Tiro ya Modimo ya go Bopa mo Lefatsheng
BAEBELE e bolela ka metlha e merataro ya go bopa e e bidiwang “malatsi,” le ka motlha wa bosupa kana “letsatsi la bosupa” le mo go lone Modimo o neng wa emisa tiro ya go bopa mo lefatsheng mme wa ikhutsa.—Genesise 2:1-3.
Genesise 1:1, 2 e bolela ka nako ya pele ga “malatsi” a marataro a go bopa. Go ne go ntse go na le letsatsi, kgwedi le dinaledi fa “malatsi” ano a ne a simolola, go bopiwa ga tsone go boletswe mo go Genesise 1:1. Lefa go ntse jalo, pele ga “malatsi” ano a marataro a go bopa “lefatshe la bo le tobekanye fela, go sa itsege sepe; mme lefifi la bo le ntse fa godimo ga boteng.” (Genesise 1:2) Go bonala gore maru a a neng a tlhatlagane a ne a santse a khurumeditse lefatshe, a thibela lesedi gore le se ka la fitlha mo go lone.
Fa Modimo o ne o bolela jaana mo Letsatsing la Ntlha, “A go nne lesedi,” go bonala gore marang a a gasameng a lesedi a ne a phunyeletsa go feta maru a a neng a tlhatlagane le mororo mo lefatsheng go ne go santse go ise go lemogiwe gore lesedi leo le ne le tswa kae. Go lebega seo e ne e le tiragalo e e neng e tla kgato ka kgato. Modimo o ne a farologanya lesedi mo lefifing, a bitsa lesedi a re ke Motshegare mme lefifi a re ke Bosigo. Seno se bontsha gore lefatshe le ne le dikologa ka bolone fa le ntse le potologa letsatsi.—Genesise 1:3, 4.
Mo Letsatsing la Bobedi Modimo o ne a dira phuthologo ka go farologanya “metsi le metsi.” Metsi a mangwe a ne a sala a le mo lefatsheng, mme bontsintsi jwa metsi bo ne jwa isiwa kwa godimodimo ga lefatshe, mme fa gare ga metsi ano a mabedi go ne go na le phuthologo. Modimo o ne wa bitsa phuthologo eno o re ke Legodimo, mme e le ka go bo e ne e le kwa godimo fa e lejwa go tswa mo lefatsheng, e re ka go sa twe metsi a a isitsweng kwa godimo ga phuthologo a ne a khupeditse dinaledi kana dinaledi tse dingwe tsa magodimo a a kwa kgakala.—Genesise 1:6-8.
Mo Letsatsing la Boraro, Modimo o ne wa dirisa maatla a gagwe a a dirang dikgakgamatso gore metsi mo lefatsheng a ye ntlheng e le nngwe le gore go bonale komelelo, e Modimo o neng a e bitsa Lefatshe. Gape mo go lone letsatsi leo go ne ga tlhoga bojang, merogo, le ditlhare tsa maungo. Sengwe le sengwe sa ditlhopha tseno tse tharo se ne se kgona go ungwa go ya kafa “losikeng” lwa sone.—Genesise 1:9-13.
Thato ya Modimo malebana le go dira masedi e ne ya wediwa mo Letsatsing la Bonè, e e neng ya bolelwa jaana: “Modimo wa dira masedi a magolo a mabedi: lesedi le legolo gore le laole motshegare, le lesedi le lebotlana gore le laole bosigo; wa dira le dinaledi. Modimo wa a tlhoma mo phuthologong ya legodimo gore a bonese lefatshe. Le gore a laole motshegare le bosigo, le go farologanya lesedi le lefifi.” (Genesise 1:16-18) Go bonala lesedi le legolo e ne e le letsatsi mme lesedi le lepotlana e ne e le kgwedi, go ya ka tsela e masedi ano a tlhalositsweng ka yone.
Go a lemosega gore mo go Genesise 1:16 ga go a dirisiwa lediri la Sehebera ba·raʼʹ, le le rayang “go bopa.” Go na le moo, go dirisitswe lediri la Sehebera ʽa·sahʹ, le le rayang “go dira.” E re ka letsatsi, kgwedi le dinaledi di le karolo ya ‘magodimo’ a go buiwang ka one mo go Genesise 1:1, di ne tsa bopiwa bogologolo pele ga Letsatsi la Bonè. Mo letsatsing la bonè Modimo o ne a “dira” dinaledi tseno tsa legodimo gore di nne le tirisanommogo e ntšha le lefatshe le phuthologo e e kwa godimo ga lone. Fa go bolelwa gore, “Modimo wa [di] tlhoma mo phuthologong ya legodimo gore [di] bonese lefatshe,” seno se ne se tla bontsha gore jaanong di ne di simolola go bonala mo lefatsheng, jaaka e kete di ne di le mo phuthologong.—Genesise 1:14.
Mo Letsatsing la Botlhano go ne ga bopiwa meya ya ntlha mo lefatsheng e e seng batho. Go tswa foo maatla a Modimo ga a ka a dira gore go nne le sebopiwa se le sengwe fela se Modimo a neng a ikaeletse gore se dire ka tlhagelelo mefuta e mengwe ya dilo, mme o ne a bopa meya e le mentsi thata e e tshelang mo e neng ya ba ya nyeuma tota. Go bolelwa jaana: “Modimo wa tlhola maruarua a magolo a lewatle, le dibopiwa dingwe le dingwe tse di tshelang tse metsi a di nyeudisang thata, ka fa ditshikeng tsa tsone; le nonyane, nngwe le nngwe e e diphuka, ka fa losikeng lwa yone.”—Genesise 1:20-23.
Mo Letsatsing la Borataro “Modimo [o ne] wa dira diphologolo le dibatana tsa lefatshe ka fa ditshikeng tsa tsone, le diruiwa ka fa ditshikeng tsa tsone, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe, ka fa losikeng lwa sone,” e le tiro e e molemo, fela jaaka ditiro tsotlhe tsa pele tsa Modimo tsa go bopa.—Genesise 1:24, 25.
Fa letsatsi la borataro la go bopa le ne le ela go wela, Modimo o ne wa bopa mofuta o mosha gotlhelele wa sebopiwa, se se neng se le kwa godimo ga diphologolo lefa gone se ne se le kwa tlase ga baengele. Sebopiwa seno e ne e le motho, yo o neng a bopiwa mo setshwanong sa Modimo e bile e le mo tshwanong ya gagwe. Lefa gone Genesise 1:27 e bolela ka bokhutshwane fela malebana le motho gore “[Modimo o ne] wa ba tlhola nona le tshadi,” pego e e tshwanang le yone e e mo go Genesise 2:7-9 e bontsha gore Jehofa Modimo o ne a bopa motho ka lerole la mmu, a budulela moya wa botshelo mo dinkong tsa gagwe, mme motho a direga moya o o tshedileng, yo o neng a neelwa legae la paradaise le dijo.
Fano gone Jehofa o ne a dirisa dikarolo tsa lefatshe go bopa, mme fa a sena go dira monna, O ne a bopa mosadi a dirisa longwe lwa magopo a ga Adame jaaka motheo. (Genesise 2:18-25) Fa mosadi a sena go bopiwa, ‘losika’ lwa motho lo ne lo feletse.—Genesise 5:1, 2.
Go tswa foo Modimo o ne wa segofatsa batho, ka go bolelela monna wa ntlha le mosadi wa gagwe jaana: “Atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe, lo le fenye, lo laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le sengwe le sengwe se se tshedileng se se tsamayang mo lefatsheng.” (Genesise 1:28) Modimo o ne wa direla batho le dibopiwa tse dingwe tsa lefatshe dijo tse di lekaneng ka go di neela “morogo mongwe le mongwe o motala go nna dijo.” Pego e e tlhotlheleditsweng e bega jaana malebana le diphelelo tsa tiro eo ya go bopa: “Modimo wa bona sengwe le sengwe se o se dirileng, mme bonang, ga bo go le molemo thata.” (Genesise 1:29-31) Fa letsatsi la borataro le sena go wela ka katlego e bile Modimo o sena go wetsa tiro eno ya go bopa, “[o ne] wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa mo tirong yotlhe ya one e o e dirileng.”—Genesise 2:1-3.
Go ne ga wediwa go sekaseka dilo tse di dirilweng mo letsatsing lengwe le lengwe la malatsi a marataro a go bopa ka mafoko ano, “Ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso,” wa letsatsi la ntlha, la bobedi, la boraro le a mangwe fela jalo. (Genesise 1:5, 8, 13, 19, 23, 31) E re ka boleele jwa letsatsi lengwe le lengwe la popo bo ne bo feta diura di le 24, polelwana eno ga e bolele ka bosigo le motshegare tsa mmatota mme ke tsa tshwantshetso.
Mo dinakong tsa maitseboa dilo di ne di tla bo di sa bonale sentle; mme mo mosong di ne di tla bonala sentle. Mo ‘maitseboeng,’ kana kwa tshimologong, ya motlha mongwe le mongwe wa go bopa kana “letsatsi,” boikaelelo jwa Modimo ka letsatsi leo, le mororo a ne a bo itse sentle, bo ne bo ka se itsiwe sentle ke ope wa baengele ba ba neng ba bogetse. Lefa go ntse jalo, fa go nna “moso” go ne go tla sedifala ka botlalo gore Modimo o ne a ikaeletse eng ka letsatsi leo, se setse se weditswe ka nako eo.—Bapisa Diane 4:18.
Fa e le gore o ka rata go amogela tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata gore mongwe a go etele mme a go tshwarele thuto ya legae ya mahala ya Baebele, tsweetswee kwalela go Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana o kwalele kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo go tsebe 2.