LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/13 ts. 2
  • Ke Mang yo o Tla Kgatlhegelang Seno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang yo o Tla Kgatlhegelang Seno?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dirisang Dimakasine Tsa Rona ka Tsela e e Molemolemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Buelela Dimakasine mo Tshimong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Iphe Nako ya go Tsamaisa Dimakasine
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tlhopha Ditlhogo Tse di Tla Kgatlhang Batho ka Tsela e e Kgethegileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
km 5/13 ts. 2

Ke Mang yo o Tla Kgatlhegelang Seno?

1. Fa re bala dimakasine tsa rona tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! re tshwanetse go akanya ka eng, mme ka ntlha yang?

1 Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di baakanyeditswe go akantswe ka tshimo ya lefatshe lotlhe. Ka jalo, ditlhogo tsa tsone di bua ka dikgang tse di farologaneng. Fa re ntse re bala setlhogo sengwe le sengwe mo dimakasineng tsa rona, re tshwanetse go akanya gore se ka kgatlha mang mme re bo re tlhomamisa gore re e tsamaisetsa motho yoo.

2. Ke ditlhogo dife tse di le teng mo dimakasineng tsa rona tse di ka kgatlhang batho ba bangwe?

2 A Tora ya Tebelo ya bosheng e tlotla ka setlhogo sa Baebele se wena le modiri ka wena lo kileng lwa tlotla ka sone? A go na le setlhogo se se buang ka botshelo jwa lelapa se se ka thusang mongwe wa losika? A go na le mongwe yo o mo itseng yo o rulaganyang go etela naga nngwe e go kileng ga tlotliwa ka yone mo makasineng wa Tsogang!? A nngwe ya dimakasine tseno e ka kgatlha borakgwebo kgotsa mekgatlho mengwe ya puso e e mo tshimong ya lona? Ka sekai, makasine o o buang ka dikgwetlho tse bagodi ba lebanang le tsone o ka kgatlhegelwa thata kwa mafelong a ba tlhokomelwang kwa go one. Mekgatlho e e tlhomamisang gore melao e a latelwa e ka kgatlhegela makasine o o buang ka bokebekwa.

3. Anela maitemogelo a a bontshang botlhokwa jwa go tsamaisa dimakasine tse di rileng mo bathong ba re akanyang gore ba tla kgatlhegela se di se buang.

3 Diphelelo: Morago ga gore banyalani bangwe ba mo Afrika Borwa ba amogele Tsogang ya October 2011 e e nang le setlhogo se se reng “Kafa o ka Godisang Bana ba ba Nang le Maikarabelo ka Teng,” ba ne ba leletsa dikolo di le 25 tse di mo tshimong ya phuthego ya bone. Di le 22 di ne tsa amogela dikhopi mme tsa newa baithuti. Banyalani ba bangwe ba naga eno, ba ne ba akantse go dira se se tshwanang mme ba tsamaisetsa dikolo tse di mo tshimong ya bone dimakasine tseo. Barutabana ba sekolo sengwe ba ne ba swetsa ka gore ba dirise makasine oo mo dithutong tsa bone tsa beke le beke. Banyalani bao ba ne ba tlotlela molebedi wa potologo maitemogelo a bone. Mme ene o ne a kgothaletsa diphuthego tse di mo potologong ya gagwe go ya kwa dikolong tse di mo tshimong ya bone. Ofisi ya lekala e ne ya amogela diotara tse di oketsegileng tsa makasine ono mo e leng gore o ne wa tshwanelwa go gatisiwa gape!

4. Ke ka ntlha yang fa re batla go tsamaisetsa batho ba le bantsi dimakasine?

4 Dimakasine tsa rona di tlotla ka bokao jwa mmatota jwa dilo tsa bosheng tse di diragalang di bo di lebisa batho mo Baebeleng le mo Bogosing jwa Modimo. Ke tsone fela dimakasine mo lefatsheng lotlhe tse di “itsiseng poloko phatlalatsa.” (Isa. 52:7) Ka jalo, re batla go di tsamaisetsa batho ba le bantsi ka mo re ka kgonang ka teng. Tsela e e molemo ya go dira seno ke ka go ipotsa gore, ‘Ke mang yo o tla kgatlhegelang seno?’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela