Fa Mong wa Ntlo a Bua Puo e Sele
1. Ke ka ntlha yang fa go na le tlhokego e e oketsegileng ya go dirisana mmogo fa lo bereka mo tshimong e le nngwe?
1 Go ralala lefatshe, gantsi baboledi ba Bogosi ba kopana le batho ba ba kgatlhegang ba ba buang puo e e seng ya phuthego ya bone. E le go thusa batho ba ba ntseng jalo semoyeng, makala a mantsi a bone go le botlhokwa gore a dire ditlhopha tsa dipuo le diphuthego. E re ka go ka buiwa dipuo di le mmalwa mo lefelong le le lengwe, diphuthego di le mmalwa tsa dipuo tse di farologaneng di ka nna tsa rera mo tshimong e le nngwe. Diphuthego di ka dirisana jang e le gore di kgone go dira gore tiro ya go rera e dirwe ka thulaganyo?—1 Bakor. 14:33.
2. Fa re rera ka ntlo le ntlo re ka dirisana jang le setlhopha kgotsa phuthego e e buang puo e sele mo lefelong la rona?
2 Go Dirisana Mmogo ka Tsela e e Molemo: Fa mmoledi a dira tiro ya mmila kgotsa fa a rera a se mo bodireding, o tshwanetse go ikutlwa a gololesegile go bua le mongwe le mongwe, go akaretsa le batho ba ba sa bueng puo ya gagwe, mme a bo a ba naya dikgatiso tsa puo e motho yoo a e balang. Le fa go ntse jalo, fa mmoledi a tsamaya ka ntlo le ntlo mo tshimong e e berekwang ke setlhopha kgotsa phuthego nngwe e e buang puo e sele, o tshwanetse go tlhoma mogopolo wa gagwe mo matlong a batho ba ba buang puo ya phuthego e a leng mo go yone. Fa diphuthego tse di farologaneng di rera mo lefelong le le lengwe go botlhokwa thata gore go nne le rekoto e e siameng. Balebedi ba tirelo ba tshwanetse go buisana le go rulaganya dilo ka tsela e e tla solegelang botlhe molemo. (Dia. 11:14) Le fa go ntse jalo, fa mmoledi a kopana le mongwe yo o buang puo e sele fa a tsamaya ka ntlo le ntlo mme go se na diphuthego tse di buang puo ya motho yoo fa gaufi, o tshwanetse a leka go neela bosupi le go tswelela a thusa motho yo o nang le kgatlhego.
3. Re tshwanetse ra itshwara jang fa re kopana le mmoledi yo mongwe yo o tswang kwa setlhopheng kgotsa kwa phuthegong e e buang puo e sele a bereka tshimo e le rona re e berekang?
3 Ke Tiro e e Tshwanang: Go tshwanetse ga dirwa eng fa go ka direga gore baboledi ba diphuthego tse di farologaneng ba bo ba rera mo lefelong le le lengwe ka letsatsi le le lengwe? Gone mme, lorato lwa Bokeresete lo tshwanetse go tla pele ga kgang ya go farologana ga dipuo mme botlhe ba tla amega ka dilo tse batho ba mo tshimong ya bone ba di tlhokang. (Joh. 13:34, 35) Ka jalo, ba ba etelelang pele ba tla bontsha go akanyetsa ba bangwe le lorato fa ba swetsa gore setlhopha sengwe se dire kwa tshimong e nngwe ka nakwana.—Jak. 3:17, 18.
4. Ke boporofeti bofe jo bo diragadiwang gompieno?
4 Baebele e ne ya porofeta gore batho ba diteme tse di farologaneng ba ne ba tla utlwa dikgang tse di molemo. (Tshen. 14:6, 7) Ka go dirisana mmogo ga mongwe le mongwe yo o nnang le seabe, go tla tilwa gore baboledi ba ba farologaneng ba tsene mo ntlong e le nngwe mme batho ba le bantsi ba basha ba tla kgona go bolelelwa dikgang tse di molemo, go akaretsa le ba ba buang puo e sele.—Baef. 4:16.