O ka Nna le Dikhumo!
1. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go akanyetsa go nna mmulatsela wa ka metlha?
1 A o batla boipelo jo bo oketsegileng mo botshelong jwa gago? A o bona boitumelo le kgotsofalo fa o thusa batho ba bangwe? A o ka rata go oketsa tirelo ya gago mo go Jehofa? Fa e le gore o arabile nngwe ya dipotso tseno ka ee, o ka nna wa akanyetsa go nna mmulatsela wa ka metlha. Gone mme, go tshwanetse ga akanyediwa maikarabelo a lelapa le a mangwe a Dikwalo, botsogo le bokoa jwa mmele.
2. Umaka dingwe tsa dikhumo tsa semoya tse babulatsela ba ka metlha ba di amogelang.
2 Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa ga Solomone di amanya masego a ga Jehofa le dikhumo tse di bonalang. (Dia. 10:22) Gompieno, Jehofa o re segofatsa segolobogolo ka dikhumo tsa semoya. Babulatsela ba ka metlha ba na le dikhumo tse di ntseng jalo tse dintsi. Ka sekai, ba nna le boitumelo jo bogolo ka go abela ba bangwe fa ba ntse ba ‘reka nako’ go tswa mo dilong tse ba ka bong ba di dira tsa botho. (Bakol. 4:5; Dit. 20:35) Jehofa o bona le go anaanela tirelo ya bone e ba e dirang ka lorato. Botlhokwa jwa ‘matlotlo a kwa legodimong’ a a ntseng jalo bo ka se ka jwa fokotsega. (Math. 6:20; Baheb. 6:10) Mo godimo ga moo, e re ka babulatsela ba boloka ‘leitlho la bone le sa raraana’ mme e bile ba tshepa gore Jehofa o tla ba tlamela ka se ba se tlhokang, kamano e ba nang le yone le ene e nonofa le go feta.—Math. 6:22, 25, 32; Baheb. 13:5, 6.
3. Ke pharologano efe e e leng teng mo go batleng dikhumo tsa semoya le mo go batleng dikhumo tse di bonalang?
3 Gantsi go batla dikhumo tse di bonalang go ka felela ka ‘dikeletso tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko.’ (1 Tim. 6:9, 10; Jak. 5:1-3) Mme ga go a nna jalo ka masego a ga Jehofa. E re ka babulatsela ba dirisa nako ya bone e ntsi ba le mo bodireding, ba kgona go leba dilo tsa semoya ka tsela e e tshwanetseng mme gape ba kgona go tlhoma mogopolo wa bone mo dilong tse di botlhokwa thata. (Bafil. 1:10) Mokaulengwe mongwe o ne a tlogela tiro ya gagwe ya boenjeniri e e neng e mo tseela nako e ntsi mme a nna mmulatsela. O ne a re: “Tiro ya me ya boitshediso e ne e lapisa tota. Mme ga go a nna jalo ka bobulatsela. Gone jaanong ke kgona go thusa batho le go ba ruta boammaaruri. Ke nna le kgotsofalo e kgolo fa ke thusa batho gore ba bone boammaaruri.”
4. Babulatsela ba ka metlha ba segofadiwa jang fa bone ba nna masego mo bathong ba bangwe?
4 Masego mo Bathong ba Bangwe: Gompieno, mongwe le mongwe o lebane le “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Tim. 3:1) Batho gongwe le gongwe ba tlhoka tsholofelo thata. Bareri ba Bogosi ba itumela fa ba bona gore fa batho ba ba itlhobogileng ba amogela dikgang tse di molemo ba ka nna le tsholofelo. A bo babulatsela ba ka metlha ba ba dirisang diura tse di ka nnang 800 ngwaga le ngwaga mo tirong e e bolokang botshelo ba bona boitumelo jo bogolo jang ne!—1 Tim. 4:16.
5, 6. Ke eng se se tla go thusang gore o kgone go nna mmulatsela wa ka metlha?
5 A o ntse o akanyetsa kgang ya go nna mmulatsela wa ka metlha ka tsela e e masisi? Go ka nna ga go tlhoka gore o ‘ithekele nako e e go siametseng’ mo dilong tse dingwe tse di seng botlhokwa. (Baef. 5:15, 16) Ba le bantsi ba dirile jalo mme ba dirile gore matshelo a bone a nne motlhofo ka go fokotsa nako e ba e dirisang mo tirong ya bone ya boitshediso e le gore ba kgone go nna le nako e ntsi ya dilo tse di direlwang Bogosi. A o ka rulaganya mabaka a gago gore le wena o kopanele le bone mo tirong eno?
6 Kopa botlhale mo go Jehofa gore o kgone go itirela thulaganyo e e go tshwanelang. (Jak. 1:5) O ka solofela go bona masego afe fa o dira jalo? Go bona dikhumo tsa semoya tse dintsi! Gape Jehofa o tla go segofatsa ka dilo tse di bonalang tse o di tlhokang. (Math. 6:33) Ba ba lekang Jehofa ka seno ba tla bona ‘masego go fitlha ba sa tlhole ba tlhoka sepe.’—Mal. 3:10.