A o Bona go Tlhokega Thuso?
1 Jehofa o tlhalosiwa jaaka Mothusi le Botshabelo. Re itse gore re ka ya kwa go ene fa re tlhoka thuso mme o tla re thusa. (Pes. 18:2; 46:1) Re ka etsa nonofo eno ya go bontsha kutlwelobotlhoko ka go thusa batho ba bangwe fa go tlhokega.
2 Ke eng se se tlhotlheletsang motho gore a tseye matsapa a go thusa motho yo mongwe? Batho ba le bantsi ba bona seno e le go bontsha lorato e bile e le botho go dira jalo. Eleruri Lefoko la Modimo le kgothaletsa seo. (Bar. 15:1) Paulo o ne a re kgothaletsa gore re ‘se ka ra tlhokomela dilo tse e leng tsa rona fela mme re tlhokomele le dilo tsa batho ba bangwe.’—Bafil. 2:4.
3 Rotlhe re ka itumelela go dira seno. (Dit. 20:35) Paulo o ne a bolela gore Timotheo ke motho yo o neng a tla ‘tlhokomela [bakaulengwe ba gagwe] ka tlhomamo.’ (Bafil. 2:20) Go a itumedisa go bo re na le basha ba bantsi mo phuthegong gompieno ba ba nang le boikutlo jo bo tshwanang le joo. Mme go sa kgathalesege gore a re godile kana re basha, go na le dilo tse re ka di dirang fa re bona go tlhokega.
4 A o kile wa akanya gore batho bangwe ba tlhoka dilo dingwe tse ba tlhokang go tlhokomelwa botoka mo go tsone? Gongwe mokaulengwe kana kgaitsadi mongwe o ne a le kwa kokelong, mme a etelwa ke ba le mmalwa fela; kana mongwe a palelwa ke go itirela dilo, mme go ne go sena ope yo o neng a mo thusa kana yo o neng a dira ditiro tsa mo lelapeng. Jesu o leba batho ba ba direlang Jehofa jaaka maloko a lelapa a a ratanang thata. (Mar. 3:33-35) Mo setshwantshong sa gagwe sa dinku le dipodi, o ne a bontsha gore dinku di nna kafa letsogong le legolo la Kgosi ka gonne ba ile ba thusa bomonnawe Kgosi.—Math. 25:40.
5 Nka Thusa Jang? Ke eng se se ka dirwang go thusa fa go bonala sentle gore go tlhokega thuso? A re ka ithaopa go thusa ka tsela nngwe? Gongwe go na le batho ba ba setseng ba tsofetse ba ba tlhokang go kgothadiwa, mme lefa go ntse jalo ba sena ditsala tse di atamalaneng le bone tse di ka ba thusang. Go ka tswa go na le basha ba ba tlhokang go thusiwa. Lelapa lengwe le le sa tswang go kgatlhega le ka tla le bana ba le mmalwa kwa Holong ya Bogosi fa mmoledi yo o ithutang le bone a seyo. Ba ka go anaanela fa mongwe a ka ithaopa go ba thusa ka bana.
6 Fa tsela e re ratang boammaaruri le phuthego ya ga Jehofa ka gone go ntse go oketsega, go anaanela le go amega ka batho ba bangwe mo phuthegong le gone go tla oketsega. Paulo o ne a re kgothaletsa gore re pitlologe mo go seno. (2 Bakor. 6:11-13) Jesu o ne a gatelela gore go ratana ga rona ke gone tota go tla bontshang gore re balatedi ba gagwe ba boammaaruri.—Joh. 13:35.
7 Ka jalo, fa re bona go tlhokega thuso, go rata bakaulengwe ba rona le phuthego ka boammaaruri go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re ithaope go thusa ka tsela epe fela e re ka e kgonang. (Bagal. 6:9, 10) Fa re amega ka tsela eno ka batho ba bangwe go tla dira gore re kitlane mmogo mo loratong le mo kutlwanong. (1 Bakor. 10:24) Ka tsela eno, re dira seabe sa rona ka go dira se se tlhokegang mo phuthegong.