LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 3/1 ts. 3
  • Go Anama ga Bongangatlelatumelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Anama ga Bongangatlelatumelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bongangatlelatumelo—Ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Tsela e e Botoka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Dipotso Tse di Bodiwang Gangwe le Gape
    Tsogang!—2010
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 3/1 ts. 3

Go Anama ga Bongangatlelatumelo

BONGANGATLELATUMELO—masome a sekae a dingwaga a a fetileng ka bofefo, seno e ne e le mokgatlhonyana fela wa Porotesetanta. A bo dilo di fetogile jang ne! Bruce B. Lawrence, mmegi wa dikgang tsa bodumedi, o ne a kwala gore dingwaga di le 30 tse di fetileng, ke batho ba sekae fela ba ba neng ba ka bonela pele gore kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo20 la dingwaga, bongangatlelatumeloa bo ne bo tla nna botlhokwa tota le go nna kgang e go buiwang thata ka yone mo metsweding ya tshedimosetso le mo patlisisong ya yunibesithi.

Lefa go ntse jalo, seo ke se se neng sa diragala. Lokwalodikgang lo bega ka ditshupetso tse di sa laolesegeng tsa mo mebileng, dipolaano, mekgatlho e e kgatlhanong le go senngwa ga dimpa, maretshwa a dipolotiki a a tlhotlheleditsweng ke ditlhopha tsa bodumedi, melelo e e dirwang go fisa dibuka tse di tsewang di na le matlhapa ka metlha e re gakolola ditiro tsa bangangatlelatumelo. Lokwalodikgang lwa beke le beke lwa tsa madi kwa Italy la Mondo Economico lo ne lwa bolela gore mo e ka nnang gongwe le gongwe bongangatlelatumelo bo “a tlhaselwa mo leineng la Modimo.”

Gantsi bangangatlelatumelo ba tsewa gore ba feteletsa dilo e bile ba tseega maikutlo, ba tlhotlheletsa borukhutlhi le ditlhaselo tsa botsuolodi. Batho ba tshosiwa ke go oketsega ga ditlhopha tse di ntseng jalo jaaka Comunione e Liberazione mo Katoliki ya Roma, Gush Emunim mo Tsamaisong ya tumelo ya Sejuta le lekgotla la Christian Coalition mo Boporotesetanteng jwa Amerika Bokone. Ke ka ntlha yang fa bongangatlelatumelo bo anama jaana? Ke eng se se bo tlhotlheletsang? A gongwe ga se go “ipusolosetsa ga Modimo,” jaaka moithutaloago wa Mofora e bong Gilles Kepel a akantsha?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mongangatlelatumelo ke motho yo o kgomaretseng thata mekgwa ya bodumedi ya setso, le e e tlwaelegileng. Tlhaloso ya “bongangatlelatumelo” e tla tlotliwa ka botlalo mo setlhogong se se latelang.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Nina Berman/Sipa Press

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela