Re Itumelela go Dira ka Natla mo Tirelong ya ga Jehofa!
1 Moaposetoloi Paulo o ne a itumelela go ‘dirisiwa ka botlalo’ gore a diragatse bodiredi jwa gagwe jwa Bokeresete. (2 Bakor. 12:15) Ka tsela e e tshwanang gompieno, Bakeresete ba le bantsi ba dira ka natla e le babulatsela. Ba bangwe ba ba nang le maikarabelo a a boima a lelapa ba rulaganya gore ba nne le nako ya go nna le seabe mo bodireding beke le beke, le fa ba na le ditiro tse dintsi. Bangwe ba ba nang le mathata a a masisi a botsogo ba dirisa maatla a bone a a seng kalo go tsweletsa dilo tse di direlwang Bogosi pele. A bo go kgothatsa jang ne go bona batho ba ga Jehofa, go sa kgathalesege dingwaga kgotsa maemo a bone, ba dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa!
2 Go Rata Moagelani: Go dira sotlhe se re ka se kgonang go direla Jehofa, go rata Modimo le moagelani, go re naya segakolodi se se phepa. Ka gonne Paulo o ne a bolela dikgang tse di molemo, o ne a ka kgona go bua jaana ka boitumelo: “Ke lo biletsa go tla go supa mo go lone letsatsi leno gore ke phepa mo mading a batho botlhe.” (Dit. 20:24, 26; 1 Bathes. 2:8) Go nna le seabe mo bodireding go ya kafa maemo a rona a re letlang ka gone go tla re thibela go nna le molato wa madi.—Esek. 3:18-21.
3 Go dira ka natla go thusa ba bangwe go re leretse boitumelo. (Dit. 20:35) Mokaulengwe mongwe a re: “Fa letsatsi le phirima, mme ke boela gae morago ga go dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa mo letsatsing leo, ke boammaaruri gore ke ikutlwa ke lapile. Le fa go ntse jalo, ke itumetse mme ke leboga Jehofa go bo a nneile boipelo jo go seng motho ope yo o ka bo nkamogang.”
4 Go Rata Modimo: Lebaka le le botlhokwa thata la go dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa ke gore go itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong. Go rata Modimo go re tlhotlheletsa go boloka ditaelo tsa gagwe, tse di akaretsang go rera le go dira barutwa. (1 Joh. 5:3) Tota le fa batho ba sa kgatlhege kgotsa ba ganetsa, re itumelela go tswelela pele re direla Jehofa ka natla.
5 Jaanong ga se nako ya go goga dinao. Re tshela mo nakong ya thobo. (Math. 9:37) Gantsi molemi o bereka diura tse di telele ka nako ya thobo ka gonne a na le nako e e lekanyeditsweng ya go kokoanya dijalo pele ga di simolola go senyega. Nako ya go dira tiro ya go roba semoyeng le yone e lekanyeditswe. Ka go nna re gakologetswe nako e re tshelang mo go yone, e kete rotlhe re ka tswelela pele re dira ka natla mo bodireding.—Luke 13:24; 1 Bakor. 7:29-31.