LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/90 ts. 1
  • A O Tla Baka Jehofa ka December Monongwaga?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Tla Baka Jehofa ka December Monongwaga?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Ditlhogwana
  • GO TSAMAISA BUKA YA DIPOLELO TSA BIBELA
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 12/90 ts. 1

A O Tla Baka Jehofa ka December Monongwaga?

1 Bogologolo tala Kgosi Dafide o ne a kwala mafoko a a latelang a pako a baka Kgosi ya gagwe ya selegodimo, e bong Jehofa Modimo: “Modimo oa me, ke tla gu godisa, Kgosi; ke tla baka leina ya gago ka bosakhutleñ le ka bosaeengkae. Ke tla gu baka ka malatsi aotlhe; me ke tla baka leina ya gago ka bosakhutleñ le ka bosaeengkae.” (Pes. 145:1, 2) Dafide o ne a na le kamano e e kitlanyeng fela thata le Jehofa mme seno se ne sa mo dira gore a bue ka Jehofa ka tsela e e bontshang go anaanela. Fela jaaka fa go ne go ntse ka Dafide wa bogologolo, a le rona ga re na mabaka a le mantsi a a molemo a go goa ka boipelo, re baka Jehofa ka ntlha ya dilo tsotlhe tseo a re diretseng tsone?

2 Kgwedi ya December e tla re neela ditshono di le dintsi tsa go baka Jehofa. Re ka dira seno ka go nna le seabe mo tirong ya go rera, fa re ya kwa Dikopanong tsa rona tsa Kgaolo tsa “Puo E E Itshekileng”, le fa re le mo malatsing a boikhutso. Le mororo lefatshe lone le thubile kobo segole, rona jaaka batho ba ga Jehofa le ka motlha ga re batle go lebala gore re neetse Jehofa matshelo a rona. Re batla go tswelela re ntse re baka Jehofa. (Pes. 145:7, 10, 21) E le gore re ko re nne batho bao ba bakang Jehofa ka boikanyego ka December, re tshwanetse ra gakologelwa dintlha di se kae.

3 Rulaganyetsang gore lo nne le seabe se se tletseng mo tirelong ya tshimo jaaka lelapa ka December. Fa e le gore o rulaganyetsa go ya golo gongwe ka malatsi a boikhutso, tsweetswee isa pego ya gago ya tirelo ya tshimo pele ga o tsamaya, segolobogolo fa e le gore o tla bo o ise o boe pele ga January 3,1991. Le mororo December e tshwanetse ya nna kgwedi eo re dirang botoka go gaisa mo go yone mo tirelong ya tshimo, e re ka ba le bantsi ba le mo malatsing a boikhutso, ga go a nna jalo, ka gonne bakaulengwe ba le bantsi ba rona ba lebala go bega. A monongwaga re ka dira boiteko jo re bo pataganetseng jwa gore re thuse mmoledi mongwe le mongwe gore a nne le seabe mo go bakeng Jehofa mo tshimong le gore a bege ka nako? Re batla go kgothaletsa batshwari ba dithuto tsa buka gore ba thuse mongwe le mongwe yo o mo ditlhopheng tsa bone, a ya kwa malatsing a boikhutso kana a sa ye gone, gore a tlise pego ya December.

GO TSAMAISA BUKA YA DIPOLELO TSA BIBELA

4 Ka kgwedi ya December re tla bo re tsamaisa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela ka moneelo wa R7,50. Thatathata re rata go kgothaletsa baboledi bao ba tsenang sekolo gore ba dire boiteko jo bo kgethegileng jwa gore ba nne le seabe mo go tsamaiseng buka eno. Go tla tlhoka gore o be o le pelokgale gore o dire jalo, mme Jehofa o tla go neela nonofo eo o e tlhokang. Batla go bona ditshono tseo ka tsone o ka dirang gore batho ba basha le batho ba ba godileng ba tlwaelane le Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela.

5 O ne o ka simolola jang motlotlo o dirisa buka eno? O ka nna wa bolela jaana: “A o akanya gore lefatshe e tla tsamaya e nna lefelo leo le itumedisang leo le nang le kagiso leo motho a ka tshelang mo go lone?” Bula polelo ya bo 71 mme o bo o tlotla ka dintlhakgolo tse di tswang go Isaia 11:6-9 kana Tshenolō 21:3, 4. Kana, o ka nna wa botsa potso eno: “A o go fitlhela go le boima go tlhalosetsa bana ba gago Bibela? Fa go le jalo, buka eno e ka nna ya go thusa. Tla ke go bontshe gore e ka go thusa jang gore o tlhalose bokao jwa Thapelo ya Morena.” Boeletsa dintlhakgolo tsa polelo ya bo 91.

6 O ka nna wa kopana le bangwe bao ba setseng ba na le buka ya Dipolelo tsa Bibela. Ke ka ntlha yang fa o sa ithute le bone jaaka lelapa? Gape o ka nna wa batla go ithuta le bone dikgatiso tse dingwe tseo di thusang go ithuta Bibela. A o setse o kile wa akanya ka go tsamaisetsa batho bao ba leng mo mmileng buka ya Dipolelo tsa Bibela? Batho ba le bantsi ba dirile jalo, mme bangwe ba ile ba nna le diphelelo tse di molemo. Fa o ya malatsing a boikhutso, ke ka ntlha yang fa o sa tseye dikaelo di se kae mme o di tsamaise fa o le mo tseleng kwa diteisheneng tsa peterole, le mo mafelong a mangwe? Gakologelwa gore o tseye dikaelo tsa dipuo tseo di buiwang ke batho ba lefelo leo.

7 A o tla nna gareng ga ba le bantsi ba ba diketekete bao ba tlileng go baka Jehofa ka boikanyego ka December? Rulaganyang jaanong gore lo dire jalo jaaka lelapa gore lo tle lo tlhomamise gore gape lo tla bo lo “isetsa Modimo tshupelo ya pako, ke gore, leungo la dipounama tseo di dirang boipolelo jwa phatlalatsa ka leina la gagwe.”—Baheb. 13:15, NW.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela