LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/95 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 4/95 ts. 7

Dikitsiso

◼ Dibuka tse di tla dirisiwang ka April le May: Peeletso ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R30,00 mo dikgatisong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga mo dikgatisong tse di tswang gangwe ka kgwedi kana peeletso ya dikgwedi tse thataro mo go tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R15,00. Dipeeletso tsa tlelapa ke R19,00 mme tse dingwe ke R9,50. June: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana la Batho? ka moneelo wa R3,50. July le August: Go ka nna ga dirisiwa nngwe le nngwe ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32 ka moneelo wa R1,00 nngwe le nngwe: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-nngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka La Go Bo Botshelo Bo Le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?, Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, le Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise.

◼ Jaaka go setse go boleletswe, pampitshana e e kgethegileng ya Dikgang Tsa Bogosi e tla gololwa ka Sontaga, ka April 23, kwa dipokanong tsa phuthego, le kwa dikopanong tsa potologo le dikopano tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe tse di tla tshwarwang ka letlha leo. Go anamisiwa ga pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi go ka nna ga simololwa ka bonako fela fa e sena go gololwa. Seno se ama diphuthego TSOTLHE, go akaretsa le tse di ka tswang di tshwanelwa ke go fetola dinako tsa dipokano ka ntlha ya dikopano, maeto a molebedi wa potologo, kana dilo tse dingwe. Diphuthego tse di tla nnang le puo e e kgethegileng morago ga April 23 di ka nna tsa golola le go simolola go tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi ka April 24.

◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go otara dibolumo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tsa 1994. Dibolumo di tla bo di le gone ka Seesemane, Sejeremane le ka Sepotokise. Fa phuthego ya lona e na le akhaonto ya dibuka mo Mokgatlhong, diotara ga di a tshwanela go romelwa le madi. Molato wa tsone o tla tsenngwa mo akhaontong ya dibuka ya phuthego. Dibolumo tseno di tla tlhaga e le “Otara e e Tla Tlang Morago” mo setatamenteng sa phuthego go fitlhela di nna teng le go romelwa. Diphuthego tse di nnang le molato mo akhaontong ya tsone ya dibuka di tshwanetse go romela madi le diotara tsa tsone. Dibolumo ke dilwana tsa setoko se se laolwang mme di tla ja R22,00 e le nngwe go phuthego, batho botlhe, le babulatsela.

◼ Di-compact Disc Tse Disha Tse Di Leng Teng:

Seesemane: Sing Praises to Jehovah on Compact Disc (sete ya didiseke di le robedi; phuthego le batho botlhe: R115,00; babulatsela: R80,00).

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela