Go Tshwara Dithuto Tsa Lelapa Tsa Bibela Tseo Di Nang le Bokao
1 E nngwe ya ditiro tseo di leng botlhokwatlhokwa tseo batsadi ba di dirang ke go ruta bana ba bone boammaaruri. Ke boikarabelo joo ba bo neilweng ke Jehofa. (Dute. 6:6, 7) Bana ba tlhoka go kaelwa le go bontshiwa e le gore ba tle ba tsamaye ka thokgamo mo lefatsheng le le boikepo. Ba tshwanetse ba ithuta go rata Jehofa le go rata boammaaruri mme ba ikemisetse go bo kgomarela. Tora ya Tebelo ya August 1, 1988, tsebe 11, e ne ya bolela jaana: “Go sa kgathalesege ditiro dipe tse dingwe kana mathata ape a mangwe a o lebaneng nao, go senya nako le bana ba gago go tshwanetse ga tsaya sebaka sa ntlha. Nako eo le e senyang mmogo e tla go thusa go nwetsa dilo tsa semoya mo baneng ba gago tseo di tla dibelang dipelo tsa bone mme di ba beye mo tseleng e e siameng.”
2 E le gore malapa a tle a latele dikaelo tseo di neetsweng mo Lefokong la Modimo, go tshwanetse ga bewa nako kwa thoko ka metlha e le gore go tle go tshwarwe thuto ya lelapa. Ditlhogo tsa malapa di tshwanetse tsa dira gore go tlhokomela semoya sa lelapa e nne sone selo seo se tlang pele. Fa ditlhokafalo tsa lelapa tsa semoya di sa tlhokomelwe ka tshwanelo jaanong, go ka direga thata gore batsadi ba lebane le mathata a a masisi mo isagweng.
DILO TSEO DI TSHWANETSENG TSA ITHUTIWA LE MEKGWA YA GO DI ITHUTA
3 Ke eng seo se tshwanetseng sa ithutiwa? Tlhogo ya lelapa e mo boemong jo bo molemolemo jwa go itse seo lelapa le se tlhokang. A ka nna a botsa gore ba bangwe ba akanya gore ke eng seo se ka nnang sa bo se le molemo mme a akanyetsa dikakantsho tsa bone. Go fetofetoga go tla dira gore thuto ya lelapa e nne e e mosola le eo e tlhotlheletsang. Malapa a le mantsi a tlhopha go baakanyetsa thuto ya Tora ya Tebelo ya beke le beke. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe go ka nna ga bo go le botlhokwa gore lo tlotle ka dintlha dingwe tse di rileng tseo di leng malebana le mathata mangwe ao basha ba lebanang le one kwa sekolong. Go ka nna ga sekasekiwa tshedimosetso nngwe eo e gatisitsweng eo eleng malebana le go ratana, ditiro tsa morago ga sekolo, metshameko, le mekgwa ya boitsholo jo bo sa siamang di tlotliwa ka tsela e e agang, e e kgothatsang. Go botlhokwa gore ka metlha tlhogo ya lelapa e nne e ntse e sekaseka gore ke tshedimosetso efe eo lelapa le e tlhokang le gore a ka fitlhelela dipelo tsa bone jang ka tsela e e molemolemo ka tshedimosetso eno.—Bona Tora ya Tebelo April 1, 1972, ditsebe 76-7.
4 Thuto e tshwanetse ya tshwarwa jang? Dira gore go nne le moya wa go iketla mme e le o o tlotlegang. Tila tsela ya seomodiro fela, ya go latela melawana ka mo go feteletseng. Botsa dipotso tse dingwe tse di oketsegileng, mme o dirise ditshwantsho go ba tlhotlheletsa gore ba akanye mme o dire gore botlhe ba kopanyelediwe. Dilo tse di thusang go tlhaloganya tse di tshwanang le dimmapa le dits̆hate, di ka nna tsa dirisiwa go dira gore di tokafatse thuto. Bana ba ka nna ba newa dikabelo tsa go batla dintlha dingwe tse di mo dibolumong tsa Index kana Insight, go ikaegile ka gore bana bano ba bogolo bo kae le gore ba na le bokgoni jo bo kana kang. Dira gore bana ba bannye ba tsenelele mo motlotlong ka bonako fela fa ba setse ba kgona go arabela. Ba ka nna ba bodiwa dipotsonyana tse di bonolo fela tseo di batlang dikarabo tsa mafoko a makhutshwanyane fela. O se ka wa dirisa nako ya go ithuta go nnela go bona bana diphoso. Go na le moo, ba akgole, bontsha gore o anaanela maiteko ao ba a dirang, mme o tlhagafalele go ba bontsha dipono tsa semoya.
5 O ka tlhomamisa jang gore o fitlhelela pelo? Kgothaletsa botlhe gore ba arabe ka mafoko ao eleng a bone. Dirisa dipotso tseo di fatang maikutlo ka botlhale gore o bone gore ba ikutlwa jang mo pelong. O ka nna wa ba botsa jaana: “Bana kwa sekolong ba ikutlwa jang ka kgang eno? A o na le dipelaelo dipe malebana le ntlha eno?” Tlhokomela gore o seka wa nna mafega mo dikarabong tseo bana ba ka di neelang mo dipotsong tseo di fatang maikutlo, eseng jalo bana ba gago ba ka nna ba se ka ba ikutlwa ba phuthologile go itlhalosa ka go tswa pelong. Ba nee nako ya gore ba bue. Fa ba itse gore o a ba kgatlhegela ebile o kgatlhegela go itse mathata a bone seno se tla dira gore maiteko ao o a dirang a go ruta e nne a a bobebe thata.—Bona Tora ya Tebelo, ya November 1, 1986, ditsebe 23-5.
6 Gakologelwa gore boikaelelobogolo jwa thuto eno ya lelapa la gago ke go tsenya megopolo ya ga Jehofa mo go bone mme eseng fela gore ba bone karabo eo ba tla yang go e boka kwa pokanong ya phuthego. (Baef. 3:17-19) Seno se raya gore o berekele go tsenya tshedimosetso eno mo pelong. Neela lelapa la gago mabaka a gore ke ka ntlha yang fa ba tshwanetse ba batla go dira thato ya Modimo le gore ke ka ntlha yang fa seno e le yone tsela e e molemolemo mo botshelong.
7 Thuto ya lelapa ya Bibela eo e tshwarwang ka metlha e botlhokwa gore e agelele lelapa semoyeng. E katisa bana e bo e ba dira gore ba nne ba ntse ba iketleeleditse go dirisana ka katlego le mathata a botshelo. Lona batsadi lo mo boemong jo bo molemolemo jwa go thusa bana ba lona. Amogelang boikarabelo jono jo lo bo neilweng ke Modimo. Eleruri Jehofa o tla lo segofatsa fa lo dira boiteko bongwe le bongwe jwa gore lo nne ba ba tlhomameng fa lo tshwara thuto ya lelapa ya Bibela eo e nang le bokao.