MAY 11-17, 2026
PINA 7 Jehofa ke Maatla a Rona
Tshepa Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe
“Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo, o okametse lefatshe lotlhe.”—PES. 83:18.
SE GO BUIWANG KA SONE
Setlhogo seno se tla re thusa go tshepa gore Jehofa ke Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe e bile se tla re tlhatswa pelo gore o tla re thusa fa re nna le mathata gone jaanong le mo nakong e e tlang.
1. Jobe o ile a diragalelwa ke dilo dife tse di botlhoko?
JOBE o ile a diragalelwa ke dilo tse dintsi tse di botlhoko ka tshoganyetso. O ile a tlhokafalelwa ke bana, a lwala a bo a latlhegelwa ke dikhumo tsa gagwe tsotlhe. Mo godimo ga moo, dilo tseo tse di utlwisang botlhoko, di ile tsa dira gore batho ba se tlhole ba mo tlotla. Banna ba bararo ba ba neng ba ipitsa “ditsala” tsa gagwe ba ba neng ba mo etetse, ba ne ba bua dilo tse di kgobang marapo. Tota le mosadi wa gagwe o ne a ngomogile pelo fela thata mo a neng a mmolelela gore a ‘tlhapatse Modimo mme a swe.’ (Jobe 2:9; 15:4, 5; 19:1-3) Dilo tseno tse di utlwisang botlhoko di ka bo di ile tsa dira gore Jobe a se ka a tshepa Modimo le gore a belaele gore Jehofa o sireletsa batlhanka ba Gagwe.
2-3. Fa re boga re ka nna ra akanya eng, mme re tlile go ithuta eng mo bukeng ya Jobe?
2 Re tshela mo ‘dinakong tse di thata e bile di le kotsi.’ (2 Tim. 3:1) Ka dinako dingwe, le rona fela jaaka Jobe re ka lebana le maemo a a thata a a ka dirang gore re se ka ra tlhola re tshepa Jehofa. Fa re nna le mathata a le mantsi ka nako e le nngwe, re ka ikutlwa re imetswe e bile re sa kgone go itshoka. Seo se ka dira gore bangwe ba akanye gore Jehofa ga a ba rate le gore ga a amege ka bone.
3 Fa e le gore o kile wa ikutlwa jalo, o se ka wa kgobega marapo. Jobe o ile a lemoga gore Jehofa ga a kitla a latlha batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Le rona re ka kgona go tshepa Rraarona yo o kwa legodimong ka pelo yotlhe. Gore re kgone go dira jalo, a re sekasekeng buka ya Jobe mme re bone dintlha tseno tse pedi tse e re tlhomamisetsang tsone: Ya ntlha, Jehofa ke Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe. Ya bobedi, Modimo o na le maatla a go diragatsa se a se solofeditseng e bile o sireletsa batho ba gagwe ka go ba naya se ba se tlhokang gore ba tswelele ba atamalane le ene.
SATANE O NE A TSENA KWA GO BONE
4. Go ne ga direga eng fa baengele ba phuthegile fa pele ga ga Jehofa?
4 Letsatsi lengwe, “bomorwa Modimo wa boammaaruri” ba ile ba phuthega fa pele ga ga Jehofa kwa legodimong. Baebele e a re: “Satane le ene o ne a tsena kwa go bone.” (Jobe 1:6) Leno ke lekgetlo la ntlha le Baebele e bitsang “Satane” ka leina. O bidiwa ka leina leo ka gonne o ganetsa Jehofa. Ka nako eo, Satane e ne e sa tlhole e le morwa yo o ikanyegang wa Modimo. E ne e le mmaba wa ga Jehofa, le wa baengele le batho ba ba ikanyegang. Fa Jehofa a ne a bua mafoko a a mo go Genesise 3:15, o ne a bontsha gore Satane e ne e sa tlhole e le karolo ya lelapa la Gagwe. Ka jalo, Satane ga se karolo ya lelapa la ga Jehofa la baengele, e leng “mosadi” yo “losika” lo neng lo tla tswa mo go ene.
5. Re ithuta eng mo go se se ileng sa buiwa kwa pokanong e e neng e tshwerwe kwa legodimong?
5 Jehofa o ile a dira gore se se ileng sa buiwa kwa pokanong e e neng e tshwerwe kwa legodimong, se kwalwe mo Baebeleng. Se Satane a ileng a se bua se re bontsha gore o bosula e bile ke moaki. (Jobe 1:9; bapisa le Tshenolo 12:10.) Pokano eo e re tlhomamisetsa gore tsela e Jehofa a dirisang maatla a gagwe ka yone e bontsha gore ka metlha se a se dirang se siame le gore o rata tshiamiso. Gape e re bontsha gore Mothatayotlhe ga a letlelele gore batho ba lekwe go feta selekanyo.
JEHOFA GA A LETLE GORE BATHO BA LEKWE GO FETA SELEKANYO
6. Jehofa o ile a bontsha jang gore o na le taolo kwa pokanong e e neng e tshwerwe kwa legodimong? (Jobe 1:7, 8)
6 Bala Jobe 1:7, 8. Jehofa o ile a bontsha gore ke ene a neng a dira tshwetso ya gore pokano eo e tla tsamaya jang. O ne a botsa Satane a re: “A o etse tlhoko motlhanka wa me e bong Jobe?” Jehofa o ne a itse gore Satane o ne a batla go tlhasela Jobe. A re boneng gore Jehofa o ile a dirisa jang maatla a gagwe go thusa Jobe.
7. Go ya ka Jobe 1:10 le 11, Satane o ile a re ke eng fa batho ba direla Jehofa?
7 Bala Jobe 1:10, 11. Jehofa ke Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe mme o dirisa taolo le maatla a gagwe sentle mo maemong mangwe le mangwe. (Jer. 32:17; Dan. 4:35) Mme gone, Satane o ile a re Jehofa ga a dirise maatla a gagwe sentle. Tota e bile, o ne a re Jehofa o naya batho ba ba jaaka Jobe dilo tse dintsi tse dintle gore ba mo direle. Gape Satane o ne a re batho ba direla Jehofa fela gore a ba neye dilo dingwe. Jehofa o ile a dira eng?
8-9. Jehofa o ile a naya Satane taelo efe, mme ka ntlha ya eng? (Jobe 1:12) (Bona le setshwantsho.)
8 Bala Jobe 1:12. Jehofa o ile a letla Satane gore a bontshe gore a se a neng a se bua ka Jobe se boammaaruri. Mme gone, o ile a naya Satane taelo eno: “O se ka wa mo dira sepe!” Baengele botlhe ba ba neng ba le mo pokanong eno ba ne ba reeditse fa Jehofa a ne a naya Satane taelo eo. Satane o ne a tshwanetse go e ikobela. O ne a se na maatla a go leka Jobe go feta kafa Jehofa a neng a mo letlile ka gone. Le gompieno ga a ka ke a leka batho go feta selekanyo. Ka jalo, Jehofa o ne a dirisa maatla le taolo ya gagwe go sireletsa Jobe le go bontsha gore ke Modimo yo o tshiamo le yo o lorato.
9 Maiteko ao a ga Satane a ile a itaya sefololetse. Jobe o ile a tswelela a ikanyega mo go Rraagwe yo o kwa legodimong. (Jobe 1:22) Mme gone, Satane o ne a ise a fetse ka Jobe.
Jehofa o ile a letla Satane gore a bue kgang ya gagwe baengele ba reeditse (Bona serapa 8-9)
10. Goreng Jehofa a ile a letla Satane gore a leke Jobe gape? (Jobe 2:2-6)
10 Bala Jobe 2:2-6. Mo lekgetlong leno, Satane o ne a batla go utlwisa Jobe botlhoko le go feta gore a tlogele go direla Jehofa. Satane o ile a re Jobe o ne a tla tlhapatsa Modimo gore a boloke botshelo jwa gagwe. Go bontsha gore se Satane a neng a se bua ke maaka, Jehofa o ile a mo letla gore a lwatse Jobe. Mme le mo lekgetlong leno, Jehofa o ile a mo naya taelo. O ne a mo raya a re: “O se ka wa mmolaya!” Satane o ne a tshwanetse go ikobela taelo eo. Gape re a lemoga gore Mogodimodimo o ne a ka se letle Satane gore a leke Jobe go feta selekanyo.
JEHOFA O FEDISA DITEKO TSA GA JOBE
11. Fa Jehofa a sena go fedisa diteko tsa ga Jobe, o ile a mo segofatsa jang? (Jobe 42:10-13)
11 Bala Jobe 42:10-13. Go ne go bonala sentle gore Jobe o ne a tla tswelela a ikanyega mo go Jehofa. Ka jalo, Jehofa ga a ka a letla Satane gore a mo tlhasele gape. Jehofa o ile a fedisa mathata otlhe a ga Jobe. Satane o ne a se na maatla a go thibela Jehofa go sireletsa Jobe le go mo segofatsa.
12. Ke eng se Jehofa a ileng a se direla batlhanka ba gagwe ba ba neng ba tshepa gore o tla ba boloka?
12 Mo malatsing ano a bofelo, Jehofa o dirisitse maatla a gagwe go thusa batlhanka ba gagwe ba le bantsi. Ka sekai, ka 1945 Basupi ba ga Jehofa ba le 230 ba ile ba laelwa gore ba tseye mosepele o moleele e bile o le kotsi ka dinao go tswa kwa kampeng ya pogisetso kwa Germany go ya kwa lewatleng gore ba bolawe. Mme gone, ga go na ope wa Basupi bao yo o ileng a swa. Ba ile ba kwala pego eo e e utlwisang botlhoko mo pampitshaneng. Ba ne ba re: “Re kgabagantse nako e telele le e e thata ya teko, mme ba ba falotseng ba swatotswe mo boubelong jwa molelo jaaka fa go ka tualo, ga ba na le monkonyana wa molelo. . . . Go na le moo, ba na le nonofo le maatla a magolo a ba a bonang mo go Jehofa.” Gape ba ne ba re: “Fa re sena go tswa mo mongobong wa ditau, . . . keletso ya rona e le nngwe fela ke gore re tswelele re direla Jehofa . . . ka bosakhutleng. Eo e tla bo e le tuelo e e di gaisang tsotlhe e re ka e newang.”—Bapisa le Daniele 3:27; 6:22.
13. O ka tlhomamisega ka eng fa o na le mathata? (Bona le ditshwantsho.)
13 Le rona re ka lebana le mathata a a boima jaaka e kete re latlhetswe mo mongobong wa ditau. (1 Pet. 5:8-10) Ka dinako dingwe, re ka kgobega marapo thata re bo re ipotsa gore a mathata a rona a tla fela. Fa seo se direga, go akanya ka se se diragaletseng Jobe go ka re thusa. Re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o na le maatla a go fedisa mathata a rona e bile o tla dira jalo gone jaanong kgotsa kwa lefatsheng le lesha. Jehofa o beile nako e a tla fedisang lefatshe leno le le bosula ka yone, e bile a ka se letle gore nako eo e fete!
Jehofa o tla tlosa dilo tsotlhe tse di bogisang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang (Bona serapa 13)
JEHOFA O RATA BATLHANKA BA GAGWE BA BA IKANYEGANG
14-15. Jehofa o ikutlwa jang ka go duela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang? (Jobe 14:15) (Bona le setshwantsho.)
14 Bala Jobe 14:15. Rraarona yo o kwa legodimong o ikanyega mo bathong ba ba ikanyegang mo go ene. O ba rata thata jaana mo e leng gore fa ba ka swa, o tla ba tsosa. O tla tlosa kutlobotlhoko e e bakiwang ke loso.—Isa. 65:17.
15 Le fa gone Jobe a ne a tshela mo lefatsheng leno le le bosula la ga Satane, Baebele e re bolelela gore Jehofa o ile a mo fodisa a bo a mo naya dilo tse di fetang tse a neng a na le tsone pele Satane a mo leka. Dilo tseo di ne di bontsha se Jehofa a tla se direlang Jobe mo nakong e e tlang. Jehofa o bontshitse gore o batla gore batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba itumele le gore ba tshele monate. Tota e bile, o batla go naya batlhanka ba gagwe botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. (Tshen. 21:3, 4) E re ka e le Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe, o na le keletso ya go dira jalo. Ruri seno se a re gomotsa fa re lebana le mathata!
Fa Jobe a sena go diragalelwa ke dilo tse di botlhoko, Jehofa o ile a segofatsa ene le mosadi wa gagwe (Bona serapa 14-15)
16. Re na le lebaka lefe gape la go tshepa Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe e bong Jehofa?
16 Tota le fa Jehofa a ile a naya Jobe botshelo jo boleele, Jobe o ile a feleletsa a sule. Mme gone, e re ka Jehofa e le Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe e bile e le Mothatayotlhe, o na le maatla a go tsosa baswi. (Dute. 32:39) Ka jalo, ga go na ope yo o ka mo thibelang go tsosa batho ba a ba ratang. O tla dira jalo ka nako e a e beileng.—Bar. 8:38, 39.
TSHEPA JEHOFA KA BOTLALO
17. Ke eng se se bontshang gore maiteko a ga Satane a go fedisa batho ba ga Jehofa ga a atlega?
17 Pego ya ga Jobe e re naya mabaka a a utlwalang a go tshepa Jehofa. Ruri re lebogela gore maano a ga Satane a go fedisa batho ba ga Jehofa ga a atlega! Re a itse gore Jehofa ke Mogodimodimo ka gonne gompieno batho ba ka nna dimilione di le robongwe ba mo direla ka boikanyegi. Gangwe le gape dipuso di le dintsi le baeteledipele ba bodumedi ba leka go thibela batho ba ga Jehofa go mo obamela le go rera dikgang tse di molemo, mme ga ba kgone go dira jalo ka gonne Jehofa o a ba thusa. (Isa. 54:17) Ga go na sepe se se ka re thibelang go bolelela batho ba bangwe gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri le gore Satane ke moaki e bile ke mmolai. Tota le loso ga lo ka ke lwa kgona go dira jalo ka gonne Jehofa o tla tsosa ope fela yo o tlhokafalang a ikanyega mo go ene.—Hos. 13:14.
18. Goreng re sa tshwanela go boifa se se tla diregang mo nakong e e tlang?
18 Go akanyetsa kwa teng ka pego ya ga Jobe, go tla re thusa gore re tshepe le go feta gore Jehofa o tla re thusa fa re ka lebana le mathata mo nakong e e tlang. Ka jalo, ga re tlhoke go boifa. Ka nako ya pitlagano e kgolo, Satane le madimona ba tla akanya gore go motlhofo go tlhasela batho ba ga Jehofa. Mme gone, e re ka Jehofa e le Mothatayotlhe, o tla thusa batho ba gagwe jaaka a ile a thusa Jobe. Ga a kitla a letla Satane gore a ba fedise gotlhelele. Go ise go ye kae, Jehofa o tla fedisa mathata otlhe a Satane a re baketseng one. Jesu o tla latlhela Satane mo khuting e e kwa tengteng ka dingwaga di le 1 000. (Luke 8:31; Tshen. 20:1-3) Morago ga dingwaga tseo tse 1 000, Satane le botlhe ba ba mo letlhakoreng la gagwe ba tla fedisiwa fela jaaka Jehofa a buile.—Gen. 3:15; Bar. 16:20; Tshen. 20:10.
19. Jehofa o tla segofatsa jang ba ba mo tshepang? (Bona le setshwantsho.)
19 Re lebile pele go tshela kwa lefatsheng le le lesha go se na boleo e bile re itumetse. Botshelo bo tla bo bo le monate. Jehofa a re: “Ke dira dilo tsotlhe disha.” (Tshen. 21:5) Seo se kaya eng? Morago ga dingwaga tse dintsintsi, e tla bo e le lekgetlo la ntlha Satane le madimona a gagwe ba sa kgone go utlwisa batho botlhoko e bile ba sa kgone go dira dilo tse di bosula. Eo e tla bo e nako e e itumedisang tota! Ga o kitla o tlhola o tlhorwa boroko ke dilo tse di diregang mo lefatsheng. Ba ba tla bong ba falotse Aramagedona ba tla bona dikgakgamatso di le dintsi. Batho ba ba lwalang ba tla fodisiwa e bile baswi ba tla tsosiwa. Re tla itumelela go tshela botshelo jo Rraarona yo o kwa legodimong a neng a batla gore re bo tshele!
Jehofa o tla segofatsa batlhanka ba gagwe ba ba itshoketseng diteko mo nakong e e fetileng (Bona serapa 19)
20. O ikemiseditse go dira eng?
20 Re tla tlhoka go nna pelokgale gore re tswelele re ikanyega fa re lebana le diteko mo malatsing ano a bofelo. Ka jalo, a re ikemiseditseng go tshepa Jehofa le go mo ikobela. Re batla go tswelela re bontsha gore re rata Rraarona e bong Jehofa le go bontsha gore Satane ke moaki. Re ka tlhatswega pelo gore fa re nna re ikanyega mo go Jehofa e bong Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe, re tla nna le bokamoso jo bo itumedisang ka gonne Jehofa o batla go duela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang e bile ga re belaela gore o tla dira jalo!
PINA 153 Mphe Bopelokgale!