LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/95 ts. 7
  • Baakanyetsang Segopotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baakanyetsang Segopotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa lo Baakanyetsa Segopotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • “Dihañ mo, lo Nkgopolè ka Gōna”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Dikgakololo Tsa Segopotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Dikgakololo Tsa Segopotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 4/95 ts. 7

Baakanyetsang Segopotso

A mongwe le mongwe, go akaretsa le sebui, o itsisitswe nako e e siameng le lefelo le moletlo o tla nnang kwa go lone? A sebui se itse gore thulaganyo ga e a tshwanela go feta metsotso e le 45?

A mongwe o filwe tiro ya go bona ditshwantshetso? (Bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1990, ditsebe 16-18.) A go dirilwe dithulaganyo tsa gore tafole e tekiwe ka lesela la tafole le le phepa le digalase le dipoleite tse di lekaneng?

A go dirilwe dithulaganyo tsa go phepafatsa Holo ya Bogosi pele le morago ga foo? A go na le balebeledi le batho ba ba tsamaisang ditshwantshetso? A go ile ga tshwarwa pokano le bone gore go sekasekiwe ditiro tse ba tla di dirang? Ke eng se se tla dirwang go tlhomamisa gore dilo tsotlhe di tla dirwa sentle?

A go dirilwe dithulaganyo tsa go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tsofetseng le ba ba lwalang gore ba nne teng? Fa e le gore go na le bangwe ba e leng ba batlodiwa ba ba sa kgoneng go tsamaya mme ba se kitla ba kgona go nna teng, a go dirilwe dithulaganyo tsa gore ba ye go fiwa ditshwantshetso?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela