LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 11/1 ts. 21-25
  • Batsadi—Lo ka ‘Agelela’ Jang Lelapa la Lona?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batsadi—Lo ka ‘Agelela’ Jang Lelapa la Lona?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Rulaganya Dilo tse di Tlang Pele ka Botlhale
  • Thupa le Kgalemelo di fa Botlhale
  • Tlhaloganyo e Tsala Tlhomogelopelo
  • Go Nonotsha Kitso
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Batsadi, Fitlhelelang Pelo ya Ngwana wa Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ruta Ngwana wa Gago go Tlhagolela Poifo Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Dira Gore O Boloke Lelapa la Gago Gore le Tsene mo Lefatsheng Le Lesha la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 11/1 ts. 21-25

Batsadi​—Lo ka ‘Agelela’ Jang Lelapa la Lona?

“Ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka tlhaloganyō.”​—DIANE 24:3.

1. Sengwe sa dilo tse di tlhokafalang thata mo lelapeng je le nonofileng ke eng?

PATLISISO nngwe ya bosheng e ne ya botsa bora-dikitso bangwe ba ba ka fetang 550 ba tiro-kgolo ya bone e leng go thusa malapa gore ke ditshekamelo dife tseo ba neng ba di fltlhela thata mo malapeng a a nonofileng. Se se neng sa tla pele mo lenaneong e ne e le: puisanyo le theetso. Mosimolodi wa patlisiso eno, ebong Dolores Curran, o ne a tlhalosa gore ke ka ntlha yang: “Ke tsone maatla a a kgotletsang kamego, go fa, go abalana, le go tiisetsa. Kwa ntle ga theetso ya mmatota le go ikaba ga rona, re ka seka ra itsanye. Re nna batho fela ba ba tlhakanetseng ntlo mme re supa boitshwaro fela jo bo rileng go na le go arabela mo ditlhokafalong tsa ba bangwe.” Ee, go buisanya fela ka kgololesego ke gone go bakang gore go nne le lelapa je le nonofileng

2, 3. (a) Ke bothata bofe jo bo lemogilweng le e leng mo magaeng mangwe a Bakeresete? (b) Ke eng seo Diane 24:3, 4 e se senolang seo se ka thusang mo go ageng lelapa je le nonofileng? (c) Ke dipotso dife tse di tshwanetseng go arabiwa?

2 Lefa go le jalo, go sa atamalane, go ka nna le matswela a a setlhogo. Ka motlhala, lengwe la makala a Mokgatlho wa Watch Tower mo Afrika le ne la bodiwa gore ke ka ntlha yang fa basha bangwe ba Bakeresete ba ne ba huralela boitshwaro jwa Bibela. Go ya ka phetolo, “bokoa jo bogolo jo bo neng bo amana le bothata jotlhe, e ne e le ntlha ya go tlholega ga batsadi go nna bareetsi ba ba molemo le go sa kgone ga bone go akantshanya le bana ba bone. Jalo batsadi ka bontsi ga ba na kamano e e boteng thata le bana ba bone.” Legale, eno ke karolo e nngwe fela ya bothata​—lemororo e le e e botlhokwa. Kutlo ya sebele le poifomodimo tse di tswang mo mosheng, fela jaaka le mo go mongwe le mongwe o sele, di tla pele. (Baroma 14:12; 1 Timotheo 6:6) Akanyetsa seno gape, Diane 24:3, 4. E balega jaana: “Ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka tlhaloganyō: Le matlwana a eōna a tla a tladiwe dikhumō tse di tlhokègañ le tse dintlè, ka kicō.”

3 Mme o ka dirisa jang botlhale, tlhaloganyo, le kitso go bona katamalano ya boikutlo e e tlhokafalang segolo-bogolo le banana? O ka tila jang gore go se nne tlhoka-puisanyo kwa ntle ga go lemoga? (Bapisa Diane 14:1, 12.) Mo godimo ga moo, o ka agelela lelapa jang gore le itsetsepele mo kobamelong ya boammaaruri? Ereka go na le dilo di le dintsi tse di jang nako ya gago le tlhokomelo, o ka nna wa ipotsa gore tota o ka simolola fa kae. Nonofo ya ntlha, ebong botlhale, e ka go thusa go tlhomamisa gore go tle eng pele.

Rulaganya Dilo tse di Tlang Pele ka Botlhale

4. Ke eng seo lelapa la Bakeresete le tshwanetseng go se eteletsa kwa pele-pele?

4 “Go boiha Yehofa ke tshimologō ea botlhale,” ga kwala jalo mopesalema. (Pesalema 111:10) Poifo ya gago e e phepa go itumolola Modimo, gammogo le go eteletsa kobamelo ya gagwe kwa pele, ke dilo tse di botlhokwa-tlhokwa. Mmè mongwe o ne a tlhalosa kafa ene le monna wa gagwe ba ileng ba atlega ka gone mo go godiseng bana ba bone ba le babedi ba basimane go direla Jehofa: “Re ne re dirile gore boammaaruri bo nne tsela ya rona ya botshelo​—re ne re ya kwa dikopanong tsotlhe, re ipaakanyetsa le go nna gone mo dipokanong, le go dira gore tirelo ya tshimo e nne selo sa malatsi otlhe mo matshelong a rona.” Monna wa gagwe o ne a oketsa ka go re: “Boammaaruri ga se bontlhanngwe jwa botshelo jwa rona, ke botshelo jwa rona. Sengwe le sengwe se ikaegile ka jone.” A le wena ka tsela e e tshwanang o eteleditse kobamelo ya ga Jehofa pele mo legaeng ja gago?

5. Ke ka ntlha yang fa batsadi ba Bakeresete ba tlhoka tekatekanyo?

5 Go tshwarega mo bodiheding jwa tshimo jaaka lelapa go tla lo atamalanya, lefa gone ditlhokafalo tse dikgolo tsa bana ba lona di tlhoka gore lo dirise nako ya lona e e setseng le maatla a boikutlo. Ka gone, go tlhokafala gore lo lekalekanye gore lo tle lo tlhomamise nako e lo ka e dirisang mo tirong ya go rera kana mo ditirong tsa phuthego, mme lo ntse lo tlhokomela ‘ba e leng ba ntlo ya gago’ kafa semoyeng, kafa boikutlong, le kafa dilong tse di bonalang. Lo tshwanetse go ‘ithuta pele go itshupa bopelonomi mo go bantlo ya lona.’ (1 Timotheo 5:4, 8) Go thusa borre, segolo bogolo, gore ba bone tekatekanyo e e tlhokafalang magareng ga maikarabelo a bone a lelapa le ditiro tsa bodihedi, tokololo ya The Watchtower ya September 15, 1959, e ne ya kgothatsa jaana: “A ditiro tse di amanang le lelapa la gago di neelwe tlhokomelo e e tshwanetseng. Tota ruri Jehofa Modimo o ka se lebelele gore monna a dirisetse nako yotlhe ya gagwe mo ditirong tsa phuthego, a thusa bakaulengwe ba gagwe le baagelani gore ba bone poloko, mme gone a sena sepe le poloko ya bantlo ya gagwe. Mosadi wa monna yoo le bana ba gagwe ke bone boikarabelo jo bo kwa pelepele.”

6. Ke kotsi efe e batsadi ba tshwanetseng go e tila, mme seno se ka dirwa jang?

6 Boikarabelo jono tota-tota ga bo tlhomamisiwe ka gore o senye dioura di le dintsi le bana ba gago mme ka gore o dirise nako eo ka botlalo. Ka maswabi, batsadi bangwe ba ile ba tshwarega thata mo go tlhokomeleng dikgang tsa phuthego, mo tirong e e batlang maikatlapelo, kana mo dilong tse di bonalang mo e leng gore fa gongwe fa ba na le bana ba bone, megopolo ya bone e akantse sengwe se sele. Ke fela fa go sena go tlhaga kotsi nngwe mo lapeng e leng gone ba lemogang kafa go tlhokafalang ka gone gore ba sekaseke dilo tse ba di eteletsang kwa pele. “Botlhale yo bo cwañ kwa godimo bo . . . bonōlō, bo rapèlèsège ka boheho.” (Yakobe 3:17) Botlhale jo bo ntseng jalo jwa selegodimo bo tla go thusa gore o kgaoganye nako ya gago gammogo le go kopanyelediwa ga boikutlo jwa gago ka tsela e e tshwanetseng gore o tle o utlwe ditaolo tsotlhe tsa ga Jehofa.

Thupa le Kgalemelo di fa Botlhale

7. Diane 29:15 e ka dirisiwa jang ka tsela e e atlegileng?

7 Go nitamela melao-metheo e e siameng, mo go dirwang ka bopelonomi, go bolelela bana ba gago gore o amega ka bone. Boitaolo bo tsala tlhoka-polokesego gammogo le boganana jwa thaka e tshesane. “Thupa le kgalemelo di naya motho botlhale.” (Diane 29:15; 22:15) Gore “thupa le kgalemèlō” di atlege di tshwanetse go patiwa ke lorato. Kotlhao e e dirisiwang kwa ntle ga tlhaloganyo kana motho a gotetse maikutlo di ka sulafatsa moya wa ngwana. “Borra bana, se chwenyeñ bana ba lona, gore ba se ka ba shulahala pelo.” (Bakolosa 3:21) “Thupa ya kotlhao” e akareletsa titeo e e tshwanetseng, mme fa o batla dilo tse di sa utlwaleng, o nyatsa thata, le go tlontlolola ngwana, ke go sa dirise “thupa” eno ka tsela e e tshwanetseng mme go ka dira gore ngwana a seka a tlhola a iikanya le wena a sa go ikanye. O ka “shulahala pelo.”

8. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa “kgalemelo” e raya se se fetang fela go betsa?

8 Mme “thupa le kgalemelo,” NW tsoo-pedi di a tlhokafala. Kgalemelo e tlhoka se se fetang fela go betsa; e kopanyeletsa go ntsha mabaka a go tlhatswa motho yo mongwe pelo.a Lefoko la Sehebera “kgalemelo” gape le ranolwa jaaka ‘kganetsano e e arabang e nngwe.’ (Pesalema 38:14) Ka gone, go kgalemela tota-tota go raya go ikemisetsa go ntsha mabaka gore ngwana a tle a bone gore ke ka ntlha yang fa o tsaya kgato e e rileng. Dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watchtower di na le tshedimosetso, eo fa gongwe e kwaletsweng segolo-bogolo basha, e le eo e ka go thusang go neela ngwana wa gago mabaka a a utlwalang a gore ke ka ntlha yang fa tsela e e rileng e le phoso. A o di dirisa ka botlalo?

Tlhaloganyo e Tsala Tlhomogelopelo

9. Tlhaloganyo ke eng, mme ke ka ntlha yang fa e le botlhokwa?

9 Tlhaloganyo le yone ke botswerere jo bo tlhokafalang thata mo puisanyong. Lefoko la pele-pele la Sehebera le tswa mo lefokong la motheo le le rayang “go farologanya dilo tse pedi,” “go tlhaola.” Tlhaloganyo eno e e kelotlhoko e tsenelela kwa teng go feta se se tlwaelegileng, mme ka gone e tshwanakana fela le go utlwisisa, go tlhomoga pelo, le kutlwelo-botlhoko.​—1 Petere 3:8.

10. Go hukutsa go feta boemo jo bo tlwaelegileng fela go ne ga thibela jang letlhoo mo metlheng ya Bibela?

10 Sekai sa Bibela se se bontshang molemo wa tlhaloganyo se kwadilwe go Yoshue 22:9-34. Lotso lwa ga Rubene, Gada, le bontlha bongwe jwa lwa ga Manase, tseo di neng di filwe boswa jwa lafatshe ka fa botlhabatsatsi jwa Noka ya Joredane, ba ne ba aga namane e tona ya sebeso mo lefatsheng la bone. Ditso tse dingwe, ka go tsaya seno jaaka botenegi, di ne tsa ipaakanyetsago otlhaela seo se neng se bonala jaaka ekete“ ke go tlola molao wa Modimo ka bomo. (Lefitiko 17:8, 9) Pele fa ba ka tsaya kgato, ba ne ba romela barongwa go ya go buisanya le ditso tse pedi le sephatlo tseo. (Diane 13:10) Puisanyo e ne ya senola gore sebeso se ne se sa agelwa go ntsha ditlhabelo mme ‘bogolo ka kelotlhoko.’ Ka ntlha ya go bo e ne e kgaogantswe ke Noka ya Joredane le ditso tse dingwe, ditso tse pedi le sephatlo di ne di amegile thata thata ka ga tiragalo e e ka welang dikokomana tse di kwa pele ya go kgaoganngwa le kobamelo ya ga Jehofa. Sebeso se ne se tla nna segopodiso sa ka metlha, “seshupō,” sa gore, le bone, e ne e le batho ba Modimo. A bo seno se ile sa lere phetogo e kgolo jang ne! Seo se neng se lebega jaaka boleo jo bo masisi se ne sa lejwa ka tsela e sele. Ereka ditso tse dingwe tseo di ne di le “bonya go galeha,” di ne tsa kgonisiwa gore di lemoge boemo jwa mmatota, mme seno se ne sa bopa kutlwisiso.​—Diane 14:29.

11. Motsadi mongwe o ne a supa tlhaloganyo jang?

11 Fa ngwana wa gago a tsosa mathata, a o leka go dirisa tlhaloganyo? Ka sekai, mongwe wa bana ba basimane wa banyalani bangwe ba Bakeresete o ne a simolola go tla gae ‘a gaketse thata thata.’ “O ne a gana go bolela gore o ne a gakaletse eng,” rraagwe a tlhalosa. “Lantlha ke ne ke gopola gore o ne a supa botsuolodi fela, mme morago ka lemoga gore o ne a didimala fa ke mmotsa ka ga sekole. Mme jaanong, re ne ra buisanya ka boleele, mme ka lemoga gore ka go bo a ne a na le mmele o mmotlana go fetwa ke dingwaga tsa gagwe, bana ba sekole ba ne ba tshameka ka ene. Morago ga ke sena go mo tlhomamisetsa gore ke ne ke tlhaloganya bothata jwa ka fa ba neng ba mo tshwara ka gone, ke ne ka mo neela dikakantsho tse di thusang gore a tle a dirisanye le gone.” Boikutlo jwa mosimane jaanong bo ne jwa akofa jwa tokafala.

12. Ke ka ntlha yang fa dingwaga tsa bolesome di le bokete thata mo basheng ka bontsi, mme ke eng se se tlhokafalang mo batsading?

12 A o ka bo o ile wa supa bopelotelele jo bo tshwanang mo ngwaneng wa gago? Basha, segolo bogolo ba dingwaga tsa bolesome, ba ka tlhotlhelediwa thata ke dilo tse di tshwanang le sekole, ponalo ya mmele, dikeletso tsa ka fa dikobong, le go tuma. “Mo dikarolong tsotlhe tsa kgolo ya motho, bokau ke jo bo boima go di feta tsotlhe,” ga tlhalosa jalo lekwalo-paka le go tweng Adolescence. “Batho ba banana, ka ntlha ya go inyatsa le go tlhaela maitemogelo, ba ikutlwa gore baa gaisiwa mo lefatsheng leo le tletseng kgaisanyo e bile le sena pelotlhomogi. Boemong jwa gore ba iteseletse fela go nyadiwa le go palelwa, ba nna le maikutlo a a gagametseng a go ganana le go tlhobaela.” Maikutlo a a ntseng jalo a a tshwenyang a ka ama maitseo a ngwana. (Bapisa Moreri 7:7a.) Ke fela ka go godisa puisanyo le ngwana wa gago o ka tlhaloganyang bothata tota-tota le go nna le gone go lemoga tsela e e molemolemo ya go mo thusa.

13. (a) Dingwe tsa dilo tse di ka thibelang puisanyo ke dife? (b) Ke ka ntlha yang fa batsadi ba tshwanetse go dirisa Diane 20:5 ka metlha yotlhe? Tshwantshetsa seno.

13 Basha ba le bantsi ba ketefalelwa ke go bua ditlalelo tsa bone ka mafoko. Ka gone, fa ngwana wa gago a simolola go bua, tila dikakgelo tsa boeleele tseo di tlhabang, jaaka: ‘A ke gone gotlhe moo? Ke ne ke ithaya ke re ke sengwe se se utlwalang.’ ‘Bothata jwa gago ke gore . . . .’ ‘Tota ke eng o ntiretse jalo?’ ‘Wena o ne o ithaya o reng? O dirwa ke bongwana.’ (Diane 12:18) Ka dinako tse dingwe mosha o ka tlhoka gore o mo hukutse, segolo-bogolo fa a na le bothata jo bo masisi. “Motho eo o tlhaloganyō” o tla itshokela go ‘ga’ maikutlo a a ntseng jalo. (Diane 20:5) Banyalani bangwe ba Bakeresete ba ne ba lemoga gore morwadia bone o ne a sa tlhakanele mo ditirong tsa lelapa. Batsadi ba ne ba mo hukutsa mme ba seka ba kgona. Ba ne ba itshoka. “Kgabagare, ka letsatsi lengwe ka nna le ene mo bolaong, ka mo kampa ka lebogo, mme ka botsa gape gore bothata e ne e le eng,” mmè a bolela. “A itshekile dikeledi o ne a mpolelela gore o ne a ikutlwa gore rona le ba bangwe re ne re sa rate go mmona, jalo o ne a ikgogona ka fa a ka kgonang ka gone. Selo sa ntlha ke ne ka batla go bua ke re, ‘O bua boeleele,’ mme ke ne ka itshwara, ka tswelela ke ntse ke mo reeditse fa a ntse a bula mafatlha a gagwe.” Batsadi ba ne ba mo tlhomamisetsa gore ba ne ba amega ka ene mme morago ga moo ba tlhomamisa gore ba mo dire gore a ikutlwe a phuthulogile mo sedikong sa lelapa. O ne a fenya bothata mme jaanong o direla jaaka moreri yo o itumetseng wa nako e e tletseng.

14. Ke ka ntlha yang fa go nna le lelapa je le kitlanyeng fela ka maikutlo go sa lekana?

14 Go aga lelapa le le kitlanyeng go botlhokwa, mme le e leng malapa mangwe a lefatshe a ile a fitlhelela seo. Mme ke kgang e nngwe go aga lelapa le le ratang dilo tsa semoya e bile le kgomaretse Jehofa gammogo le leo le leng seoposengwe mo lefokong la gagwe. Go fitlhelela seno, go na le sengwe se se tlhokafalang go na le go tshwaragane fela ka maikutlo le bana ba lona.

Go Nonotsha Kitso

15. Ke kitso ya mofuta ofe e e botlhokwa-tlhokwa, mme ka ntlha yang?

15 “Matlwana a eōna a tla a tladiwe dikhumō tse di tlhokègañ le tse dintlè, ka kicō.” (Diane 24:4) Dilo tseno tse di tlhokegang thata tse di mosola ga se matlotlo a dilo tse di bonalang mme ke polokesego ya semoya, lorato lo lo intshang setlhabelo, poifo Modimo, le tumelo e e nnang gone ka ntlha ya go itse Modimo. Tseno di bopa botshelo jo bo itumetseng jwa lelapa. (Diane 2:5; 15:16, 17; 1 Petere 1:7) Kitso eno e tla nonotsha bana gore ba tle ba ganane le maano a ga Satane, le e leng a a boferefere, ka go bo Diane 24:5 e tlhalosa e re: “Monna eo o botlhale o nonohile; E, monna oa kicō o kokotletsa nonohō.” Mme o tshwanetse go tlhagolela kitso e e ntseng jalo mo dipelong tsa bone.​—Duteronome 6:6, 7; 1 Yohane 2:14.

16. (a) Ke eng se se tlhokafalang thata gore o tsenye kitso ya Modimo mo pelong ya ngwana wa gago? (b) Gore bana ruri ba tle ba solegelwe molemo, ke eng se se tlhokafalang?

16 Nngwe ya dithuso tse di molemolemo tsa go tlhagolela Lefoko la Modimo mo baneng ba gago ke go tshwara thuto ya lelapa ya ka metlha eo e ba kgothaletsang go dira gore boammaaruri e nne jwa bone. “Thuto ya lelapa e bopa mokgwa o o siameng, gore mogopolo wa ngwana wa gago o amogele tao,” ga tlhalosa jalo motsadi mongwe wa bana ba le bane yo o ileng a atlega. O ne a oketsa ka gore: “Fa o simolola go tsenya bana mo tseleng, gone fela foo ba ‘simolola go go tlhoa.’ Mme fa o ka buisanya thuto le bone ka go latelana fa go sena letlhoo lepe, jaaka mo thutong ya lelapa, go na le sebaka se sentle sa gore dintlha tsa gago di tla tsenelela kwa teng.” Mme gore bana ba tle ba solegelwe molemo thata thata, o tshwanetse go etsa moaposetoloi Paulo, yo o neng a kwala a re: “Ke tlhologelecwe go lo bōna, gore ke lo abèlè nèō ñwe ea semōea, gore lo tlè lo nitamisiwè.” (Baroma 1:11) Mpho e anaanelwa segolo fa e le sengwe seo moamogedi a ka se dirisang ebile se na le mosola wa mmatota go ene. Jalo o dirise sengwe se se ka amang botshelo jwa ngwana go tswa thutong e e rileng.

17. (a) Ke eng se se ka thusang gore thuto ya lelapa e kgatlhisa e bo e rute? (b) A o na le dikakantsho tse di oketsegileng?

17 Batsadi ba tshwanetse go tlhomamisa gape gore botlhe mo lapeng ba itse gore nako ya thuto ke efe, le gore ke thuto efe e e tla bong e ithutiwa. Bangwe ba dirisa dithuso tse di bonwang ka matlho, jaaka dimmapa le ditšhate, go tokafatsa thuto. Batsadi ba bangwe ba akareletsa dinotsididi e ka ne e le pele kana morago. Morago ga thuto ba buisanya ka mathata a letsatsi leo kana a beke eo. (Bona lebokoso le le patileng setlhogo seno go bona dikakantsho tse dingwe.) Mo godimo ga tsotlhe, tshwara thuto eno ka metlha! Batsadi ba bantsi ba tshwanelwa ke gore ba dire boiteko jo bogolo go tlamela bana ba bone ka dijo le ka bonno; mme ebile go go botlhokwa go feta moo gore ba tlamele ka “mashi a semōea a a senañ boherehere, gore [bana ba rona ba] golèlè polokoñ ka aōna.”​—1 Petere 2:2; Yohane 17:3.

18. Ke eng se se ka thusang go ‘agelela’ legae ja gago?

18 Go aga lelapa je le nonofileng mo semoyeng go tlhoka botswerere le nako. Ikemisetse go nna le botswerere jo bo tlhokafalang jwa puisanyo gore o tle o atamalane le bana ba gago ka boikutlo. Se dumelele lefa e le eng go go thibela go ipha nako e e tlhokafalang go tiisa lelapa la gago ka botlhale, tlhaloganyo, le kitso. Rapelela bana ba gago, mme o rapele le bone, ka go itse gore ke Jehofa fela yo o ka segofatsang maiteko a gago a ‘go agelela’ ka katlego.​—Pesalema 127:1.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go ya ka The Hebrew and English Lexicon, ka John Parkhurst, lefoko la “kgalemelo” le tswa mo lediring le le rayang ‘go bontsha ka papamalo, go supa ka mabaka, go bontsha, go bontsha ka mabaka a a papametseng kana a a utlwalang kana dintlha.’ Old Testament Word Studies, ka William Wilson, e bolela jaana ka lone lediri leo: “go ntsha bosupi.”

A O A Gakologelwa?

◻ Legae le tiisiwa jang ke botlhale, mme ke eng se se ka thusang bana go nna le jone?

◻ Ke ka ntlha yang fa tlhaloganyo e ka thusa go bopa puisanyo e e molemo ya lelapa?

◻ Ke ka ntlha yang fa kitso ya Modimo e le botlhokwa-tlhokwa?

◻ Thuto ya lelapa e ka dirwa jang gore e kgatlhise e bo e rute?

[Lebokoso mo go tsebe 24]

THUTO E E TSWELELANG SENTLE YA LELAPA

Thuto e tshwanetse go tsamaisiwa jang?

Boloka seemo ele se se iketlileng, mme e le se se tlotlegang. Tila go dirisa mokgwa o o gagametseng, le o o matsetseleko a a feteletseng. Botsa dipotso tse di oketsegileng o bo o dirise ditshwantsho go tlhotlheletsa kakanyo, mme o dire gore botlhe ba kopanyelediwa. Nolofatsa thuto fa go tlhokafala jalo. Go ka nna molemo fa o ka se dirise lobaka lono lwa go ithuta go omanya bana. Gongwe kgalemelo epe e e tlhokafalang e ka direlwa kwa sephiring.

Ke eng se se tshwanetseng go ithutwa?

Kgetha seo go ya ka fa ditlhokafalong tsa lelapa. Tsamaisanya le seemo. E nna paakanyetso ya thuto ya beke le beke ya Tora ya Tebelo. Go ka nna ga tlhokafala gore go tlotliwe ka dikgang tse di tlhomameng, jaaka mathata ao basha ba lebanang le one kwa sekoleng, lefereo, ditiro tse di tlang morago ga sekole, metshameko, le ditshekamelo tsa boitsholo jo bo sa siamang. Dirisa ditlhogo kana dikgatiso tseo di dirisanyang le tseno. O ka kgaoganya nako ya thuto go akaretsa ditlhogo tse di farologanyeng.

E tshwanetse go tshwarwa leng mme nne boleele jo bo kae?

Tlhogo ya lelapa e ka tlhomamisa morago ga a sena go buisanya ka dithulaganyo tsa ba bangwe mo lelapeng gammogo le go akanyetsa ditlhaelo tsa bone. Go a tlhokega go tlhokomela dingwaga le selekanyo se bana ba kgonang go neela tlhokomelo ka sone. Ba ka nna ba batla go tshwara dithuto di le mmalwa tse di khutshwafaditsweng ka makgetlho a le mmalwa mo bekeng fa ele gore bana ba sa ntse ba le babotlana. Bangwe ba ile ba nna le dinako tsa thuto tse di ntseng jalo ka nako ya dijo tsa motshegare morago fela fa di sena go jewa. Lebaka le le botlhokwa ga se boleele jwa nako fa e se boleng jwa nako e e senngwang mmogo.

O ka tlhomamisega jang gore o fitlhelela pelo ya ngwana?

Kgothaletsa ngwana go ntsha dikarabo ka mafoko a gagwe. Ka bonolo o dirise dipotso tse di batlang maikutlo go bona ka fa ngwana wa gago ruri-ruri a ikutlwang ka gone ka ga kgang e e rileng. O ka nna wa botsa ka gore: “Bana ba bangwe kwa sekolong ba ikutlwa jang ka ga kgang eno? A o ikutlwa gore ba a tlhaloganya?” Kana, “O ka tlhalosetsa jang molekane wa mo tlelaseng gore ke ka ntlha yang fa re sa dire boaka? A o akanya gore ruri seno se ka go solegela molemo? Ka ntlha yang?” O itise gore o seka wa gogomosiwa maikutlo ke dikarabo tse di neelwang morago ga dipotso tsa go batla maikutlo, gore ngwana a tle a ikutlwe a phuthologile go tlhalosa ka bopelo-e-phepha. Iphe nako go fa mongwe le mongwe sebaka sa gore a bue, go tlhomamisega gore ba tlhaloganya dintlha tse di botlhokwa ka tsela e e siameng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela