LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/96 ts. 11
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Sekaseka Gape Tiro e e Potlakileng ya go Dira Barutwa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Tsela ya go Dira Barutwa ka Buka ya Kitso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Lebokoso le Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Kolobediwe—Karolo ya Bobedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 10/96 ts. 11

Lebokoso la Dipotso

◼ Motho o tshwanetse go tshwarelwa thuto e e tlwaelegileng ya Baebele ka lobaka lo lo kae mo bukeng ya Kitso?

Jehofa o segofatsa mokgatlho wa gagwe gompieno. Re bona bosupi jwa seno ngwaga le ngwaga fa diketekete tsa ba basha ba emela boammaaruri. Buka ya Kitso e itshupa e le sedirisiwa se se nang le matswela mo go direng seno. Tokololo ya Tora ya Tebelo ya January 15, 1996, e ne ya supa gore buka eno e diretswe go thusa seithuti sa Baebele go gatela pele semoyeng ka bonako thata, mo eleng gore gongwe se bo se kolobediwa mo dikgweding di le mmalwa fela.

Ka ntlha ya seno, yone Tora ya Tebelo eo mo tsebeng ya 17, e ne ya gakolola jaana: “Fa motho a se na go fetsa go ithuta Baebele mo bukeng ya Kitso e bile a kolobeditswe, go ka nna ga se ka ga tlhokega gore go ithutiwe le ene ka tsela e e tlwaelegileng mo bukeng ya bobedi.”

Go tweng ka motho yo o sa kolobediweng fa a setse a feditse buka ya Kitso? Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1996, tsebe 6, serapa 23, e ne ya re gakolola ka ntlha e e tlhagisitsweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya gore go se ka ga ithutiwa dibuka tse di oketsegileng le seithuti se se setseng se feditse buka ya Kitso. A seno se raya gore ga re kgatlhegele go thusa seithuti sa Baebele mo ntlheng eno? Nnyaa. Re batla gore batho ba bone kitso ya motheo ya boammaaruri. Lefa go ntse jalo, go lebeletswe gore mo nakong e khutshwane fela, morutisi yo o molemo a kgone go thusa seithuti se se tlwaelegileng se se pelo e phepa go nna le kitso e e lekaneng go dira tshwetso e e botlhale ya go direla Jehofa. Go ka kgonega ka ntlha ya maemo a bone a motho ka namana, gore diithuti dingwe tsa Baebele di ka rata le eleng go ithuta go feta gangwe mo bekeng.

Ke boammaaruri gore, diithuti tse dingwe di tla gatelapele ka bonya go na le tse dingwe. Mme fa e le gore morago ga go ithuta buka ya Kitso, eo gongwe e ka nnang ya tsaya lobaka lo loleele go feta le le tlwaelegileng, motho ga ise a dire tshwetso ya gore a o batla go kopanela le phuthego, mmoledi o tla bo a dira sentle go tlotla ka kgang eno le mongwe wa bagolwane yo o mo Komiting ya Tirelo ya Phuthego. Fa go na le mabaka a a utlwalang kana maemo a a sa tlwaelegang, a ka nna a newa thuso e e oketsegileng. Seno se dumelana le molaomotheo wa se go boletsweng ka sone mo dirapeng 11 le 12 mo tsebeng ya 17 mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 15, 1996.

Kanaanelo ya go ithuta le e leng kitso ya motheo ya boammaaruri e tshwanetse go tlhotlheletsa seithuti go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Seno se ka dira gore seithuti se bontshe bosupi jo bo phepafetseng jwa gore se eletsa go direla Jehofa. Fa e le gore kanaanelo e e ntseng jalo ya semoya ga e ise e supiwe morago ga gore thuto e tshwarwe ka nako e e lekaneng mo bukeng ya Kitso, go ka nna botoka gore thuto e se ke ya tlhola e tswelela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela