Kafa go Fetoga Ponalo Ga Ga Keresete Go Go Amang ka Teng
Banna ba bane ba sa tswa go pagama thaba e e kwa godimo. Go ne ga diragala sengwe se se gakgamatsang fa ba le kwa godimo koo. Fa barutwa ba bararo ba ba gakgametseng bao ba ga Jesu Keresete ba ntse ba lebile, o fetoga fela ba ntse ba mo lebile. Reetsa jaaka mokwadi wa Efangele Mareko a bega tiragalo e e kgatlhang eno:
“YESU a tsaea Petere, le Yakobe, le Yohane, a tlhatlogèla nabō mo thabeñ e e godileñ, kwa thokō ba le bosi: me a ea a hetoga pōnalō ha pele ga bōnè: Le diaparō tsa gagwè tsa tsabakèla, tsa nna boshweu thata; mo go senañ moshweuhatsi opè mo lehatshiñ eo o ka di shweuhatsañ yalo. Me ga bōnala kwa go bōnè Eliya a na le Moshe: me ba bo ba bua le Yesu. Me Petere a bua, a raea Yesu, a re, Moruti, go molemō go rona go nna ha: u mmè re dihè metlaagana e le meraro; moñwe e nnè oa gago, moñwe e nnè oa ga Moshe, moñwe e nnè oa ga Eliya. Gonne a sa itse se o ka se buañ, ka ba ne ba boiha thata. Me ga tla leru ya ba chutihalèla: me ga cwa lencwe mo leruñ, ya re, Eo, ke Morwaake eo o ratègañ; utlwañ èna.”—Mareko 9:2-8.
Akanya fela! Sefatlhego sa ga Jesu se ne se phatsima jaaka letsatsi. (Mathaio 17:2) Diaparo tsa gagwe di ne di le “boshweu thata; mo go senañ moshweuhatsi opè mo lehatshiñ eo o ka di shweuhatsañ yalo.” Go ne ga utlwala lentswe la Modimo le le nonofileng le bua kaga Morwawe. A tiragalo e e gakgamatsang eleruri!
Lefoko la Segerika fano le le ranotsweng jaaka go “hetoga pōnalo” le raya “go fetogela mo popegong e nngwe.” Le tlhaga gape mo go Baroma 12:2, koo Bakeresete ba gakololwang gore ba “fetoge” ka go fetola dikakanyo tsa bone.—An Expository Dictionary of New Testament Words, e e kwadilweng ke W. E. Vine, Bolumo IV, tsebe 148.
Ee, go ne ga diragala sengwe se se gakgamatsang thata fa Jesu a ne a fetoga ponalo nako nngwe morago ga moletlo wa Tlolaganyo ya 32 C.E. Ke eng se se neng sa dira gore kgakgamatso eno e diragale? A e ne e na le boikaelelo bongwe jo bo kgethegileng? Ke ka ntlha yang fa Moshe le Elija ba ne ba amega? Mme go fetoga ponalo ga ga Keresete go go ama jang?
Ditiragalo Tse Di Diragetseng Pele ga Foo
Pele a pagama thaba, Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba le mo tikologong ya Kaesarea Filipi. Ereka motse ono o ne o le dikilometara di le 25 kafa borwabophirima jwa Thaba ya Heremona, go fetoga ponalo gono go tshwanetse ga bo go diragetse mo setlhoeng sengwe sa yone.
Fa a ntse a tsamaela kwa “thabeñ e e godileng,” Jesu o ne a botsa barutwa ba gagwe jaana: “Ana batho ba tla ba re, Nna ke mañ?” Ba ne ba araba jaana: “Yohane Mokolobetsi: ba bañwe ba re, Eliya: me ba bañwe ba re, Moñwe oa Baperofeti.” Morago Keresete o ne a botsa jaana: “Me lona loa re, Ke mañ?” Petere o ne a araba jaana: “U èna Keresete.” Fa a rialo, Jesu “a ba laea, gore ba se bolelele opè kaga gagwè. Me a simolola go ba ruta ka Morwa Motho a na le go bogisiwa dilō di le dintsi, le go ganwa ke bagolwane, le ke ditlhōgō tsa baperisiti, le ke bakwadi, le gōna ha a tla bolawa, me moragō ga malatsi a le mararo a tla ba a coga.”—Mareko 8:27-31.
Jesu o ne a tswelela a solofetsa jaana: “Go na le bañwe mo go ba ba emeñ ha, ba ba se ketlañ ba utlwa losho gopè, ba e se ba bone bogosi yoa Modimo bo tla ka nonohō pele.” (Mareko 9:1; Mathaio 16:28) Tsholofetso eno e ne ya diragadiwa “malatsi a le marataro a sena go heta,” fa Jesu a ne a rapela mme a fetoga ponalo fa pele ga Petere, Jakobe, le Johane. Luke o bolela gore seno se ne sa diragala “malatsi a a hèrañ e le mebedi” morago ga foo, gongwe ka go bo a ne a akareditse letsatsi le a neng a ba solofetsa ka lone le le seo se neng sa diragala ka lone.—Mathaio 17:1, 2; Mareko 9:2; Luke 9:28.
Ga Se Toro Kana Selo Se E Seng sa Mmatota
Go fetoga ponalo ga ga Jesu e ne e se toro. Baaposetoloi ba bararo ba ne ba ka se ka ba lora toro e e tshwanang, ebile Jesu o ne a e bitsa “ponatshegelo.” Seo ga se reye gore e ne e se selo sa mmatota, ka go bo lefoko la Segerika le le diritsweng mo go Mathaio 17:9 kwa gongwe le dirisiwa jaaka “go bōna.” (Ditihō 7:31) Ka jalo batho ba ba neng ba lebile bano ba ne ba sa robala, mme ba ne ba bona ka matlho ba bo ba utlwa ka ditsebe seo se neng se diragala.—Luke 9:32.
Ereka a ne a tsogile ebile a sa itse gore a ka bua eng, Petere o ne a akantsha gore go agiwe ditente tse tharo—nngwe e le ya ga Jesu, e nngwe e le ya ga Moshe, e nngwe e le ya ga Elija. (Luke 9:33) Leru le le neng la bopega fa Petere a ntse a bua go lebega le ne le supa fa Modimo o ne o le teng mo thabeng, jaaka kwa motlaaganeng wa bophuthegelo wa Baiseraele mo nageng. (Ekesodo 40:34-38; Luke 9:34) Mme eleruri ga go bonale fa baaposetoloi ba ne ba robetse fa “Modimo Rara” a ne a bolela jaana: “Eo ke Morwaake (eo o ratègañ,) moitshenkedwi oa me: utlwañ èna.”—2 Petere 1:17, 18; Luke 9:35.
Lebaka la Go Bo Moshe A Ne A Bonwa
Fa go fetoga ponalo gono go ne go direga, Moshe o ne a “sa itse sepe,” ka gonne o ne a sule makgolokgolo a dingwaga pele ga foo. (Moreri 9:5, 10) Jaaka Dafide, o ne a sa tsosiwa mo baswing ka gone o ne a seyo koo ka namana. (Ditihō 2:29-31) Mme ke ka ntlha yang fa Moshe a ne a bonwa le Keresete mo ponatshegelong?
Modimo o ne o boleletse Moshe jaana: “Ke tla ba cosetsa moperofeti mo baneñ ba ga rrabō, eo o chwanañ nau; ke tla tsenya mahoko a me mo molomuñ oa gagwè, me o tla bua nabō cotlhe tse ke tla di mo laolelañ.” (Duteronome 18:18) Petere o ne a dirisa boperofeti jono segolobogolo mo go Jesu Keresete. (Ditihō 3:20-23) Kwantle ga Jesu, Moshe e ne e le ene moperofeti yo mogolo yo Modimo o neng wa mo roma kwa morafeng wa Iseraele.
Go na le dilo dingwe tse di tshwanang fa gare ga Moshe le Moshe yo Mogolwane, Jesu Keresete. Ka sekai, fa ba ne ba santse e le masea, matshelo a bone boobabedi a ne a le mo kotsing ya go nyelediwa ke babusi ba ba gatelelang, mme Modimo o ne wa tlhomamisa gore ba se ka ba bolawa. (Ekesodo 1:20–2:10; Mathaio 2:7-23) Banna bano ka bobedi ba ne ba nna malatsi a le 40 ba itimile dijo fa ba ne ba simolola tiro ya bone jaaka batlhanka ba ba kgethegileng ba ga Jehofa. (Ekesodo 24:18; 34:28; Duteronome 9:18, 25; Mathaio 4:1, 2) Mme Moshe le Jesu ka bobedi ba ne ba dira dikgakgamatso ka maatla a Modimo.—Ekesodo 14:21-31; 16:11-36; Pesalema 78:12-54; Mareko 4:41; Luke 7:18-23; Yohane 14:11.
Modimo o ne wa dirisa Moshe go golola Baiseraele mo botshwarong kwa Egepeto, fela jaaka Jesu a ne a kgona go golola batho ka tsela ya semoya. (Ekesodo 12:37–14:31; Yohane 8:31, 32) Moshe o ne a bona tshiamelo ya go nna motsereganyi wa kgolagano ya Molao fa gare ga Modimo le Baiseraele, fa Jesu ene e le Motsereganyi wa kgolagano e ntšha. (Ekesodo 19:3-9; 34:3-7; Yeremia 31:31-34; Luke 22:20; Bahebera 8:3-6; 9:15) Jehofa o ne a dirisa Moshe gape fa pele ga Baiseraele, Baegepeto, le ba bangwe, fela jaaka Jesu Keresete a ile a godisa leina le le boitshepo la ga Jehofa. (Ekesodo 9:13-17; 1 Samuele 6:6; Yohane 12:28-30; 17:5, 6, 25, 26) Fa Modimo o ne o dira gore Moshe a fetoge ponalo a na le Jesu o ne a bontsha gore Keresete o ne a tla dira ditiro tse a di dirileng mme ka selekanyo se segolwane.
Lebaka la Go Bo Elija A Ne A Bonala
Lemororo moperofeti yo o neng a setse a sule ebong Elija a ne a sa tsosiwa mo baswing, go ne go tshwanela gore a bonale mo ponatshegelong ya go fetoga ponalo. Elija o ne a dirile tiro e kgolo mo go tsosoloseng kobamelo e e itshekileng le go itshekisa leina la ga Jehofa mo Baiseraeleng. Jesu Keresete o ne a dirile se se tshwanang fa a santse a le mo lefatsheng mme o tla dira se se fetang seo gape go tsosolosa tumelo e e itshekileng le go goletsa Rraagwe wa selegodimo ka Bogosi jwa Bomesia.
Moperofeti Malaki o ne a bontsha gore tiro ya ga Elija e ne e tshwantshetsa tiro e e neng e tla dirwa mo isagweng. Modimo o ne wa bolela jaana ka Malaki: “Bōnañ, ke tla roma Eliya moperofeti kwa go lona pele, motlha o mogolo le o o boitshègañ oa ga Yehofa o e se o tle. Me o tla shokolèla pelo ea borra bana mo baneñ ba bōnè, le pelo ea bana kwa go borrabō; e se re kgotsa ka tla, me ka itaea lehatshe ka phucō.”—Malaki 4:5, 6.
Boperofeti jono bo ne jwa diragadiwa ka tsela e potlana ka tiro eo Johane Mokolobetsi a neng a e dira. Jesu o ne a bua ka seno morago ga tiragalo ya go fetoga ponalo, fa barutwa ba gagwe ba ne ba mmotsa gore ke ka ntlha yang fa bakwadi ba ne ba bolela gore Elija o tshwanetse go tla pele—pele Mesia a ka tla. Jesu o ne a bolela jaana: “Rure Eliya oè tla, me o tla cosholosa dilō cōtlhe: Me ke lo raea, ke re, Le yana Eliya o setse a tsile, me ga baa ka ba mo itse, me ba ne ba mo dihèla kaha ba ratañ ka gōna. Morwa Motho le ena o tla bogisiwa ke bōnè hèla yalo.” Pego eo e oketsa jaana: “Ediha gōna barutwa ba tlhaloganyañ ha a bua nabō kaga Yohane Mokolobetsi.”—Mathaio 17:10-13.
Johane o ne a dira tiro e e tshwanang le ya ga Elija fa a ne a kolobetsa Bajuda bao ba neng ba sokologa mo maleong a bone a ba a dirileng kgatlhanong le kgolagano ya Molao. Se se botlhokwa gape, Johane ke ene yo a neng a eteletse Mesia pele le yoo a neng a itsise Jesu Keresete. (Mathaio 11:11-15; Luke 1:11-17; Yohane 1:29) Mme ke ka ntlha yang fa tiro ya ga Johane e ne e diragatsa boperofeti jwa ga Malaki ka tsela e nnye fela?
Mo ponatshegelong eno, Elija o ne a bonwa a bua le Jesu. Seno e ne e le morago ga loso lwa ga Johane Mokolobetsi, ka gone go kaya gore tiro e e neng e dirwa ke Elija e ne e tlile go dirwa mo isagweng. Mo godimo ga moo, boperofeti joo bo ne jwa bontsha gore tiro eno e ne e tla dirwa pele “motlha o mogolo le o o boitshègañ oa ga Yehofa o e se o tle.” Tiragalo e e neng e atamela ka bonako eo e akaretsa ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo, Mothatayotlhe’ ka Hara-Magedona. (Tshenolō 16:14-16) Seno se ne se kaya gore go tlhomiwa ga Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo mo isagweng go ne go tla etelelwa pele ke ditiro tse di tshwanang le tse di neng tsa dirwa ke Elija le motlhatlhami wa gagwe, Elisha. Mme mo dingwageng tse di fetang lekgolo tse di fetileng, Basupi ba motlha wa segompieno ba ga Jehofa ba ntse ba dira tiro eno e e akaretsang go tsosolosa kobamelo e e itshekileng le go goletsa leina la Modimo.—Pesalema 145:9-13; Mathaio 24:14.
Boikaelelo jwa Gone
Go fetoga ponalo go tshwanetse ga bo go ne ga dira gore Jesu a nonofele dipogiso le loso lo lo neng lo le gaufi. Tumelo ya ga Jesu e tshwanetse ya bo e ne ya nonofa fa a ne a utlwa Rraagwe wa selegodimo a bua ka ene jaaka Morwawe yo a mo ratang. Mme go fetoga ponalo go ne ga ama ba bangwe jang?
Go fetoga ponalo ga ga Jesu go ne ga nonotsha gape le tumelo ya ba ba neng ba lebile. Go ne ga gatelela mo dikgopolong tsa bone gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo. Eleruri, ereka ene jaaka e ne e le Mmueledi yo Mogolo wa ga Jehofa, e le Lefoko, a ne a le mo gare ga bone, ba ne ba utlwa lentswe le e leng la Modimo le bolela jaana: “Eo ke morwake eo o ratègañ, eo ke itumèlañ thata mo go èna.” Lemororo Jehofa a ne a ntshitse bosupi jo bo tshwanang fa Jesu a ne a kolobediwa, ka nako ya fa a ne fetoga ponalo Modimo o ne wa oketsa ka gore barutwa ba reetse Morwawe.—Mathaio 3:13-17; 17:5; Yohane 1:1-3, 14.
Go fetoga ponalo go ne go nonotsha tumelo ka tsela e nngwe gape. Ka nako ya ponatshegelo, Jesu, “Moshe,” le “Eliya” ba ne ba bua kaga “go [tsamaya, NW] ga [ga Keresete] mo o tla tlogañ a go dihatsa kwa Yerusalema.” (Luke 9:31) “Go tsamaya” go ranolwa go tswa mo popegong nngwe ya lefoko la Segerika eʹxo·dos. Go fuduga, kana go tsamaya go lebega go ne go ama loso le fa Jesu a tsosediwa kwa botshelong jwa semoya ke Modimo. (1 Petere 3:18) Ka jalo go fetoga ponalo go ne ga nonotsha tumelo ya ga Keresete mo tsogong ya baswi. Mme e ne ya aga tumelo segolobogolo ka go naya bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Jesu e ne e tlile go nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia. Mo godimo ga moo, ponatshegelo eo e ne ya bontsha gore Bogosi joo bo ne bo tlile go tlala ka kgalalelo.
Go fetoga ponalo gape go ne ga nonotsha tsela eo boperofeti jwa Dikwalo bo neng bo dumelwa ka yone. Dingwaga tse di ka nnang 32 morago ga foo (mo e ka nnang ka 64 C.E.), Petere o ne a santse a gakologelwa tiragalo eno mme o ne a kwala jaana: “Gonne e rile ha re lo itsise nonohō ea Morèna oa rona Yesu Keresete le go tla ga gagwè, ra bo re sa bolele ditlhamane tse di rulagancweñ ka botlhale, me re ne re le bashupi ba re bonyeñ borèna yoa gagwè ka matlhō. Gonne a amogèla tlotlō le kgalalèlō mo Modimoñ Rara, yale ka go tla mo go èna lencwe ye le nntseñ yalo, le cwa kgalaleloñ e e heteletseñ, le re, Eo ke Morwaake eo o ratègañ, eo ke kgatlhègañ thata mo go èna: Me lencwe ye, le rona ka rosi re le utlwile le cwa mo legodimoñ, yale ka re na naè mo thabeñ e e boitshèpō. Me re na le lehoko ya polèlèlō pele le rurehadicwe bogolo; ye lo tla boñ lo diha sentlè ha lo le tlhōkōmèla yaka ha e ka bo e le lobōnè lo lo phatsimañ mo heloñ ha go lehihi, go tlo go tsamaeè bosa boo sè, le naledi ea moshō e lo cwèlè mo dipeduñ.”—2 Petere 1:16-19.
Seo E Se Kayang mo go Wena
Ee, Petere o ne a leba go fetoga ponalo ga ga Jesu jaaka tlhomamiso e e nonofileng ya lefoko la Modimo la boperofeti. Moaposetoloi Johane le ene a ka tswa a ne a buelela ponatshegelo eno fa a ne a bolela jaana: “Me Lehoko a tla a nna nama, me a aga mo go rona, me ra bōna kgalalèlō ea gagwè, ekete kgalalèlō ea eo o tsecweñ a le esi a cwa kwa go Rara, a tletse tshegōhaco le boamarure.” (Yohane 1:14) Ka tsela e e tshwanang, go fetoga ponalo go ka dira gore o dumele lefoko la ga Jehofa la seperofeti.
Go fetoga ponalo le ditiragalo tse di amanang le gone go ka nonotsha tumelo ya gago gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo le Mesia yo o neng a solofeditswe. Go ka nonotsha go dumela ga gago gore Jesu o tsoseditswe kwa botshelong jwa semoya kwa legodimong. Ponatshegelo e e gakgamatsang eno e tshwanetse ya nonotsha tumelo ya gago mo pusong ya Modimo, ka go bo ponatshegelo eo e ne e le ketapele ya kgalalelo ya ga Keresete le maatla a gagwe a Bogosi.
Go nonotsha tumelo tota go itse gore go fetoga ponalo ga ga Keresete go ne go bolela ka motlha wa rona, fa Jesu a tla bo a le teng tota. (Mathaio 24:3-14) O sa le a ntse a busa jaaka Kgosi e e tlhomilweng ya Modimo go tloga ka 1914. O tla tloga a dirisa taolo le maatla tse a di filweng ke Modimo kgatlhanong le baba botlhe ba puso ya Modimo, a bulela lefatshe le lesha tsela. (2 Petere 3:13) O ka itumelela masego a a sa feleng fa o dumela dilo tse di molemolemo tse di supiwang ke go fetoga ponalo ga ga Jesu Keresete.