Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka Sedimonthole 29, 2014.
Re leba jang taelo e e mo go Duteronome 14:1 e e thibelang motho go itshegakaka fa a hutsafalela motho yo o tlhokafetseng? [Ngw. 3, w04 9/15 ts. 27 ser. 5]
Ke ka ntlha yang fa dikgosi tsa Iseraele di ne di tshwanetse go itirela khopi ya Molao wa Modimo le go o ‘bala malatsi otlhe a botshelo jwa tsone’? (Dute. 17:18-20) [Ngw. 3, w02 6/15 ts. 12 ser. 4]
Ke ka ntlha yang fa go twe “o se ka wa lema ka poo le esele mmogo,” mme taelo ya go sa pataganele jokwe e le mo go sa lekalekaneng e ama Bakeresete jang? (Dute. 22:10) [Ngw. 10, w03 10/15 ts. 32]
Ke eng fa go tsaya “lelwala kgotsa tshilo ya lone e le sebeelo” go ne go sa letlelelwa? (Dute. 24:6) [Ngw. 17, w04 9/15 ts. 26 ser. 3]
Baiseraele ba ne ba tshwanetse go nna le boikutlo bofe gore ba nne kutlo, mme ke eng se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go direla Jehofa? (Dute. 28:47) [Ngw. 24, w10 9/15 ts. 8 ser. 4]
Ke dilo dife tse tharo tsa konokono tse di umakiwang mo go Duteronome 30:19, 20 tse re tshwanetseng go di dira gore re bone botshelo? [Ngw. 24, w10 2/15 ts. 28 ser. 17]
A re tshwanetse go bala mafoko otlhe go simolola ka Genesise go fitlha ka Tshenolo ka lentswe le le kwa tlase? Tlhalosa. (Josh. 1:8) [Sed. 8, w13 4/15 ts. 7 ser. 4]
“Kgosana ya lesomo la ga Jehofa” e go buiwang ka yone mo go Joshua 5:14, 15 ke mang, mme pego eno e ka re kgothatsa jang? [Sed. 8, w04 12/1 ts. 9 ser. 2]
Ke eng se se neng sa dira gore Akane a leofe, mme re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe se se bosula? (Josh. 7:20, 21) [Sed. 15, w10 4/15 ts. 20-21 ser. 2, 5]
Sekao sa ga Kalebe se ka re kgothatsa jang gompieno? (Josh. 14:10-13) [Sed. 29, w04 12/1 ts. 12 ser. 2]