe kwa Asia. Kwa tshimologong, o ne a lebelela dibidio tse di khutshwafaditsweng tsa di-movie. Go tswa foo, o ne a lebelela dibidio tse dingwe tse di tlhagang. Mme fa nako e ntse e tsamaya, o ne a lebelela dibidio tsa boitsholo jo bo sa siamang. La bofelo, o ne a simolola go lebelela pornography. Bagolwane ba ile ba mo thusa e bile ditsala tsa gagwe le tsone di ile tsa mo ema nôkeng gore a kgone go tlogela go dira jalo. Ka sekai, o ile a phimola di-app dingwe mo founong ya gagwe le go fokotsa nako e a neng a e fetsa a dirisa founo. Se se diragaletseng mokaulengwe yono se re ruta gore go botlhokwa thata go dira ditshwetso tse di siameng fa re tlhopha boitlosobodutu.

19. Go ka direga eng fa re nnela go akanya ka boitapoloso?

19 Gape re tlhoka go dira ditshwetso tse di siameng fa re akanyetsa go itapolosa kgotsa go etela mafelo mangwe a boikhutso. Rotlhe re tlhoka go nna re ipha nako ya go ikhutsa ka gonne go dira jalo go re tswela mosola e bile go re thusa go nna le botsogo jo bo siameng. Mme gone, fa re nnela go akanya ka boitapoloso, seo se ka re jela nako ya go dira dilo tsa botlhokwa. (Bafil. 1:10) Re tshwanetse go itirela ditshwetso tsa gore re tla dira eng le gore re tla fetsa nako e kana kang re se dira. Fa re dira ditshwetso tseo, re tlhoka go ipotsa go re: ‘A nako e ke e fetsang ke itapolosa kgotsa ke etela mafelo a boikhutso e bontsha gore ke dirisa nako ya me sentle? A ke tlhomamisa gore dilo tse tota di leng botlhokwa di tla pele? A ke ipaakanyeditse “bokhutlo jwa dilo tsotlhe”?’

20. Go lwantsha dilo tse di ka re kgoreletsang go direla Jehofa go re tswela mosola jang?

20 Go lwantsha dilo tse di ka re kgoreletsang go direla Jehofa, go re tswela mosola. (Isa. 48:17) Jehofa o tla re thusa go itshokela mathata a re lebanang le one. Ga re kitla re tshwenyega thata ka dilo tse di diregang mo lefatsheng, e bile re tla tila go fetsa nako e ntsi thata re itlosa bodutu. Ka jalo, a re ikemisetseng go dira sotlhe se re ka se kgonang go akanya jaaka Jehofa, go nna re dira dilo tse di ka re thusang go atamalana le ene le go nna re gopotse gore ke eng se se botlhokwa thata. Fa re dira jalo, re tla kgona go lwantsha dilo tse di ka re kgoreletsang go direla Jehofa e bile re tla kgona go “ngangatlela botshelo jwa mmatota.”​—1 Tim. 6:19.

O KA LWANTSHA JANG DIKGORELETSI KA . . .

  • go ithuta go akanya jaaka Jehofa?

  • go nna o dira dilo tse di ka go thusang go atamalana le Jehofa?

  • go nna o gopotse gore ke eng se se botlhokwa thata?

PINA 129 Re Tla Tswelela re Itshokile

a TLHALOSO: Dilo tse di ka go thusang go atamalana le Jehofa ke sepe fela se se amanang le kobamelo ya gagwe, jaaka go ithuta Baebele, go ya dipokanong, go nna le kobamelo ya lelapa le go rera. Gape re a bo re obamela Jehofa fa re aga mafelo a re mo obamelang mo go one le go a tlhokomela, fa re thusa ba ba wetsweng ke masetlapelo, fa re ithaopela go thusa kwa dikopanong kgotsa fa re direla kwa Bethele.

b TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Banyalani ba dira tiro ya go rera go na le go itewa tsebe ke dilo tse di diregang mo lefatsheng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela