A ke Ngwaokobamelo e e Seng Mosola?
SEKARAMENTE ya go ipolela dibe e sa le e ntse e dirwa ke Bakatoliki ka makgolokgolo a dingwaga. Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba go tsaya e le tlwaelo e e seng mosola. Mogokgo mongwe wa sekolo se segolwane yo o bidiwang Bob, o bolela jaana fa a ne a akanya ka bosha jwa gagwe: “Ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome, mme le mo nakong eo ke ne ke sa go tseye go le masisi.” Ka ntlha yang? O ne a bona fa go ipolela dibe go setse go fetogile ngwaokobamelo e e seng mosola. O tlhalosa jaana: “Go ipolela dibe go ne go tshwana le go lere morwalo wa gago otlhe o o tletseng maleo o o isa kwa monneng yo o duedisang lekgetho la dithoto kwa lebaleng la difofane. O go botsa dipotso malebana le maleo a gago mme go tswa foo a bo a go lesa o feta fa o se na go kgethela dithoto tse dintle tse o di rekileng fa o ne o le kwa moseja.”
Ka mo go tshwanang, Frank Wessling o kwadile mo go U.S. Catholic, a tlhalosa mokgwa wa go ipolela dibe e le “kaelo e e tlhofofaditsweng fela thata e e kaelang kgato ka kgato, go simolola ka gore go phimolwe maleo a a tlwaelegileng ka gore motho a rapele thapelo e e tshwerweng ka tlhogo ya go ikotlhaya go bo go felela ka gore go nne ngwaokobamelo ya go ipolela dibe e e leng seomodiro fela.” Wessling o konela jang? O bolela jaana: “Ke tlhatswegile pelo gore go Ipolela Dibe go siametse bomoya jwa motho. Mme tsela e Bakatoliki ba go dirang ka gone go dira gore motho a go belaele.”
Baebele e tlhalosa go ipolela dibe ka tsela e e farologaneng gotlhelele. Se se botlhokwa thata ke go ipolelela Modimo. (Pesalema 32:1-5) Mme morutwa wa Mokeresete e bong Jakobe o ne a kwala jaana: “A mongwe mo go lona o a lwala? A a bitse bagolwane ba phuthego; mme a ba rapele fa go ene, ba mo tlotse lookwane mo ineng la Morena. Ke gone lo ipolelelane dibe, lo rapelelane, gore lo tle lo fodisiwe.”—Jakobe 5:14, 16.
Mokeresete yo o imelwang ke boleo o ka bitsa balebedi ba phuthego, ba ba ka mo neelang kgakololo ka namana le e e mosola e e tswang mo Baebeleng gore ba thuse modiramolato go tlogela tsela ya gagwe e e bosula. Balebedi ba ka kgothatsa ka tshwanelo ba ntse ba lebile kgatelopele ya motho yono yo o lwalang semoyeng. A bo seo se farologane jang ne le ngwaokobamelo e e leng seomodiro fela ya go ipolela dibe e e dirwang mo dikerekeng gompieno! Fa badiramolato ba ba ikotlhaileng ba nonotshiwa ka thuso e e tswang mo bagolwaneng ba phuthego ka namana, ba ka kgothala fela jaaka Dafite, jaaka a boletse mo pesalemeng jaana: “Ke ne ka go ipolelela boleo jwa me, le boikepo jwa me ga ke a bo fitlha. Ke rile: ‘Ke tlaa ipolelela Jehofa ditlolo tsa me,’ mme wa itshwarela molato wa boleo jwa me.”—Pesalema 32:5.