Dikgakgamatso Tsa ga Jesu—A Tota di Diragetse Kgotsa ke Tlhamane Fela?
“Ya re bosigo, ka lobaka lwa tebelo ya bone, a ya kwa go bone a tsamaya ka dinao mo godimo ga lewatle.”—Mathaio 14:25.
DIMILIONE tsa batho mo lefatsheng lotlhe, di tsaya tumelo ya gore Jesu Keresete o ne a dira dikgakgamatso e le botlhokwa fela jaaka go dumela mo Modimong ka boene. Bakwadi ba Efangele—Mathaio, Mareko, Luke, le Johane—ba tlhalosa dikgakgamatso tsa ga Jesu di ka nna 35. Lefa go ntse jalo, dipego tsa bone di akantsha gore o ne a dira dikgakgamatso tse dingwe di le dintsi ka maatla a e seng a tlholego.—Mathaio 9:35; Luke 9:11.
Dikgakgamatso tseno di ne di sa direlwe go tlosa batho bodutu. Di ne di le botlhokwa mo go boleleng fa Jesu e ne e le Morwa Modimo, Mesia yo o neng a sa bolo go emelwa. (Johane 14:11) Moshe o ne a ile a dira ditshupo tsa dikgakgamatso fa a ne a itlhagisa mo setšhabeng sa Iseraele se se neng se le mo bokgobeng. (Ekesodo 4:1-9) Go a utlwala gore Mesia, yo o neng a perofetilwe gore o ne a tla nna mogolo mo go Moshe, le ene go ne go ka lebelelwa gore a dire sesupo sengwe se se neng se supa gore o tshegediwa ke Modimo. (Duteronome 18:15) Ka gone Baebele e bitsa Jesu gore ke “monna yo Modimo o . . . supeditseng [Bajuta] go itumela ga one mo go ene, ka ditiro tsa nonofo le dikgakgamatso le ditshupo.”—Ditiro 2:22.
Mo metlheng e e fetileng, ka kakaretso batho ba ne ba sa okaoke go amogela se Baebele e neng e se bolela ka ga Jesu gore ke modiri wa dikgakgamatso. Mme mo masomeng a dingwaga a a sa tswang go feta, dipego tsa Efangele di ile tsa tshwaiwa diphoso fela thata. Mo bukeng ya ga Lloyd Graham ya Deceptions and Myths of the Bible, o ne a bolela ka pego ya Baebele ya ga Jesu fa a ne a tsamaya ka dinao mo godimo ga metsi mme a bo a bolela jaana: “Go tlhoka kitso tota ke gone go ka dirang gore motho a dumele fa seno se ile sa direga jaaka se bolelwa, lefa go ntse jalo, dimilione tsa batho di dumela fa seo se diragetse jaaka se bolelwa. Mme go tswa foo re ipotsa gore ke eng se se phoso ka lefatshe la rona. A o ne o ka lebelela go bona lefatshe le le botoka la batho ba sena kitso jalo?”
A ga go Kgonege?
Lefa go ntse jalo, go tshwaya diphoso mo go ntseng jalo ga go utlwale. The World Book Encyclopedia e tlhalosa kgakgamatso jaaka “tiragalo e e ka sekang ya tlhalosiwa go ya ka melao e e itseweng ya tlholego.” Go ya ka tlhaloso eo, thelebishene ya mebala, foune ya cellular, kana khomputara ya laptop di ne di ka tsewa e le dikgakgamatso mo lekgolong le le lengwe fela la dingwaga le le fetileng! A go a utlwala gore re tatalale fela mme re re sengwe ga se kgonege e le ka go bo fela re sa kgone go se tlhalosa go ya ka kitso ya saense ya segompieno?
Ntlha e nngwe e re ka e sekasekang ke eno: Mo puong ya Segerika ya ntlhantlha e e neng ya dirisiwa go kwalwa “Tesetamente e Ntšha,” lefoko le le dirisediwang “kgakgamatso” e ne e le dyʹna·mis—lefoko le tota le kayang “nonofo.” Gape le ranolwa jaaka “go dira dikgakgamatso” kana ‘nonofo.’ (Luke 6:19; 1 Bakorinthe 12:10; Mathaio 25:15) Baebele e bolela gore dikgakgamatso tsa ga Jesu di ne di bontsha “maatla a a boitshegang a Modimo.” (Luke 9:43, NW) A ditiro tse di ntseng jalo di ne di ka palela Modimo mothatayotlhe—Ene yo o ‘mogolo mo nonofong’?—Isaia 40:26.
Bosupi Jwa Gore di Boammaaruri
Go sekaseka Diefangele tseno tse nnè go re neela bosupi jo bo oketsegileng jwa gore re ka di dumela ka kelotlhoko. Se se botlhokwa ke gore dipego tseno di farologane thata le mainane le ditlhamane. Ka sekai, akanya ka dipolelo tsa maaka tse di neng di bolela ka ga Jesu tse di neng tsa anama mo makgolokgolong a dingwaga fa a sena go swa. “Efangele ya ga Thomas” e e seng karolo ya dibuka tse di tlhotlheleditsweng e bolela jaana: “Fa mosimane yono Jesu a ne a le dingwaga di le tlhano . . . , o ne a tsamaya a raletse motsana mongwe, mosimanyana mongwe o ne a tla a tabogile a bo a mo thula mo legetleng. Jesu o ne a tenega mme a mmolelela jaana: ‘Ga o kitla o tswelela pele le mosepele wa gago’, mme go tswa foo fela ngwana yono o ne a wa a bo a swa.” Ga go thata go lemoga gore polelo eno ke ya mofuta ofe—polelo e e itlhametsweng fela. Mo godimo ga moo, ngwana yono yo o sa tlhomamang, yo o letshwenyo yo go buiwang ka ene fano ga a tshwane le Jesu wa Baebele.—Farologanya le Luke 2:51, 52.
Jaanong a o ko o sekaseke dipego tsa Efangele tse di boammaaruri. Ga di a okediwa ka maaka le dikakantsho tsa ditlhamane fela. Jesu o ne a dira dikgakgamatso go dumalana le thuso e e neng e tlhokega ya mmatota, e seng go kgotsofatsa boikutlo jo bo sa tlhomamang fela. (Mareko 10:46-52) Jesu ga a ise a ko a dirise dinonofo tsa gagwe gore di mo solegele molemo ka boene. (Mathaio 4:2-4) E bile ga a ise a ko a di dirise gore a batle go itshupa mo go ba bangwe. E bile tota, fa Kgosi Herote yo o neng a šwegašwega a batla gore Jesu a mo direle ‘sesupo’ sengwe se se gakgamatsang, Jesu o ne “a se ka a mo fetola ka lepe.”—Luke 23:8, 9.
Gape dikgakgamatso tsa ga Jesu di farologane gotlhelele le tiro ya batsietsi ba ba ditswerere, boramaselamose le ba ba fodisang ka go rapelela. Ditiro tse di maatla tse a neng a di dira di ne di galaletsa Modimo ka metlha. (Johane 9:3; 11:1-4) Dikgakgamatso tsa gagwe di ne di sena dingwaokobamelo tse di gogomosang maikutlo, meano ya seselamose, go ipontsha mo bathong, boferefere le go tshereanya, jaaka ba bangwe ba bolela. Fa Jesu a ne a kopana le mokopi wa sefofu yo o neng a bidiwa Baretimaeo yo o neng a goa a re: “Moruti, a nke ke amogele pono ya me,” Jesu o ne a mo raya fela a re: “‘Tsamaya, tumelo ya gago e go fodisitse.’ Mme a akofa a amogela pono ya gagwe.”—Mareko 10:46-52.
Dipego tsa Efangele di bontsha gore Jesu o ne a dira ditiro tsa gagwe tse di maatla a sa dirise didirisiwa dipe, serala se se rulaganeditsweng tiro eo, kana dipone tse di tsietsang. Di ne di direlwa fela mo pepeneneng, gantsi di ne di direlwa fa pele ga batho ba le bantsi ba di bona ka matlho. (Mareko 5:24-29; Luke 7:11-15) Go farologana maiteko a bafodisi ba segompieno ba ba fodisang ka go rapelela, maiteko a gagwe a go fodisa a ne a se ke a paledisiwa ke go bo motho mongwe yo o lwalang a tsewa gore ga a na tumelo. Mathaio 8:16 e bolela jaana: “[O ne] a fodisa botlhe ba ba lwalang.”
Mo bukeng ya Mokanoki e bong Arthur Pierson e e bidiwang “Many Infallible Proofs:” The Evidences of Christianity, o ne a bolela jaana ka dikgakgamatso tsa ga Keresete: “Palo ya tsone, go fodisa mo a neng a go dira ka ponyo ya leitlho fela le ka tsela e e feletseng, le lebaka la go bo a ne a sa palelwe ke sepe le fa a ne a leka go tsosa baswi tota, go bontsha pharologanyo e kgolo fa gare ga dikgakgamatso tseno le ditiro tse di gakgamatsang tsa boitimokanyo tsa mo motlheng ono le tsa mo motlheng ope fela o sele.”
Go Tshegediwa ke Lefatshe
Pierson o ntsha kgang e nngwe gape e e tshegetsang dipego tsa Efangele fa a bolela jaana: “Lebaka la go bo baba ba ne ba sa ganetse le tlhomamisa go feta lepe fela gore dikgakgamatso tsa dikwalo di diragetse.” Baeteledipele ba Bajuta ba ne ba ikutlwa ka tsela e e nonofileng tota ya go batla go latola Jesu, mme dikgakgamatso tsa gagwe di ne di itsege fela thata mo baganetsi ba neng ba ka se ka ba leka go di ganetsa. Se ba neng ba ka se dira fela e ne e le go kaya gore dikgakgamatso tseo di ne di dirwa ka maatla a badimona. (Mathaio 12:22-24) Mo makgolokgolong a dingwaga morago ga gore Jesu a swe, bakwadi ba Talmud ya Sejuta ba ne ba tswelela pele ba dumela fa Jesu a ne a na le nonofo ya go dira dikgakgamatso. Go ya ka buka ya Jewish Expressions on Jesus, ba ne ba mo tsaya jaaka motho yo o “neng a dira ditiro tsa maselamose.” A ba ne ba ka akgela jalo fa e le gore go ne go ka kgonega lefa e le go le gonnye fela go tsaya gore dikgakgamatso tsa ga Jesu e ne e le tlhamane fela?
Bosupi jo bongwe jo bo oketsegileng bo tswa mo go raditiragalo wa kereke e bong Eusebius ya mo lekgolong la bonè la dingwaga. Mo bukeng ya gagwe ya The History of the Church From Christ to Constantine, o nopola Quadratus mongwe yo o neng a romela mmusimogolo lekwalo a femela Bokeresete. Quadratus o ne a kwala jaana: “Ditiro tsa Mmoloki wa rona di ne di bonwa ke mang le mang ka metlha, ka gonne di ne di le boammaaruri—batho ba ba neng ba fodisitswe le ba ba neng ba tsositswe mo losong, ba ne ba se ka ba bonwa ka nakwana fela fa ba sena go fodisiwa kana go tsosiwa, mme ba ne ba bonwa ke mang le mang ka metlha, e seng fela fa Mmoloki a ne a santse a na le rona, mme le morago ga nako e telele A sena go tsamaya; e bile tota bangwe ba bone ba ne ba tshela go fitlha mo motlheng wa me.” Mokanoki e bong William Barclay o ne a lemoga seno: “Quadratus o bolela gore batho ba go neng go dirilwe dikgakgamatso mo go bone ba ne ba santse ba tshela le gore tota ba ne ba ka ntshiwa e le bosupi. Fa e le gore seo e ne e le maaka go ne go ka bo go ile ga nna motlhofo thata gore puso ya Baroma e bolele fa seo e le maaka.”
Go dumela mo dikgakgamatsong tsa ga Jesu go a utlwala, e bile go dumalana ka botlalo le bosupi. Lefa go ntse jalo, dikgakgamatso tsa ga Jesu ga se hisitori e e senang mosola fela. Bahebere 13:8 e re gakolola jaana: “Jesu Keresete e ntse ke ene wa maabane le wa gompieno, ee, le wa ka bosakhutleng.” Ee, o a tshela kwa magodimong gompieno, o kgona go dirisa nonofo ya go dira dikgakgamatso ka tsela e kgolwane thata go gaisa fa a ne a santse a le mo lefatsheng. Mo godimo ga moo, dipego tsa Efangele ya dikgakgamatso tsa gagwe (1) di ruta Bakeresete dithuto tse di mosola gompieno, (2) di senola dikarolo tse di kgatlhang tsa botho jwa ga Jesu, le (3) go re tlhokomedisa kwa nakong e e gaufi mo isagweng e mo go yone go tla nnang le ditiragalo tse di molemolemo!
Setlhogo se se latelang se tla dira gore re tlhome megopolo mo dipegong tse tharo tse di itsegeng thata tsa Baebele go tlhalosa dintlha tseno.