Buelela Setlhogo se le Sengwe Mme o Tsamaise Dimakasine Tsoopedi
Dimakasine tsa rona di na le ditlhogo tse di farologaneng tse di kgatlhang. Go na le go buelela ditlhogo di le mmalwa fa kgorong, gantsi go botoka go tlotla ka setlhogo se le sengwe fela. Fa re le kelotlhoko e bile re itse se dimakasine tsa rona di buang ka sone, re ka tlhopha setlhogo sengwe go tswa mo makasineng wa Tora ya Tebelo kgotsa wa Tsogang! se se tla kgatlhang mong wa ntlo. Ka sekai, fa re bona ditshamekisi tsa bana mo ntlong kgotsa ka kwa ntle, re ka nna ra tlhopha go buelela setlhogo se se buang ka botshelo jwa lelapa. Fa rre wa lelapa e le ene a re bulelang kgoro, re ka nna ra swetsa ka gore re buelele setlhogo se banna ba le bantsi ba se kgatlhegelang, jaaka puso e e siameng. Le fa re ka tswa re tlotla ka setlhogo se le sengwe fela, re tshwanetse go tsamaisetsa mong wa ntlo dimakasine tsoopedi fa a bontsha kgatlhego.