Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka May: Dimakasine tsoopedi tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka moneelo wa R2,00. Fa o bona tshono, buelela peeletso ya Tora ya Tebelo. (Go bona ditlhwatlhwa bona Dikitsiso tse di mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 1996.) June: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R3,50. July le August: Nngwe le nngwe ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32 ka moneelo wa R1,00 e le nngwe: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang? le Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise. Koo go tshwanelang teng, go ka nna ga tsamaisiwa boroutšhara jwa Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?
◼ Re rata go gopotsa botlhe gore go nna go ntse go tlhokega diaparo tse di ntshiwang moneelo. Re santse re amogela maikuelo a a potlakileng go tswa kwa bakaulengweng ba ba tlhokang diaparo mme re ka itumelela go amogela meneelo e e ntseng jalo.
◼ Tsweetswee kopang phokoletso ya babulatsela ya buka ya Kitso kafa tlase ga “Pocket-size books” mo foromong ya Remittance and Credit Request (SAB-20).