LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 3/1 ts. 32
  • “Jaaka Malatsi a Setlhare”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Jaaka Malatsi a Setlhare”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 3/1 ts. 32

“Jaaka Malatsi a Setlhare”

MOSHE o ne a kwala jaana dingwaga di feta dikete tse tharo tse di fetileng: “Malatsi a dinyaga tsa rona ke dinyaga di le masome a supa, gongwe e ka nna dinyaga di le masome a a ferang mebedi ka ntlha ya thata; le fa go ntse jalo, boipelafatso jwa one ke tapiso le bohutsana fela.”—Pesalema 90:10.

Lefa go dirilwe kgatelopele mo go tsa kalafi, dingwaga tsa motho di santse di tshwana fela le ka nako ya ga Moshe. Lefa go ntse jalo, batho ga ba ne ba tshela botshelo jo bo fetang ka bofefo jalo go ya go ile. Modimo o ne a bolela jaana mo bukeng ya Baebele ya Isaia: “Jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tlaa nna jalo, mme baitshenkedwi ba me ba tlaa ja tiro ya diatla tsa bone ka monate, ka lobaka lo loleele.”—Isaia 65:22.

Sengwe sa ditlhare tse di tshelang lobaka lo lotelele thata go feta tse dingwe tsotlhe mo dinageng tse Baebele e kwaletsweng kwa go tsone ke setlhare sa motlhware. Setlhare se se tshwantshitsweng fano ke sengwe sa ditlhare tse dintsi tse di nang le dingwaga di le sekete tse di santseng di tshela kwa Galilea. Batho ba tla kgona go tshela lobaka lo lotelele jalo leng? Boperofeti jone joo bo tlhalosa gore e tla nna fa Modimo a bopa “magodimo a maša, le lefatshe le leša.”—Isaia 65:17.

Buka ya Tshenolo le yone e perofesa gore go tla tlhongwa “legodimo le leša le lefatshe le leša”—puso e ntšha ya selegodimo le setšhaba se sesha sa batho mme ka nako eo Modimo “o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko.”—Tshenolo 21:1, 4.

Tsholofetso eno ya Modimo e tla tloga e diragadiwa. Ka nako eo, le one malatsi a setlhare sa motlhware a tla lebega jaaka letsatsi la diura tse 24 fela. Mme re tla nna le nako e e lekaneng gore re itumelele tiro ya diatla tsa rona ka botlalo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela