Lebokoso le Dipotso
◼ E re ka jaanong re na le buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, thuto ya legae ya Baebele e tshwanetse go tshwarwa lobaka lo lo kana kang?
Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 1993 e ne ya akantsha gore re tswelele pele re ithuta Baebele le motho yo o sa tswang go kgatlhega go fitlha a fetsa go ithuta dibuka tse pedi. Jaanong e re ka re na le buka ya Kitso, go bonala go le molemo gore thulaganyo eno e fetolwe, go ya ka tsela e go tlhalositsweng ka teng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 15, 1996, ditsebe 13 le 14.
Buka ya Kitso e diretswe go thusa batho ba ba “laoletsweng botshelo jo bo sa khutleng” gore ba ithute dilo tse ba tshwanetseng go di itse gore ba tle ba ineele mo go Jehofa le gore ba kolobediwe. (Dit. 13:48) Ka jalo, fa o sena go fetsa kgatiso e ntšha eno, ga go tlhokege gore o ithute buka ya bobedi le moithuti yoo. Fa baithuti ba gago ba simolola go amogela boammaaruri, o ka nna wa nna o ba kgothaletsa go oketsa kitso ya bone ka go nna teng kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa le go bala Baebele le dikgatiso tse di farologaneng tsa Bokeresete.
Go ka go thusa thata fa o ka itlwaelanya le dipotso tse di mo ditsebeng 175 go ya go 218 tsa buka ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona. Lefa gone o sa tshwanela go sekaseka kana go boeletsa dipotso tseno le moithuti wa Baebele, go ka nna molemo fa o ka gatelela dintlha tsa buka ya Kitso tse di tla thusang moithuti gore a kgone go tlhalosa boammaaruri jwa motheo jwa Baebele fa bagolwane ba boeletsa dipotso tsa bayakolobetsong le ene.
Ga go tlhokege gore o oketse tshedimosetso e e mo bukeng ya Kitso ka go tsenya tshedimosetso e e seyong mo go yone kana ka go oketsa ka dintlha tse dingwe go tshegetsa dithuto tsa Baebele kana go ganetsa dithuto tsa maaka. Seno se tla dira gore thuto ya lona e leelefale. Go na le moo, re solofela gore buka eno e tla fediwa ka bonako, gongwe ka dikgwedi tse di ka nnang thataro fela. Seno se gatelela kgang ya gore re ithute tshedimosetso ya yone ka botlalo go sa le gale gore re tle re kgone go e tlhalosa ka tsela e e phepafetseng le e e tshwanelang. Moithuti le ene o tshwanetse go kgothadiwa gore a ithute go sa le gale, le gore a lebelele dikwalo tse di umakilweng, mme a leke go tlhaloganya sentle gore buka e mo ruta eng mo kgaolong nngwe le nngwe.
Tora ya Tebelo e ile ya gatelela kgang ya gore Basupi ba ga Jehofa ba tshware dithuto tsa Baebele tse dintsi tse di gatelang pele mo nakwaneng e khutshwane. (Bona Isaia 60:22.) Fa re dirisa buka ya Kitso ka tsela e e nang le matswela go ka thusa batho ba ba sa tswang go kgatlhega gore ba nne le kitso e e isang botshelong jo bo sa khutleng le go e dirisa.—Joh. 17:3.