LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/08 ts. 4
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
km 5/08 ts. 4

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo May 1

“Go oketsega ga masetlapelo a tlholego mo malatsing ano go dirile gore batho bangwe ba ipotse gore a Modimo o a re otlhaya. Wena o akanya eng? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala 1 Johane 4:8.] Setlhogo seno se tlhalosa lebaka la go bo e se Modimo a bakang go boga ga batho go go nnang teng ka ntlha ya masetlapelo a tlholego.” Buelela setlhogo se se mo tsebeng ya 30.

Tsogang! May

Bala Mathaio 6:10. Morago ga foo o bo o mmotsa jaana: “A o kile wa ipotsa gore go rata ga Modimo ke eng ka lefatshe? [Mo letle gore a arabe.] Go ya ka Baebele, Modimo o ne a na le maikaelelo ka lefatshe go tswa kwa tshimologong mme maikaelelo ao ga a ise a fetoge. Setlhogo seno se a tlhalosa.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 10.

Tora ya Tebelo June 1

“Kgang nngwe e e itsegeng thata ya Baebele ke ya ga Noa le Morwalela. A o akanya gore Morwalela o kile wa nna gone? [Mo letle gore a arabe.] Se se kgatlhang ke gore Jesu o ne a bua ka morwalela e le tiragalo e e kileng ya diragala. [Bala Luke 17:26, 27.] Makasine ono o go naya mabaka a go dumela pego ya Morwalela mme o tlhalosa dithuto tsa botlhokwa tse o re rutang tsone.”

Tsogang! June

“Go godisa ngwana ke kgwetlho, bogolo jang fa ngwana a fitlha mo dingwageng tsa bosha mme go nna le diphetogo tse dikgolo. O akanya gore batsadi ba ka bona kae kaelo e ba ka e ikanyang? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Isaia 48:17, 18.] Makasine ono o naya batsadi dikakantsho tse di leng mo nakong tse di ka ba thusang gore ba nne le botlhale le tlhaloganyo.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela