Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka June 30, 2008. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya May 5 go fitlha ka June 30, 2008. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di se nang ditshupiso, o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso go bona dikarabo.—Bona buka ya Sekolo sa Bodiredi, tsebe 36-7.]
BOKGONI JWA GO BUA
1. Ke eng se re ka se dirang go tlhomamisa gore bareetsi ba tlhaloganya ditshwantsho tse re di dirisang? [be-TN ts. 242 ser. 3–ts. 243 ser. 1]
2. Ke ka ntlha yang fa go le molemo go dirisa ditshwantsho tse di sa raraanang ka dilo tse bareetsi ba di itseng? [be-TN ts. 245 ser. 2-4]
3. Go dirisa sentle dilo tse bareetsi ba di bonang go botlhokwa go le kana kang, mme Jehofa o ne a di dirisa jang go ruta batlhanka ba gagwe dithuto tsa botlhokwa? (Gen. 15:5; Jer. 18:6; Jona 4:10, 11) [be-TN ts. 247 ser. 1-2]
4. Re ka dirisa jang dilo tse bareetsi ba kgonang go di bona go tokafatsa tsela e re rutang ka yone? [be-TN ts. 248 ser. 1-3]
5. Re ka dirisa dimmapa jang ka tsela e e molemo fa re ruta diithuti tsa Baebele? [be-TN ts. 248 ser. 4]
PUO NO. 1
6. Ka thuso ya moya o o boitshepo wa Modimo, go ithuta Baebele go ka re thusa go lemoga eng? [be-TN ts. 32 ser. 3-4]
7. Re ka dirisa Baebele ka boyone jang go batlisisa bokao jwa temana nngwe? [be-TN ts. 34 ser. 4–ts. 35 ser. 2]
8. Efangele ya ga Johane e gatelela jang seabe sa ga Jesu sa go nna ene yo Jehofa a mo dirisang go tlisetsa batho masego? [si-TN ts. 198 ser. 32]
9. Ke mabaka afe a Dikwalo a a tshegetsang kgang ya gore ngaka Luke ke ene a kwadileng buka ya Ditiro? [si-TN ts. 199 ser. 3; ts. 200 ser. 5-7]
10. Ka kakaretso, ke dikgato dife tse o ka di tsayang fa o dira aotlelaene ya puo? [be-TN ts. 39-41]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. Ke tempele efe ‘e e neng ya agiwa mo dingwageng di le masome a manè le borataro’? (Joh. 2:20) [w08-TN 4/15 “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Johane”]
12. Ke bomang ba ba ‘kgabaganyang go tswa losong go ya botshelong’? (Joh. 5:24, 25) [w08-TN 4/15 “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Johane”]
13. Ke eng fa mo go Johane 14:16, 17 go dirisiwa leemedi “o” fa go buiwa ka mothusi, kana moya wa boammaaruri, mme mo go Johane 16:7, 8, 13, 14 go dirisiwa maemedi “a” le “mo”? [w08-TN 4/15 “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Johane”]
14. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a raya Marea Magadalena a re a tlogele go mo tlamparela? (Joh. 20:17) [w08-TN 4/15 “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Johane”]
15. Go tla ga ga Jesu “ka mokgwa o o tshwanang” le o a tlhatlogetseng kwa legodimong ka one go kaya eng? (Dit. 1:9-11) [rs-TN ts. 165 ser. 2; it-1 ts. 186 ser. 8]