Bothata Jwa Thutabomodimo
“KAKANYO ya gore moya ga o swe le tumelo ya go tsoga ga baswi . . . ke dikgopolo tse pedi tse di sa tshwaneng gotlhelele, tse go tlhokegang gore go tlhophiwe e le nngwe fela mo go tsone.” Mafoko ano a ga Philippe Menoud a sobokanya bothata jo baithutabomodimo ba Baporotesetanta le Bakatoliki ba lebaneng le jone kaga boemo jwa baswi. Baebele e bolela ka tsholofelo ya tsogo “mo letsatsing la bofelo.” (Johane 6:39, 40, 44, 54) Gisbert Greshake o bolela gore lefa go ntse jalo tsholofelo ya badumedi ba le bantsi e “theilwe mo goreng moya ga o swe, o kgaogana le mmele fa motho a swa o bo o boela kwa Modimong, mme tsholofelo ya gore batho ba tla tsoga yone e nyeletse mo go ba le bantsi, fa e le gore ga se mo go botlhe.”
Bernard Sesboüé o tlhalosa gore fa go ntse jalo he, go tsoga bothata jo bo masisi: “Baswi ba a bo ba le mo seemong sefe ka nako ‘e e fa gare’ ga fa mebele ya bone e sule le fa kgabagare ba tla go tsosiwa?” Potso eo e lebega e ne e le kgang ya moruthutha ya thutabomodimo mo dingwageng di sekae tse di ntseng di feta. E bakilwe ke eng? Mme sa botlhokwa le go feta, tsholofelo ya mmatota ya batho ba ba suleng ke efe?
Tshimologo ya Bothata le go Gola ga Jone
Bakeresete ba ntlha ba ne ba tlhaloganya kgang eno sentle. Ba ne ba itse go tswa mo Dikwalong gore baswi ga ba itse sepe, ka gonne Dikwalo tsa Sehebera tsa re: “Batshedi ba a itse fa ba tlaa swa; mme baswi ga ba itse sepe . . . Ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale mo Bobipong, kwa o yang gone.” (Moreri 9:5, 10) Bakeresete bao ba ne ba solofetse gore go nne le tsogo mo nakong e e tlang ya “go nna gone ga Morena.” (1 Bathesalonia 4:13-17, NW) Ba ne ba sa solofela gore ba tla bo ba ikutlwa kwa lefelong lengwe le sele ba emetse nako eo. Joseph Ratzinger, yo ga jaanong e leng moofisiri yo mogolo wa Vatican Congregation for the Doctrine of the Faith, o bolela jaana: “Go ne go sena thuto epe e e tlhomamisang gore moya ga o swe mo Kerekeng ya bogologolo.”
Lefa go ntse jalo, Nuovo dizionario di teologia, e tlhalosa gore fa re bala mekwalo ya Borara ba Kereke, jaaka boAugustine kana Ambrose ba lekgolo la bonè la dingwaga, “re lemoga sengwe se sesha malebana le tshedimosetso e e amanang le Baebele—re bona go tlhaga thuto ya Segerika e e malebana le bofelelo jwa batho, e e farologaneng thata le ya Bakeresete ba Bajuta.” Thuto eno e ntšha e ne e theilwe mo goreng “moya ga o swe, batho ba atlholwa motho ka bongwe mme ba duelwa kana ba otlhaiwa fela fa ba sena go swa.” Ka jalo go ne ga bodiwa potso kaga “boemo jo bo fa gare”: Fa e le gore moya o a tswa fa mmele o swa, go diragala eng ka one fa o santse o emetse tsogo mo “letsatsing la bofelo”? Jono ke bothata jo baithutabomodimo ba ntseng ba kgaratlhela go bo rarabolola.
Ka lekgolo la borataro la dingwaga C.E., Mopapa Gregory I o ne a tatalala gore fa batho ba swa gone fela foo meya ya bone e ya kwa e tshwanetseng go ya teng. Mopapa John XXII wa lekgolo la bo14 la dingwaga, o ne a dumela gore baswi ba tla bona tuelo ya bone ya bofelo ka Letsatsi la Katlholo. Lefa go ntse jalo, Mopapa Benedict XII o ne a ganetsa yo o neng a tlile pele ga gagwe. Mo lokwalong lwa ga mopapa lwa Benedictus Deus (1336), o ne a bolela gore “meya ya baswi e tsena mo kgalalelong [legodimo], mo go ntlafadiweng [pakatori], kana mo kotlhaong [dihele] morago fela ga loso, e bo e tla go kopanngwa le mebele ya yone e e tsositsweng fela kwa bokhutlong jwa lefatshe.”
Go sa kgathalesege dikganetsano le dikgang, dikereke tsa Labokeresete di ile tsa dumela seo ka makgolokgolo a dingwaga, lefa dikereke tsa Porotesetanta le tsa Orthodox ka kakaretso di sa dumele mo pakatoring. Lefa go ntse jalo, fa e sale kwa bokhutlong jwa lekgolo le le fetileng la dingwaga, palo e e ntseng e oketsega ya bakanoki e ile ya supa gore thuto ya gore moya ga o swe ga e tswe mo Baebeleng, mme ka ntlha ya seo, “jaanong thutabomodimo gantsi e leka go leba motho e le sengwe se se kopaneng se se felang gotlhelele ka nako ya loso.” (The Encyclopedia of Religion) Ka jalo, batlhalosi ba Baebele ba fitlhela go le thata go tshegetsa ntlha ya gore go na le “boemo jo bo fa gare.” A Baebele e bua kaga jone, kana e solofetsa sengwe se sele?
A Paulo o ne a Dumela Gore go na le “Boemo jo bo fa Gare”?
Catechism of the Catholic Church e bolela jaana: “Gore re tsoge le Keresete, re tshwanetse go swa le Keresete: re ‘se nne mo mmeleng mme re nne kwa gae le Morena’. [2 Bakorinthe 5:8] Ka nako ya go ‘tsamaya’ e e leng loso moya o kgaogana le mmele. [Bafilipi 1:23] O tla kopana gape le mmele ka letsatsi la tsogo ya baswi.” Mme lefa go ntse jalo mo ditemaneng tse di tsopotsweng fano, a moaposetoloi Paulo o bolela gore moya o falola go swa ga mmele o bo o emela “Katlholo ya Bofelo” gore o tle o kopanngwe gape le mmele?
Mo go 2 Bakorinthe 5:1, Paulo fa a bua ka loso lwa gagwe o umaka ‘ntlo ya selefatshe’ e e ‘rutlologang.’ A o ne a akantse ka mmele o tlogelwa ke moya wa one o o sa sweng? Nnyaa. Paulo o ne a dumela gore motho ke moya, e seng gore o na le moya. (Genesise 2:7; 1 Bakorinthe 15:45) Paulo e ne e le Mokeresete yo o tloditsweng ka moya yo tsholofelo ya gagwe, fela jaaka ya bakaulengwe ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga, e neng e ‘beilwe kwa legodimong.’ (Bakolosa 1:5; Baroma 8:14-18) Ka jalo o ne a ‘tlhologeletswe’ go tsosediwa kwa legodimong e le sebopiwa sa moya se se sa sweng ka nako e Modimo a e beileng. (2 Bakorinthe 5:2-4) O ne a kwala jaana a bua kaga tsholofelo eno: “Re tlaa fetolwa rotlhe fela . . . ka lobaka lwa lonaka lwa bofelo. Gonne lonaka lo tlaa gelebetega, mme baswi ba tlaa tsosiwa ka mo go sa boleng, mme rona re tlaa fetolwa.” (Ditlhaka tse di sekameng ke tsa rona.)—1 Bakorinthe 15:51, 52.
Paulo o bolela jaana mo go 2 Bakorinthe 5:8: “Re a nametsega, mme re rata bogolo ra bo re se mo mmeleng, mme re le kwa gae le Morena.” Batho bangwe ba dumela gore mafoko ano a bua ka boemo jo bo fa gare jwa go leta. Batho bano gape ba umaka tsholofetso ya ga Jesu go balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ya gore o ne a ya go baakanya bonno jo a neng a tla ‘ba itsholela’ mo go jone. Mme lefa go ntse jalo ditsholofetso tse di ntseng jalo di ne di tla diragadiwa leng? Keresete o boletse gore e ne e tla nna ka nako ya fa a ‘tla gape’ ka nako ya go nna gone ga gagwe mo isagweng. (Johane 14:1-3) Ka tsela e e tshwanang, mo go 2 Bakorinthe 5:1-10, Paulo o ne a bolela gore Bakeresete ba ba tloditsweng botlhe ba ne ba solofetse go rua manno a selegodimo. Seno se ne se ka se ke se direge ka gore moya o se ka wa swa jaaka bangwe ba akanya, mme se ne se tla direga ka gore ba tsosiwe ka nako ya go nna gone ga ga Keresete. (1 Bakorinthe 15:23, 42-44) Motlhalosi mongwe wa ditemana e bong Charles Masson o swetsa ka gore 2 Bakorinthe 5:1-10 “he e ka tlhaloganngwa sentle go sa boelwe kwa kakanyong ya gore go na le ‘boemo jo bo fa gare.’”
Mo go Bafilipi 1:21, 23, Paulo a re: “Mo go nna, go tshela ke Keresete, mme go swa ke poelo. Ke mo pitlaganong fa gare ga dilo tse pedi tse; ke na le keletso ya go tsamaya, ke ya go nna le Keresete; gonne mo, go molemo bogolo thata.” A Paulo fano o bua ka “boemo jo bo fa gare”? Batho bangwe ba akanya jalo. Lefa go ntse jalo, Paulo o bolela gore o ne a pitlaganngwa ke dilo tse pedi tse di ka diragalang—botshelo kana loso. “Ke na le keletso,” o ne a oketsa jalo, a umaka selo sa boraro se se ka diragalang, “ya go tsamaya, ke ya go nna le Keresete.” A o ne a tla “tsamaya” a ya go nna le Keresete fela fa a sena go swa? Ebu, jaaka re setse re bone, Paulo o ne a dumela gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba ne ba tla tsosiwa ka nako ya go nna gone ga ga Keresete. Ka jalo, o tshwanetse a bo a ne a akantse ka ditiragalo tsa nako eo.
Seno re ka se bona mo mafokong a gagwe a a mo go Bafilipi 3:20, 21 le 1 Bathesalonia 4:16. Go “tsamaya” jalo ka nako ya go nna gone ga ga Keresete Jesu go ne go tla dira gore Paulo a kgone go amogela tuelo e Modimo a neng a mmeetse yone. Se se bontshang gore o ne a solofetse seo ke mafoko ao a a kwaletseng lekawana Timotheo: “Go tloga fano ke setse ke beetswe serwalo sa tshiamo, sa Morena, moatlhodi wa tshiamo, o tlaa se [nnayang] mo tsatsing leo; mme e seng nna ke le nosi, e leng le bone botlhe ba ba ratileng go bonatshega ga gagwe.”—2 Timotheo 4:8.
Tsogo—Boammaaruri jo bo Galalelang jwa Baebele
Bakeresete ba ntlha ba ne ba leba tsogo e le tiragalo e e neng e tla simologa ka nako ya go nna gone ga ga Keresete, mme ba ne ba nonotshiwa le go gomodiwa ke boammaaruri jono jo bo galalelang jwa Baebele. (Mathaio 24:3; Johane 5:28, 29; 11:24, 25; 1 Bakorinthe 15:19, 20; 1 Bathesalonia 4:13) Ba ne ba emela go itumela jalo mo isagweng ka boikanyegi, ba gana dithuto tsa botenegi tsa gore moya ga o swe.—Ditiro 20:28-30; 2 Timotheo 4:3, 4; 2 Petere 2:1-3.
Gone ke boammaaruri, tsogo ga se ya Bakeresete ba ba solofetseng go ya kwa legodimong fela. (1 Petere 1:3-5) Ditlhogo tsa lotso le batlhanka ba bangwe ba bogologolo ba Modimo ba ne ba dumela gore Jehofa a ka kgona go tsosetsa baswi mo botshelong gape gone mono lefatsheng. (Jobe 14:14, 15; Daniele 12:2; Luke 20:37, 38; Bahebere 11:19, 35) Tota le batho ba ba dibilione bao fa makgolo a dingwaga a ntse a feta ba neng ba sa itse Modimo ba na le sebaka sa gore ba ka boa ba tshela gape mo paradaiseng ya mo lefatsheng, e re ka “go tlaa nna tsogo ya basiami le ya basiamolodi.” (Ditiro 24:15; Luke 23:42, 43) A eno ga se tsholofelo e e itumedisang?
Go na le gore Jehofa a dire gore re dumele gore go boga le go swa go tla tswelela pele go le teng, o bua ka nako e ka yone “mmaba wa bofelo . . . loso,” a tla nyelediwang ka bosakhutleng le batho ba ba ikanyegang ba tla tshelelang ruri mo lefatsheng le le buseditsweng go nna Paradaise. (1 Bakorinthe 15:26; Johane 3:16; 2 Petere 3:13) A bo go tla itumedisa jang ne go bona baratiwa ba rona ba boa ba tshela gape! A bo tsholofelo eno ya mmatota e le botoka jang ne go feta kakanyo ya gore moya ga o swe—thuto e e sa theiwang mo Lefokong la Modimo mme e theilwe mo filosofing ya Bagerika! Fa o thaya tsholofelo ya gago mo tsholofetsong ya Modimo e e tla diregang tota, le wena o ka tlhomamisa gore go ise go ye kae “ga go ketla go tlhola go le loso.”—Tshenolo 21:3-5.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Tsogo ke boammaaruri jo bo galalelang jwa Baebele