Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo June 1
“A o akanya gore Modimo o amogela madumedi otlhe? [Mo letle gore a arabe.] Go a kgatlha go lemoga gore Modimo o ile a dira eng fa Baiseraele ba bogologolo ba ne ba tsaya mekgwa ya kobamelo ya ditšhaba tse di neng di ba dikologile. [Bala Esekiele 6:6.] Setlhogo seno se araba potso e e reng ‘A go Botlhokwa Gore re Obamela Modimo Jang?’” Buelela setlhogo se se mo tsebeng ya 9.
Tsogang! June
“Ga go na pelaelo gore o tla dumela gore dingwaga tsa bosha ke dingwaga tse di gwetlhang thata mo basheng le mo batsading ba bone. A o akanya gore go latela kgakololo eno go tla tokafatsa bokgoni jwa batsadi jwa go godisa bana? [Bala Jakobe 1:19. Go tswa foo mo letle gore a arabe.] O tla itumelela dikakantsho tse di mosola tse di theilweng mo Baebeleng tse di mo makasineng ono.”
Tora ya Tebelo July 1
“Rotlhe re utlwa botlhoko fa re latlhegelwa ke mongwe yo re mo ratang ka loso. Mo dinakong tse di ntseng jalo, a o akanya gore Baebele e ka thusa? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Pesalema 55:22.] Makasine ono o sekaseka ditsela dingwe tse di molemo tse di tswang mo Baebeleng tse di ka go thusang gore o kgone go lepalepana le maemo ao.”
Tsogang! July
“Banyalani ba na le mathata a mantsi mme manyalo a mantsi a felela ka tlhalo. A o akanya gore go latela kgakololo eno go tla thusa motho gore a nne le lenyalo le le atlegileng? [Bala Diane 12:18. Go tswa foo mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa melaometheo e mengwe e e mo Baebeleng e e ka thusang batho ba ba nyetseng gore ba nonotshe kamano ya bone.”