Lebokoso la Dipotso
◼ A go siame gore bareetsi ba ope diatla morago ga karolo nngwe le nngwe mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le mo Pokanong ya Tirelo?
Fa Mmopi, Jehofa a ne a bopa lefatshe, “dinaledi tsa moso di [ne di] opela mmogo le bomorwa Modimo botlhe ba thela lošalaba ka boitumelo.” (Jobe 38:7, Baebele e e Boitshepo) Barwa bano ba Modimo ba baengele ba ne ba batla go baka Jehofa ka ntlha ya tiro ya gagwe e e tlhomologileng ya popo, e e neng e le tsela e ntšha ya go bontsha botlhale, molemo le maatla a gagwe.
Go molemo fa re anaanela go tswa pelong maiteko a bakaulengwe ba rona fa ba neela dipuo kgotsa ba dira dipontsho. Ka sekai, gantsi re opa diatla fa re utlwa dipuo le dipontsho kwa dikokoanong tsa rona tse di kgethegileng, tse di jaaka dikopano tse dinnye le tse dikgolo. Seno se dirwa fa sebui se sena go neela puo, e seng pele ga a neela puo. Dikarolo tse di neelwang di tseetswe nako le go direlwa maiteko a go di baakanyetsa. Fa re opa diatla ga re bontshe fela gore re anaanela matsapa a sebui mme gape re anaanela ditaelo tse Jehofa a re nayang tsone ka Lefoko la gagwe le ka phuthego ya gagwe.—Isa. 48:17; Math. 24:45-47.
Mme go tweng ka go opa diatla ka nako ya dikarolo dingwe mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le mo Pokanong ya Tirelo? Ga go na melao epe e e thibelang go opiwa ga diatla fa seno se dirwa ka kanaanelo e e tswang pelong, jaaka fa moithuti a sena go neela puo lekgetlho la ntlha mo sekolong. Mme le fa go ntse jalo, go opa diatla go ka dirwa jaaka seomodiro fela mme seno se ka dira gore go se ka ga tlhola go nna le bokao. Ka jalo, re gakololwa gore re se ka ra opa diatla ka puo nngwe le nngwe e e neelwang le ka pontsho nngwe le nngwe e e dirwang, kgotsa fa go bolelwa palo ya batho ba ba leng gone mo Holong ya Bogosi.
Le fa gone re ka se ka ra opa diatla fa dikarolo tse dintsi tsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo di neelwa le mo Pokanong ya Tirelo, go na le ditsela dingwe tse ka tsone re ka bontshang gore re anaanela dithuto le maiteko a ba ba nnang le seabe mo dikarolong tse di rileng. Re ka dira seno ka go nna re thantse le ka go reetsa ka kelotlhoko fa dibui di neela dipuo. Mme gape, gantsi morago ga dipokano re ka kgona go ya kwa mothong yo o neng a neela puo mme re mo akgole.—Baef. 1:15, 16.