Sengwe se se Molemolemo se Nka se Dirang ka Botshelo Jwa Me
JAAKA FA GO BOLETSE BOB ANDERSON
Mo e ka nnang dingwaga di le lesome tse di fetileng, ditsala dingwe di ne tsa mpotsa jaana, “Bob, ke ka ntlha yang fa o ile wa tswelela pele o le mmulatsela ka lobaka lo lo kanakana?” Ke ne ka nyenya ke bo ke re: “Gone mme, a go na le sengwe se o akanyang gore motho a ka se dira se se botoka go na le go bula tsela?”
KE NE ke na le dingwaga di le 23 ka 1931 fa ke ne ke simolola tirelo ya bobulatsela. Jaanong ke mo ngwageng wa me wa bo87 mme ke santse ke bula tsela. Ke a itse gore ga go na sepe se se botoka se ke neng nka se dira ka botshelo jwa me. Mma ke tlhalose gore ka ntlha yang.
Mongwe o ne a tlogela pampitshana kwa lapeng ka 1914. E ne e gatisitswe ke Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Fa Mosupi yoo a boa, Mmè o ne a mmotsa dipotso ka kelotlhoko kaga molelo wa dihele. O ne a godisitswe e le mongwe yo o tlhoafetseng wa bodumedi jwa Wesleyan Methodist mme o ne a sa kgone go bona gore thuto eno ya go bogisiwa ka bosakhutleng e dumalana jang le lorato lwa Modimo. Fela fa a sena go ithuta boammaaruri jwa kgang eno, o ne a re: “Ke ikutlwa ke itumetse go feta ka nako epe fela mo botshelong jwa me!”
Mmè o ne a tlogela go ruta kwa sekolong sa Sontaga sa Methodist gone fela foo mme a nna leloko la setlhopha se sennye sa Baithuti ba Baebele. O ne a simolola go rera mo toropong ya gaetsho ya Birkenhead, eo e lebaganeng le lotshitshi lwa Liverpool kwa moseja ga Noka ya Mersey, mme go ise go ye kae o ne a tsamaya ka metlha ka baesekele a ya kwa ditoropong tse dintsi tse di fa gaufi. O ne a rera mo tshimong eno e kgolo go fitlha a tlhokafala mme o ne a itsege thata, ka go rialo a tlhomela bana ba gagwe sekao se se molemo. O ne a tlhokafala ka 1971 a setse a godile a le dingwaga di le 97, a nnile Mosupi yo o tlhagafetseng go ya bokhutlong.
Nna le kgaitsadiake, Kathleen, re ne ra ntshiwa mo sekolong sa Sontaga sa Methodist gore re tsamaye le Mmè fa a ya dipokanong tsa gagwe le Baithuti ba Baebele. Moragonyana, fa rrè le ene a simolola go nna a tsamaya le rona, batsadi ba me ba ne ba rulaganya gore ka metlha re nne le thuto ya lelapa ya Baebele ka buka ya The Harp of God. Mo metlheng eo thuto e e ntseng jalo e ne e le sengwe se sesha, mme go thapisiwa jalo re sale basha ka boammaaruri jwa motheo jwa Baebele go ne ga tlisa maduo a magolo, ka gonne nna le kgaitsadiake ka bobedi jwa rona re ne ra simolola tirelo ya bobulatsela moragonyana.
Mmè o ne a dumela gore go bona “Photo-Drama of Creation” kwa Liverpool ka 1920 e ne e le tiragalo e kgolo semoyeng mo matshelong a rona bana, mme o ne a bua boammaaruri. Lefa ke ne ke sale mosha jalo, ditshwantsho tseo di ne tsa nna mo mogopolong wa me ka tsela e e sa phimolegeng. Sengwe se ke santseng ke se gakologelwa sentle ke karolo e e neng e bontsha botshelo jwa ga Jesu, bogolo jang fa e tla go mmontsha a tsamaya a ya go bolawa. Seo sotlhe se ne sa nthusa gore ke tlhome mogopolo mo tirong e e leng yone ya botlhokwa go gaisa tsotlhe mo botshelong—go rera!
Mo masimologong a bo1920, ke ne ka simolola go tsamaisa dipampitshana le mmè ka boSontaga thapama. La ntlha re ne re laetswe gore re di tlogele mo malwapeng; mme moragonyana re ne ra bolelelwa gore re di neele beng ba matlo mo diatleng re bo re boela gape kwa go ba ba neng ba kgatlhega. Ga ke bolo go leba seno jaaka motheo wa tiro ya go dira maeto a go boela le go tshwara dithuto tsa Baebele, eo e nang le matswela thata gompieno.
Go Simolola Tirelo ya Bobulatsela!
Nna le Kathleen re ne ra kolobediwa ka 1927. Fa ke ne ke bereka kwa Liverpool jaaka mokanoki wa dikhemikale ka 1931, ke ne ka utlwa maitlamo a gore re dirise leina Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke tlhola ke bona barekisi ba dibuka ba Mokgatlho (ba jaanong ba bidiwang babulatsela) ba dira mo mafelong a kgwebo kwa Liverpool, mme ke ne ka kgatlhiwa thata ke sekao sa bone. A bo ke ne ke eletsa jang ne go kgaogana le ditsala tsa lefatshe, gore ke dirise botshelo jwa me ke direla Jehofa!
Ka selemo sa one ngwaga oo, Gerry Garrard tsala ya me o ne a mpolelela gore o ne a amogetse kabelo e e neng e tswa go poresidente wa bobedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, Joseph F. Rutherford, gore a ye go rera kwa India. O ne a nketela pelenyana fela ga gore a tsamaye ka sekepe mme a bua kaga tshiamelo ya tirelo ya nako e e tletseng. Fa a ntshadisa sentle, o ne a nkgothatsa gape ka go re, “Ke dumela gore o tla tloga o nna mmulatsela, Bob.” Mme go ne ga direga fela jalo. Ke ne ka ikwadisa ka October ene yoo. A boitumelo jo bogolo, kgololesego, ke tsamaya ka baesekele mo ditselaneng tsa naga, ke rera mo metsaneng e e kwa thoko! Ka nako eo ke ne ke itse gore ke ne ke simolola tiro e e botlhokwa go gaisa tsotlhe e ke neng ke ka e dira.
Kabelo ya me ya ntlha ya bobulatsela e ke neng ka e fiwa e ne e le kwa South Wales koo ke neng ka fitlha ka dira mmogo le Cyril Stentiford. Moragonyana Cyril o ne a nyala Kathleen, mme ba bula tsela mmogo ka dingwaga di le dintsinyana. Morwadiabone, Ruth le ene o ne a simolola tirelo ya bobulatsela moragonyana. Ka 1937, ke ne ke le kwa Fleetwood, kwa Lancashire—ke bula tsela le Eric Cooke. Go tla go fitlha ka nako eo, babulatsela ba ne ba dira mo mafelong a selegae a Boritane fela, e seng mo tshimong ya phuthego. Mme lefa go ntse jalo Albert D. Schroeder, yo ka nako eo a neng a tlhokometse tiro ya ofisi ya lekala la Mokgatlho kwa Lontone, o ne a dira tshwetso ya gore a re romele kwa toropong ya Bradford, kwa Yorkshire. Leno e ne e le lekgetlho la ntlha babulatsela kwa Boritane ba romelwa go ya go thusa phuthego nngwe e e rileng.
Ka 1946 Eric o ne a ya kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileate mme a abelwa kwa Rotesia Borwa, e jaanong e bidiwang Zimbabwe, mme ene le mosadi wa gagwe ba santse ba direla ka boikanyegi jaaka barongwa kwa Durban, kwa Afrika Borwa.
Ka ngwaga wa 1938 ke ne ka tsena mo kabelong e nngwe, jaanong ke le motlhanka wa kgaolo (yo jaanong a bidiwang molebedi wa potologo) wa bokonebotlhaba jwa Lancashire le Kgaolo e ntle ya Lake. Fa ke le koo ke ne ka kopana le Olive Duckett, mme e ne ya re fela fa re sena go nyalana a tsamaya le nna mo tirong ya go potologa.
Ireland mo Dingwageng Tsa Ntwa
Fela fa Boritane a sena go bolela gore o lwa le Jeremane ka September 1939, kabelo ya me e ne ya fetoga ka ya go direla kwa Ireland. Kwa Boritane go ne go setse go simolotswe go kwadisetsa batho go ya ntweng, mme kwa Repaboliking ya Ireland e e kafa borwa go ne go ise go simologe, mme e ne ya tswelela e le naga e e sa tseyeng letlhakore ntwa ya ba ya fela. Repaboliki ya Ireland le Ireland Bokone di ne di tla nna potologo e le nngwe fela. Lefa go ntse jalo go ne go na le dithibelo dingwe, ka gone go ne go tlhokega gore motho a nne le dipampiri tsa mesepele gore a tswe mo Boritane a ya kwa karolong nngwe le nngwe fela ya Ireland. Badirelapuso ba ne ba mpolelela gore nka tsamaya, mme lefa go ntse jalo ke ne ke tshwanetse go dumela gore e ne e tla re fela fa ke tshwara dingwaga tsa go ya ntweng ke bo ke boela kwa Engelane gone fela foo. Ke ne ka dumela ka molomo, mme lefa go ntse jalo se se neng sa nkgakgamatsa, fa tetla ya me e tla, e ne e sena melawana epe gotlhelele!
Ka nako eo, go ne go na le Basupi ba feta 100 go sekae fela mo Ireland yotlhe. Fa re goroga kwa Dublin ka November 1939, re ne ra kgatlhantshiwa ke Jack Corr, mmulatsela wa nako e telele. O ne a re bolelela gore go ne go na le babulatsela ba bangwe ba le babedi mo toropong e e fa gaufi le batho ba sekae ba ba kgatlhegang kwa Dublin, ba ka nna 20 botlhe. Jack o ne a hira phaposi kwa Dublin e re neng ra dumela rotlhe gore re tla tshwarela pokano mo go yone ka metlha Sontaga mongwe le mongwe. Thulaganyo eno e ne ya tswelela pele go fitlha phuthego e tlhongwa ka 1940.
E re ka Ireland Bokone e ne e le karolo ya United Kingdom, e ne e lwa le Jeremane, ka jalo fa re ntse re fudugela kwa bokone kwa Belfast, re ne ra tshwanelwa ke go itshokela dibuka tsa dithekethe tsa dijo le go tingwa ga dipone bosigo. E re ntswa difofane tsa Manazi di ne di tshwanelwa ke go fofa sekgala sa dikilometara di feta 1 600 go ya kwa Belfast le go boela kwa di nnang teng kwa Yuropa, di ne tsa kgona go thuntsha toropo eno ka dibomo sentle fela. Ka tlhaselo ya ntlha, Holo ya rona ya Bogosi e ne ya senyega le folete ya rona e ne ya senngwa fa re ne re santse re etetse bakaulengwe ba rona kwa karolong e nngwe ya toropo, ka jalo re ne ra falola ka tsela e e gakgamatsang. Ka jone bosigo joo, lelapa lengwe la Basupi le ne la tabogela mo lefelong la botlhe le go tshabelwang dibomo mo go lone. Fa ba tsena koo ba ne ba fitlhela go tletse mme ba tshwanelwa ke go boela kwa gabone. Lefelo leo le ne la thuntshiwa ka tlhamalalo, mme botlhe ba ba neng ba le mo teng ba ne ba swa, mme bakaulengwe ba rona bone ba ne ba falola ka dintho di sekae fela. Mo dingwageng tseno tse di bokete tsa ntwa, ga go na le fa e le ope wa bakaulengwe ba rona yo o neng a gobala mo go masisi, mme re ne ra leboga Jehofa ka ntlha ya seo.
Go Fiwa Dijo Tsa Semoya
Fa ntwa e ntse e tswelela pele, dithibelo di ne tsa gagamalela pele, mme kgabagare poso e ne ya simolola go kanokwa. Seno se ne se raya gore Tora ya Tebelo e ne e thibetswe e bile e sa letlelelwa go tsena mo teng ga naga eno. Lefa re ne re ipotsa gore re ne re ka dira eng, letsogo la ga Jehofa ga le a ka la nna lekhutshwane. Moso mongwe ke ne ka amogela lokwalo lo lo neng lo tswa go “ntsalake” kwa Canada a nkwalela mabapi le dikgang tsa lelapa. Ke ne ke sa itse gore e ka tswa e le mang, mme o ne a kwala kwa tlase ga lokwalo gore o ne a nthomelela “setlhogo se se kgatlhang kaga Baebele” gore ke se bale. E ne e le kopi ya Tora ya Tebelo, mme ka gonne tsebe ya yone ya kafa ntle e ne e sena sepe, mokanoki wa poso o ne a sa e ntsha.
Ka bonako fela nna le mosadi wa me re ne ra simolola go kopolola ditlhogo tseo, re thusiwa ke Basupi ba lefelo leo, go akaretsa le Maggie Cooper yo o neng a thusitse go dira “Photo-Drama.” Go ise go ye kae re ne ra rulaganya dilo gore re romele dikopi di le 120 go ralala naga yotlhe, fa dimakasine tsa Tora ya Tebelo tsa tsebe e e senang sepe ya kafa ntle di ntse di goroga ka metlha di tswa kwa ditsaleng tse disha di le dintsi kwa Canada, Australia, le United States. Ka ntlha ya botlhaga jwa bone le bopelonomi jwa bone, ga re ise re ko re fetiwe ke tokololo epe mo nakong yotlhe ya fa go lowa.
Re ne ra kgona le go nna le dikopano. E e neng e tlhomologile ke kopano e kgolo ya 1941 e mo go yone go neng ga gololwa kgatiso e ntšha ya Children. Go ne go lebega gore mokanoki o ne a se kgatlhanong le buka e a neng a akanya gore e bua kaga bana, ka jalo re ne ra kgona go di amogela mo nageng ya rona kwantle ga mathata ape! Ka lekgetlho le lengwe, re ne ra dira gore bukana ya Peace—Can It Last? e gatisiwe mo nageng eno ka gonne go ne go sa kgonege gore re romelelwe dikopi tsa yone go tswa kwa Lontone. Lefa go ne go na le dithibelo tseno tsotlhe mo go rona, rotlhe re ne ra tlhokomelwa sentle semoyeng.
Go Fenya Kganetso
Moruti mongwe yo o neng a nna kwa legaeng la tlhokomelo ya bagodi kwa Belfast le le neng le tsamaisiwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a romelela mosadi wa gagwe a le kwa Engelane buka ya Riches. Mosadi wa gagwe o ne a ganetsa boammaaruri, mme a tlhalosa seo ka phepafalo fa a mo fetola. Gape o ne a bolela gore re “mokgatlho o o sa ineelang mo setšhabeng.” Mokanoki wa poso o ne a lemoga mafoko ao mme a itsise ba Lephata la Tlhotlhomiso Borukutlhi. Ka ntlha ya seo, ke ne ka bilediwa kwa dikampeng tsa mapodise gore ke ye go tlhalosa mme ka kopiwa gore ke tle le kopi ya Riches. Se se kgatlhang ke gore fa buka eo e tla go busiwa, ke ne ka lemoga gore dikarolo tsotlhe tse di neng di thaletswe di ne di bua kaga Kereke ya Roma Katoliki. Ke ne ka akanya gore seno se ne se supa sengwe, ka gonne ke ne ke itse gore mapodise a ne a disitse tiro ya IRA (Irish Republican Army [Sesole sa Repaboliki ya Ireland]).
Ke ne ka bodiwa dipotso thata ka ga go se tseye letlhakore ga rona ka dinako tsa ntwa, ka gonne mapodise a ne a sa kgone go tlhaloganya boemo jwa rona. Mme lefa go ntse jalo babusi ga ba ise ba ko ba tseye kgato epe kgatlhanong le rona. Moragonyana, fa ke ne ke kopa tetla ya gore re tshware kopano, mapodise a ne a gatelela gore a tla romela batsayadikgang ba mapodise ba le babedi. Ke ne ka re, “Re tla ba amogela!” Ka jalo ba ne ba tla mme ba nna teng mo pokanong yotlhe ya thapama, ba tsaya dintlha ka mokwalo o o bofefo. Kwa bokhutlong jwa thulaganyo ba ne ba botsa jaana, “Ke eng fa re rometswe fano? Re itumelela sengwe le sengwe!” Ba ne ba tla gape letsatsi le le latelang mme ba itumelela go amogela kopi ya mahala ya bukana ya rona ya Peace—Can It Last? Kopano e ne ya ba ya fela go sa direga sepe.
Fela fa ntwa e sena go fela le dithibelo tsa mesepele di sena go fokodiwa, Pryce Hughes go tswa kwa Bethele ya Lontone o ne a tla kwa Belfast. O ne a tsamaya le Harold King, yo moragonyana a neng a abelwa go nna morongwa kwa China. Morago ga dingwaga di le thataro re le kgakala le ofisi ya lekala la Lontone, rotlhe re ne ra kgothadiwa thata ke dipuo tse bakaulengwe bano ba neng ba di neela. Nako e khutshwane fela morago ga foo, Harold Duerden, mmulatsela yo mongwe yo o ikanyegang, o ne a romelwa go tswa kwa Engelane gore a tle go nonotsha tiro ya Bogosi mo Belfast.
Go Boela kwa Engelane
Re ne re setse re rata bakaulengwe ba kwa Ireland thata, jaanong go ne go le thata go boela kwa Engelane. Mme lefa go ntse jalo nna le mosadi wa me re ne ra abelwa gore re boele kwa Manchester mme moragonyana re ne ra fudugela kwa Newton-le-Willows, toropo e nngwe ya kwa Lancashire koo go neng go na le tlhokafalo e kgolwane teng. Morwadiarona, Lois, o ne a tsholwa ka 1953, mme go ne ga itumedisa thata go mmona a simolola bodiredi jwa bobulatsela a na le dingwaga tse 16. Fa a sena go nyalana le David Parkinson wa mmulatsela, ba ne ba tswelela pele ba le mo tirelong ya bone ya nako e e tletseng kwa Ireland Bokone, ka go rialo ba gata mo dikgatong tsa me le Olive ka ditsela tse dintsi. Jaanong ba boetse mo Engelane le bana ba bone, mme rotlhe re direla mo phuthegong e le nngwe fela.
Lefa maemo a rona a ne a fetofetoga, ga ke ise nko ke tlogele go bula tsela—Olive ga a ise a ko a batle gore ke tlogele, le nna ke ne ke sa batle. Ga ke bolo go dumela gore mosadi wa me le ene a ka akgolelwa go bo ke kgonne go bula tsela ka lobaka lo lotelele jaana ka gonne fa e ne e se ka go ntshegetsa ga gagwe ka metlha, ka lorato, nkabo ke sa kgona go tswelela pele mo tirelong ya nako e e tletseng. Gone ke boammaaruri gore gone jaanong re lapa ka bonako roobabedi, mme lefa go ntse jalo re santse re itumelela go bula tsela, bogolo jang fa re le mmogo, re tshwere dithuto tsa Baebele le baagisani ba rona. Mo dingwageng tse di ntseng di feta, re ile ra nna le tshiamelo ya go thusa batho ba ka nna lekgolo gore ba nne batlhanka ba ba ineetseng, ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa. A bo seo se ile sa itumedisa thata jang ne! Mme ke dumela gore palo eno e tshwanetse ya bo e setse e ntsifetse go menagane gantsintsi e re ka malapa mangwe a ile a nna Basupi go fitlha le mo kokomaneng ya boraro le ya bone.
Nna le Olive re atisa go tlotla kaga ditshiamelo tse dintsi le maitemogelo a re nnileng le one mo dingwageng tse di ntseng di feta. A bo e nnile dingwaga tse di itumedisang jang ne, mme a bo di fetile ka bofefo jang ne! Ke itse gore nka bo ke sa bona sepe go se dira mo botshelong jwa me se se botoka go na le go direla Modimo wa me, Jehofa, ke le mmulatsela dingwaga tse tsotlhe. Jaanong, lefa ke leba kwa morago ka ditebogo kana ke leba kwa pele ka tsholofelo, ke fitlhela gore mafoko a ga Jeremia a na le bokao tota: “Fa e bo ne ne re sa nyelediwe jaana ke ka ntlha ya mapelonomi a ga Jehofa, le ka go bo matlhomoga pelo a gagwe a sa tlhaele. A ntse maša ka meso le meso. . . . ‘Ke gone ke tlaa solofelang mo go ene.’”—Dikhutsafalo 3:22-24.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Bob le Olive Anderson