Dithuto Tse di Tswang mo Dikgakgamatsong Tsa ga Jesu
“ERILE ka tsatsi la boraro, ga bo go le nyalo kwa Kana wa Galilea . . . Jesu le ene a lalelediwa nyalong, le barutwa ba gagwe. Ya re bojalwa jwa mofine bo tlhaela, mma Jesu a mo raya a re: ‘Ga ba na bojalwa jwa mofine.’” Tiragalo eno e ile ya simolola kgakgamatso ya ga Jesu ya ntlha.—Johane 2:1-3.
A bothata jo bo ntseng jalo bo ne bo se bonnyennyane thata, bo le bobotlana thata, mo go neng go sa tlhokege gore bo bolelelwe Jesu? Mokanoki mongwe wa Baebele o tlhalosa jaana: “Go amogela baeng kwa Botlhaba e ne e le tiro e e botlhokwa thata . . . Go amogela baeng ka tsela ya mmatota, segolobogolo kwa modirong wa lenyalo, go ne go tlhoka dijo le dino tse dintsi. Fa dijo le dino di ne di [fedile] kwa modirong wa lenyalo, ba lelapa leo le banyalani ba basha ba ne ba tla nna ba tlhabilwe ke ditlhong ka dinako tsotlhe ka ntlha ya seo.”
Ka gone Jesu o ne a tsaya kgato. O ne a bona “ditsaga tsa lentswe di le thataro, di beilwe teng ka fa mokgweng wa Bajuta wa bontlafatso.” E ne e le ngwao mo Bajuteng go tlwaela go tlhapa diatla pele ba ja dijo, mme go ne go tlhokega metsi a mantsi gore batho ba ba leng teng ba kgone go tlhapa. “Thelang metsi mo ditsageng, di tlale,” Jesu o ne a laela batho ba ba nayang baeng dijo jalo. Jesu e ne e se “molebalebi wa modiro,” mme o ne a bua ka tlhamalalo le ka taolo. Pego e bolela jaana: “Ya re molebalebi wa modiro a leka metsi mo ganong, . . . jaanong a [ne a fetogile] bojalwa jwa mofine.”—Johane 2:6-9; Mareko 7:3.
Go ka nna ga lebega go sa tshwanela gore sengwe se se tlwaelegileng jaaka lenyalo e bo e ka nna kwa go neng ga simololwa kgakgamatso ya ga Jesu ya ntlhantlha kwa go sone, mme lefa go ntse jalo tiragalo eo e bolela go le gontsi ka ga Jesu. E ne e le monna yo o neng a sena molekane wa lenyalo, mme o ne a tlhalosetsa barutwa ba gagwe melemo ya go nna o sena molekane wa lenyalo mo makgetlhong a a latelanang. (Mathaio 19:12) Lefa go ntse jalo, go bo a ne a le gone kwa modirong wa lenyalo go ne go bontsha gore o ne a se kgatlhanong le lenyalo gotlhelele. O ne a lekalekanya dilo, a tshegetsa thulaganyo ya lenyalo; o ne a e leba e le sengwe se se tlotlegang mo matlhong a Modimo.—Bapisa Bahebere 13:4.
Jesu e ne e se motho yo o seng botsalano yo o itlhaolang mo bathong ba bangwe ka ntlha ya bodumedi jaaka bataki ba kereke ba ne ba mo kaya a ntse jalo moragonyana. O ne a itumelela thata go nna le batho mme o ne a sa ikgogone mo go dirisaneng le bone. (Bapisa Luke 5:29.) Ka gone dilo tse a neng a di dira di ne di tlhomela balatedi ba gagwe sekao. Jesu ka boene o ne a bontsha gore ba ne ba sa tshwanela go nna masisi go sena lebaka lepe kana go nna ba hutsafetse fela—jaaka e kete batho ba ba siameng ba ne ba sa tshwanela go itumela. Se se farologaneng le seo, moragonyana Bakeresete ba ne ba laelwa jaana: “Itumeleng mo Moreneng ka metlha yotlhe.” (Bafilipi 4:4) Bakeresete gompieno ba tlhokomela gore ba intsha bodutu ka tsela e e lekalekaneng. Ba itumelela go direla Modimo, mme ka go latela sekao sa ga Jesu, gantsi ba bona nako ya go itumelela go kopana le ba bangwe fa ba kokoane mmogo.
Gape ela tlhoko maikutlo a ga Jesu a a lorato. O ne a sa patelediwe ke ope gore a dire kgakgamatso. Go ne go sena boperofeti bope mabapi le seno jo bo neng bo tshwanetse go diragadiwa. Go bonala fa Jesu a ne a tlhotlhelediwa fela ke go bona mmaagwe a ne a amegile le pitlagano ya balekane ba ba neng ba nyalana. O ne a amegile ka maikutlo a bone mme a rata gore ba se ka ba tlhabiwa ke ditlhong. A seo ga se dire gore o dumele gore Keresete o go kgatlhegela ka tsela ya mmatota—tota lefa o le mo mathateng a letsatsi le letsatsi?—Bapisa Bahebere 4:14-16.
E re ka jeke nngwe le nngwe e ne e “lekanye diemere di supa, kgotsa di some” tsa metsi, Jesu o ne a dira bojalwa jo bontsi fela thata ka tsela ya kgakgamatso—gongwe dilitara di ka nna 390! (Johane 2:6) Ke ka ntlha yang fa go ne go tlhokega gore bo dirwe bo le bontsi jaana? Jesu o ne a sa rotloetse botagwa, e leng selo se Modimo o se kgalang. (Baefeso 5:18) Go na le moo, o ne a bontsha bopelotshweu jo bo tshwanang le jwa Modimo. E re ka bojalwa e ne e le seno se se tlwaelegileng fela, fa bo setse bo ne bo ka beelwa dinako tse dingwe.—Bapisa Mathaio 14:14-20; 15:32-37.
Bakeresete ba bogologolo ba ne ba etsa sekao sa ga Jesu sa bopelotshweu. (Bapisa Ditiro 4:34, 35.) Mme batho ba ga Jehofa gompieno ba kgothadiwa ka tsela e e tshwanang gore e nne ba ba “nayang.” (Luke 6:38) Lefa go ntse jalo, kgakgamatso ya ga Jesu ya ntlha gape e kaya sengwe sa boperofeti. E re tlhokomedisa nako e e tlang e mo go yone Modimo ka bopelotshweu o tla nayang batho “modiro wa dilo tse di nonneng, modiro wa majalwa a mafine a a itshekileng,” a fedisa tlala gotlhelele.—Isaia 25:6.
Lefa go ntse jalo, re ka reng ka dikgakgamatso di le dintsi tse Jesu a neng a di dira tse di neng di akaretsa go fodisa mo mmeleng? Ke eng se re ka se ithutang mo go tsone?
Go Dira se se Molemo ka Sabata
“Namologa, o tseye bolao jwa gago, o tsamaye.” Jesu o ne a bolelela monna mongwe yo o neng a lwetse ka dingwaga di le 38 mafoko ano. Pego ya Efangele e tswelela pele jaana: “Monna yo a fola fela ka bonako, a tsaya bolao jwa gagwe, a tsamaya.” Se se gakgamatsang ke gore e ne e se batho botlhe ba ba neng ba itumedisiwa ke phetogo eno ya boemo. Pego eno e bolela jaana: “Bajuta ba tloga ba bogisa Jesu, . . . ka a dira dilo tse ka Sabata.”—Johane 5:1-9, 16.
Maikaelelo a letsatsi la Sabata e ne e le gore batho botlhe ba ikhutse le go itumela. (Ekesodo 20:8-11) Lefa go ntse jalo, mo motlheng wa ga Jesu, le ne le setse le fetogile tharaano ya melao e e gatelelang, le e e itiretsweng ke batho fela. Mokanoki e bong Alfred Edersheim o ne a kwala gore mo dikarolong tse ditelele tse di buang ka molao wa Sabata tsa Talmud, “go tlhalosiwa dikgang ka tsela e e masisi jaaka e kete ke tse di botlhokwa thata tsa bodumedi, tse o neng o ka se ka wa akanya gore motho yo o botlhale sentle o ne a ka di tlhalosa jalo ka tsela e e masisi.” (The Life and Times of Jesus the Messiah) Borabi ba ne ba dira gore melao e e boeleele le e e sa tlhomamang e e neng e laola mo e ka nnang karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa Bajuta e lebege e le botlhokwa jo bo kayang loso le botshelo—gantsi e tlhokomologa maikutlo a batho ka tsela e e setlhogo. Molao mongwe wa Sabata o ne o laela jaana: “Fa kago e ne e ka wela motho mongwe mme go belaelwa gore o teng kana ga a yo foo, kana o a tshela kana o sule, kana ke moditšhaba kana ke Moiseraele, ba ne ba ka nna ba tlosa mabota a a mo wetseng fa godimo. Fa ba mo fitlhela a tshela ba ne ba ka nna ba ntsha gotlhe mo go saletseng fa godimo ga gagwe; mme fa [e le gore o] sule, ba mo tlogele.”—Tractate Yoma 8:7, The Mishnah, e e ranotsweng ke Herbert Danby.
Jesu o ne a leba go tatalalela melao e e ntseng jalo e e seng mosola jang? Fa a ne a tshwaiwa phoso ka ntlha ya go fodisa ka Sabata, o ne a bolela jaana: “Rre o ntse a dira le gompieno, le nna ke a dira.” (Johane 5:17) Jesu o ne a sa dire tiro ya boitshediso gore a hume. Go na le moo, o ne a dira go rata ga Modimo. Fela jaaka Balefi ba ne ba letlelelwa go tswelela pele mo tirelong ya bone e e boitshepo ka Sabata, Jesu o ne a ka dira ditiro tsa gagwe tse a neng a di abetswe ke Modimo ka tshwanelo jaaka Mesia a sa robe Molao wa Modimo.—Mathaio 12:5.
Gape go fodisa ga ga Jesu ka letsatsi la Sabata go ne go senola bakwadi ba Bajuta le Bafarisai jaaka ba ba ‘siameng ka tsela e e feteletseng’—ba ne ba sa fetofetoge e bile ba sa tlhomama mo tseleng e ba akanyang ka yone. (Moreri 7:16) Eleruri, e ne e se go rata ga Modimo go bo ditiro tsotlhe tse di molemo di bo di beetswe go dirwa fela mo malatsing a a rileng a beke; le gone Modimo o ne a sa ikaelela gore Sabata e nne thulaganyo e e gatelelang ya semolao e e senang mosola. Jesu o ne a bolela jaana mo go Mareko 2:27: “Sabata o diretswe motho, motho ga a a direlwa Sabata.” Jesu o ne a rata batho, e seng melao e e feteletsang dilo.
Ka gone ke selo se se siameng gore Bakeresete gompieno ya bo e se batho ba ba sa fetofetogeng kana ba ba tshegetsang melao thata mo tseleng ya bone ya go akanya. Ba ba laolang mo phuthegong ba itisa gore ba se ka ba rwesa ba bangwe melao le melawana e mentsi e e itiretsweng ke batho. Gape sekai sa ga Jesu se re kgothaletsa gore re batle sebaka sa go dira molemo. Ka sekai, le ka motlha Mokeresete ga a tshwanela go akanya gore o tla abelana le batho boammaaruri jwa Baebele fa a dira bodiredi jwa ntlo le ntlo jo bo rulagantsweng fela kana fa a neela puo kwa seraleng. Moaposetoloi Petere o bolela gore Mokeresete o tshwanetse go nna a “iketleeditse ka metlha yotlhe go fetola motho mongwe le mongwe yo [a mmotsang] ka ga tsholofelo e e mo go [ena].” (1 Petere 3:15, Ditlhaka tse di sekameng ke tsa rona.) Go dira se se molemo ga go a beelwa nako.
Thuto ka Bopelotlhomogi
Kgakgamatso e nngwe e e tlhomologileng ke e e kwadilweng mo go Luke 7:11-17. Go ya ka pego eo, Jesu o ne “a ya kwa motseng o o bidiwang Naine; le barutwa ba gagwe ba le bantsi ba ya nae, le bontsi jo bogolo jwa batho.” Le mo motlheng ono, mabitla a ka bonwa kafa borwabotlhaba jwa motsana wa Searabea wa segompieno wa Nein. “Jaana ya re a atamela kgoro ya motse,” o ne a kgatlhantshiwa ke batho ba tsositse modumo. “Bonang, ga bo go rwelwe moswi, a isiwa kwa ntle; ya bo e le morwa mmaagwe yo o esi, mme ene mmaagwe ya bo e le motlholagadi; le batho ba le bantsi ba motse ba bo ba na le mosadi.” H. B. Tristram o ne a lemoga gore “mokgwa wa go tshwara phitlho ga o ise o fetoge” fa e sale mo metlheng ya bogologolo, a ba a oketsa jaana: “Ke ile ka bona basadi ba le kwa pele ga lekesi, ba eteletswe pele ke basadi ba tiro ya bone e neng e le go lelela moswi. Ba ne ba akga matsogo a bone, ba ikgoga meriri, le go ikitaaganya bobe ka khutsafalo, ba bo ba goa leina la moswi.”—Eastern Customs in Bible Lands.
Motlholagadi yo o neng a hutsafetse yo o neng a tsamaya fa gare ga tlhakatlhakano e e ntseng jalo ya modumo o tshwanetse a bo a ne a utlwile botlhoko fela thata. E re ka a ne a setse a swetswe ke monna, go ya ka mafoko ano a mokwadi Herbert Lockyer, o ne a leba morwawe jaaka “yo o neng a mo tshegetsa mo botsofeng jwa gagwe, e bile a mo gomotsa mo bodutung jwa gagwe—motshegetsi le pilara ya mo gae. Fa morwawe yo o esi a sena go swa, motshegetsi wa gagwe wa bofelo o ne a nyeletse.” (All the Miracles of the Bible) Jesu o ne a itshwara jang? Go ya ka mafoko a a tlhotlheletsang a ga Luke, “ya re Morena a mmona, a mo tlhomogela pelo, a mo raya a re: ‘Se lele.’” Polelwana e e reng “[o ne] a mo tlhomogela pelo” e tserwe mo lefokong la Segerika le totatota le kayang “mala.” E raya “go fuduega mo maikutlong jaaka e kete go fuduega mala a motho.” (Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words) Ee, Jesu o ne a fuduega maikutlo fela thata.
Go bonala mmaagwe Jesu e ne e le motlholagadi ka nako eno, ka jalo o ka tswa a ne a itse botlhoko jwa go swelwa ke motho yo a mo ratang fa a ne a swelwa ke rraagwe yo a mo godisitseng e bong Josefa. (Bapisa Johane 19:25-27.) Go ne go sa tlhokege gore motlholagadi yono a rapele Jesu. “[O ne] a atamela a ama setsholo” ka boene fela, go sa kgathalesege lebaka la gore mo Molaong wa ga Moshe fa motho a ne a tshwara setopo o ne a itshekologa. (Dipalo 19:11) Jesu o ne a ka kgona go tlosa se se bakileng boitshekologo a dirisa maatla a gagwe a a dirang dikgakgamatso! “Mme a re: ‘Lekau, ke a go raya, tsoga.’ Yo o neng a sule a rapamologa, mme a simolola go bua. Mme a mo neela mmaagwe.”
A bo e le thuto e e tlhotlheletsang jang gore re nne pelotlhomogi! Bakeresete ga ba a tshwanela go etsa mekgwa e e senang lorato, ya go tlhoka bopelotlhomogi ya mo ‘metlheng eno ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1-5) Se se farologaneng le seo, 1 Petere 3:8 e kgothatsa jaana: “Sa bofelo, nnang maikutlo mangwe fela lotlhe, lo le pelotlhomogi, lo ratana jaaka bana ba monna, lo le pelonamagadi.” Fa motho mongwe yo re mo tlwaetseng a tlhagelwa ke loso kana bolwetse jo bo masisi, re ka se kgone go tsosa moswi yoo kana go fodisa yo o lwalang. Mme lefa go ntse jalo re ka ba thusa ka tsela e e mosola le go ba gomotsa, gongwe ka gore re nne le bone le go lela le bone.—Baroma 12:15.
Gape tsogo eno e kgolo ya baswi e e neng ya dirwa ke Jesu e supa se se tla diragalang mo isagweng—mo nakong e mo go yone “botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone. Mme ba tlaa tswa”! (Johane 5:28, 29) Batho mo lefatsheng lotlhe ba ba swetsweng ke baratiwa ba bone Jesu o tla ba tlhomogela pelo ka namana fa bommaabone, borraabone, bana ba bone le ditsala tsa bone tse di tlhokegang di tla bo di tsoga mo mabitleng!
Dithuto Tse Dikgakgamatso di di Rutang
Go phepafetse he gore dikgakgamatso tsa ga Jesu di ne di sa bontshe nonofo fela e e kgatlhang. Di ne di galaletsa Modimo, di beela Bakeresete ba ba rotloediwang go ‘galaletsa Modimo’ sekao. (Baroma 15:6) Di ne di kgothaletsa batho go dira molemo, gore ba bontshe bopelotshweu, le gore ba nne pelotlhomogi. Se se botlhokwa go feta seo, di ne di dira jaaka pontshetso ya ditiro tse di nonofileng tse di tla dirwang mo Pusong ya Mileniamo ya ga Keresete.
Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a dira ditiro tsa gagwe tse di nonofileng mo karolong e potlana fela thata ya lefatshe. (Mathaio 15:24) Jaaka Kgosi e e galaleditsweng, maatla a bolaodi jwa gagwe a tla anama mo lefatsheng lotlhe! (Pesalema 72:8) Ka nako eo, batho ba a neng a ba fodisa ka dikgakgamatso tsa gagwe le go ba tsosa mo losong kwa morago ba ne ba swa. Mo bogosing jwa gagwe jwa selegodimo, boleo le loso di tla bo di tlositswe gotlhelele, go bo go kgonega gore batho ba tshele ka bosakhutleng. (Baroma 6:23; Tshenolo 21:3, 4) Ee, dikgakgamatso tsa ga Jesu di supa gore go tla nna le isagwe e e galalelang. Basupi ba ga Jehofa ba thusitse dimilione tsa batho gore ba nne le tsholofelo ya mmatota ya go nna karolo ya yone. Go fitlha nako eo e tla, a bo e le tebelelo e e molemolemo jang ne e e tla tlogang e nna gone e e neng ya bontshiwa ke dikgakgamatso tsa ga Jesu Keresete!
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Jesu o fetola metsi go nna bojalwa jwa mofine