Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka June 24, 2013. Letlha le ntlha nngwe le nngwe e sekasekilweng ka lone le akareditswe e le gore go dirwe patlisiso fa go baakanyediwa sekolo sa beke nngwe le nngwe.
1. Jesu o ne a kaya eng ka mafoko a a a buileng mo go Johane 3:14, 15 a a reng: “Fela jaaka Moshe a ne a tsholetsa noga kwa nageng, Morwa motho o tshwanetse go tsholediwa jalo”? [May 6, it-1-E ts. 505]
2. Balatedi ba ga Keresete ba bona botshelo leng mo go bone, kgotsa ba tsena leng mo botshelong jo bo feletseng? (Joh. 6:53) [May 13, w03 9/15 ts. 31 ser. 3]
3. Tlhalosa kafa Jesu a ileng a itsise Rraagwe mo bathong ba ba sa itekanelang ka teng. (Joh. 8:28) [May 20, w11 4/1 ts. 7 ser. 3]
4. Re ithuta eng ka go “tsholola dikeledi” ga ga Jesu fa tsala ya gagwe Lasaro a ne a sule? (Joh. 11:35) [May 20, w08 5/1 ts. 24 ser. 3-5]
5. Jesu o ne a ruta thuto efe e e molemo fa a ne a tlhapisa dinao tsa barutwa ba gagwe? (Joh. 13:4, 5) [May 27, w99 3/1 ts. 31 ser. 1]
6. Moya wa Modimo o ka nna jang kaelo e re ka tlhomamisegang gore e tla re thusa? (Joh. 14:26) [May 27, w11 12/15 ts. 14-15 ser. 9]
7. Mo go Johane 21:15, fa go buiwa ka “tseno” go buiwa ka eng, mme re ka ithuta eng mo go seo? [June 3, w08 4/15 ts. 32 ser. 11]
8. Go ya ka Ditiro 2:44-47 le Ditiro 4:34, 35, Bakeresete ba tla bo ba dira sentle fa ba etsa moya o o ntseng jang? [June 10, w08 5/15 ts. 30 ser. 5]
9. A Setefane o ne a rapela Jesu mo pegong e e mo go Ditiro 7:59? [June 17, w08 5/15 ts. 31 ser. 2]
10. Re ka etsa jang sekao se se molemo sa ga Barenabase mme re ka solegelwa molemo jang ke go dira jalo? (Dit. 9:26, 27) [June 24, bt ts. 65 ser. 19]