Masimo A Siametse go Rojwa kwa Brazil
“LEBAÑ, lo bōnè masimo, ha a setse a le mashweu a go rōywa. Eo o rōbañ o chola tuèlō, me a phuthèlè botshelō yo bo sa khutleñ louñō.” (Yohane 4:35, 36) Mafoko ao a ga Jesu Keresete a boperofeti a a diragala gompieno kwa mafelong a a kwa kgakala a naga e kgolo ya Amerika Borwa ya Brazil.
Basupi ba ga Jehofa ba kwa Brazil ga ba bolo go itumelela koketsego ka dingwaga di le mmalwa. Ka April 1991 tlhora ya barobi ba Bogosi ba le 308-973 ba ne ba tsamaisa dithuto tsa magae tsa Bibela di feta 401 574. Ka March 30, 1991, go ne ga phuthega palogotlhe ya batho ba le 897 739 go tla go gopola loso lwa ga Jesu, ene yo a neng a simolola tiro ya go roba.
Lemororo ba bona matswela a a molemo jalo, go santse go na le karolo nngwe ya tshimo e e santseng e emetse go rojwa. Go na le batho ba ba fetang dimilione di le tlhano ba ba nnang mo mafelong a a kwa Brazil a Basupi ba ga Jehofa ba rerang go le gonnye fela kana kwa tiro ya go rera e sa dirweng gotlhelele mo go one. Ke eng se se dirwang go atolosetsa thobo kwa mafelong ano?
Babulatsela Ba Nna le Seabe mo Thobong
Mo lobakeng lwa dikgwedi tse thataro lo lo sa tswang go feta, ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower e e kwa Brazil e ne ya romela baboledi ba Bogosi ba nako e e tletseng—babulatsela ba ba kgethegileng ba nakwana ba le 100 le babulatsela ba ka metlha ba le 97—kwa ditoropong di le 97, bontsi jwa tsone di mo dikarolong tse di nang le baagi ba bantsi thata tse di kafa botlhaba jwa naga. Baboledi ba Bogosi ba ba tswang mo diphuthegong tse di farologaneng ba ne ba ithaopela go ya go dira mo mafelong ano ka dipaka tse dikhutshwane. Lemororo go ne go na le dikgoreletsi tse di neng di tshwanetse go fenngwa, matswela a ne a nna a a kgotsofatsang thata.
Ka sekai, kwa São João da Ponte, kwa nageng ya Minas Gerais, babulatsela ba ne ba kopana le morutabana wa sekolo sa mo lefelong leo yo o rutang bodumedi. Fa a sena go utlwa molaetsa, o ne a otora dikaelo tse 50 tsa buka Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone a di otorela tlelase ya gagwe ya katekasima. Morutabana yo mongwe o ne a raya babulatsela bao fa ba tsamaya a re: “Ga lo a tshwanela go tsamaya, gonne lo dira tiro e e molemo tota fano. Ke lona fela lo kgonang go tlhalosa Bibela ka tsela e e utlwalang sentle.”
Tiro e e molemo eno e ne e sa itumelelwe ke mongwe le mongwe. Ka sekai, akanya ka lokwalo lo lo neng lo gatisitswe mo pampiring ya mo lefelong leo ya dikgang (Diário de Montes Claros) kafa tlase ga setlhogo se segolo se se mo tsebeng e e kafa ntle se se neng se re “Moruti O Latofadiwa ka go Rotloetsa Thubakanyo le go Tlhaola.” Lokwalo loo lo ne lwa bolela jaana: “Mo kerekeng, [moruti] o rata thata go kgala batho ba ba salang ditlhopha dingwe le ditumelo tse dingwe morago, le eleng lefa moruti wa mo lefelong leno a sa neye kaelo e e lekaneng ya Sekatoliki kana ya Bokeresete ka Efangele mo go ba ba ikanyegang. Kwa Miseng o bua kgatlhanong le badihedi ba Basupi ba ga Jehofa ba ba leng mo toropong, lemororo ba sa tshware Bakatoliki ka tsela e e maswe.” Ereka ene a ne a sa supe fa a le bobaba, mokwadi wa setlhogo seno (moithutelaboruti) o ne a tla go reetsa puo ya Bibela e e neng e neelwa ke babulatsela mme a tla le batho ba bangwe gape ba ba kgatlhegang. Botlhe ba ne ba itumelela pokano eno.
Bakaulengwe ba le bane go tswa kwa Fortaleza ba ne ba tsamaya ka sefofane go ya kwa Setlhaketlhakeng sa Fernando de Noronha, se se dikilometara di le 400 go tswa kwa kontinenteng. Baagi ba ba 1 500 ba setlhaketlhake ba ne ba setse ba na le dingwaga di le 15 ba sa rerelwe ke basupi. Bakaulengwe ba ne ba aba dibuka di le 50 le dimakasine le diboroutšhara di le 245, mme ba ne ba simolola dithuto di le 15 tsa Bibela, mo malatsing a le lesome. Batho ba le 12 ba ne ba tla kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete se letlha la sone le neng la nna fa ba etetse koo. Babulatsela ba solofela gore Jehofa o tla thusa gore tiro e tlhomame ka bonako koo. Bakaulengwe bangwe ba akanya go fudugela kwa setlhaketlhakeng.
Tlhotlheletso ya Baruti E Ama Thobo
Setlhopha sa baboledi ba Bogosi sa Phuthego ya Arpoador kwa Rio de Janeiro se ne sa ithaopela go ya go rera kwa ditoropng di le mmalwa kwa nageng ya Minas Gerais, e e ka nnang dikilometara di le 200 go tloga foo. Ba ne ba itumelela go fitlhela batho ba lefelo leo ba amogela baeng ebile ba le pelonomi. Banna ba ne ba na le ngwao ya go tsholetsa dihutshe tsa bone nako le nako fa go umakiwa Modimo kana leina la gagwe, Jehofa. Lefa go ntse jalo, baruti ba ne ba kgona go ba tlhotlheletsa motlhofo ka gonne ba ne ba tlotla Modimo.
Mo toropong e nngwe, moruti mongwe o ne a bolelela batho gore ba se ka ba reetsa Basupi ba ga Jehofa lefa e le go ya kwa dipokanong tse ba neng ba rulagantse go di tshwara. O ne a rulaganyetsa gore go nne le Misa o o kgethegileng ka nako e le nngwe le nako ya pokano mme a itsise ka sebuelagodimo kafa ntle ga kereke ya gagwe gore go tlile go nna le Misa. Lefa go ntse jalo, lemororo a ne a dira maiteko ao, baagi ba le 29 ba mo lefelong leo ba ne ba tla kwa pokanong, go sa balwe baeng.
Dilo di ne di farologane tota mo toropong nngwe e e fa gaufi. Moruti wa koo o ne a bolelela batho gore ba reetse Basupi fa ba ba etela. Go ne ga felela ka gore go tle batho ba le 168 kwa pokanong eo ya ntlha. Moragonyana, o ne a ba bolelela gore ba ele tlhoko tota kafa Basupi ba ga Jehofa ba ketekang Segopotso ka teng, gonne, jaaka a ne a bolela, “ba se dira ka tsela e e tshwanetseng.” Mo dibekeng tse pedi tseo ba neng ba dira tiro ya go rera ka Bogosi ka tsone mo lefelong leo, go ne ga abiwa dibuka di le 1 014 le dimakasine le diboroutšhara di le 1 052.
Maiteko A A Neng A Tswelela go Dirwa A Ne A Lere Masego
Morago ga lobaka lwa kgwedi, baboledi ba Bogosi ba ba 34 ba ne ba boa go tla go tsweledisa dithuto tsa Bibela tse di neng di simolotswe ka nako ya fa ba ne ba etile. Mogolwane wa Mokeresete yo a neng a ba eteletse pele o ne a kwala jaana: “Go ne go itumedisa tota go bona batho ba ba kgatlhegang bao ba re amogela ba leboga ebile matlho a bone a tshologa dikeledi tsa boitumelo.” Kgaitsadi yo mongwe o gakologelwa gore mosadi mongwe o ne a tla kwa go ene mmogo le Basupi ba bangwe kwa lefelong lengwe le le rekisang dijo “a re kopa ka matlho a a geletseng dikeledi gore re tle go ithuta le ene.” Mosadi yo mongwe o ne a ithuta makgetlo a mararo mo bekeng fa Basupi ba ne ba le teng koo. O ne a baakanyetsa thuto ya gagwe nako le nako mme o ne a nna a letile thuto. Mosadi yono o ne a bolela gore o ne a simolotse go rapela Modimo wa boammaaruri, Jehofa. “Seno ke se ke sa bolong go solofela mo pelong ya me gore ke tla se bona,” o ne a oketsa jalo.
Moragonyana, babulatsela ba bangwe ba ne ba abelwa go tlhokomela batho ba ba kgatlhegang ba ba mo lefelong leo. Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., “botlhe ba ba laolecweñ botshelō yo bo sa khutleñ ba dumèla.” (Ditihō 13:48) Mme jaaka mosadi wa Mosamaria yo Jesu a neng a mo naya bosupi kwa sedibeng sa ga Jakobe, ba ne ba simolola go bolelela ba bangwe dilo tse ba neng ba di ithuta. (Yohane 4:5-30) Gompieno, babulatsela ba babedi bao ba na le batho ba barataro ba ba dirang le bone, mme go na le palogare ya batho ba le 20 ba ba tlang kwa dipokanong beke le beke.
Ereka ba ne ba tlhagafaditswe ke kafa tiro e e kgethegileng eno e neng ya atlega ka gone, baboledi ba le 29 ba Phuthego ya Arpoador ba ne ba ya go rera kwa toropong ya Mutum, e e neng e ka nna dikilometara di le 500 go tloga foo. “Re ne ra amogelwa ka tsela e e molemo tota,” go ne ga bolela jalo mogolwane yo a neng a eteletse setlhopha seo pele. “Batho ba bantsi ba ne ba reetsa ka tlhoafalo ebile ba kgatlhega mo go neng ga simololwa dithuto tsa Bibela di le 170, mme re akanya gore bontsi jwa bone bo tla tswelela.” Mo lobakeng lwa dibeke tse pedi baboledi ba ne ba rera palogare ya diura di le 90 mongwe le mongwe mme ba tsamaisitse dikgatiso tse di ka nnang 1 100 mo bathong bao. Tlhora ya ba le 181 e ne ya tla go reetsa dipuo tsa phatlalatsa tse di neng di neelwa ke bakaulengwe.
Dikgwedi di sekae moragonyana, phuthego e ne ya hira ntlo nngwe e ntlenyane mo gare ga Mutum gore e dirisiwe jaaka Holo ya Bogosi le legae la babulatsela. Bontlhanngwe jwa pego ya ntlha eo e neng e rometswe kwa Mokgatlhong ya bokgaitsadi ba babedi ba ba neng ba rometswe koo e ne e balega jaana: “Re tlhoka babulatsela ba ba oketsegileng gonne re setse re simolotse dithuto tse dintsi. Le eleng lefa bakaulengwe ba ba tswang kwa Rio de Janeiro ba tla go re thusa gangwe ka kgwedi, tiro eno e kgolo tota. Beng ba matlo bangwe le bangwe ba le robong mo go ba le lesome ba re kopa gore re boele gape mo go bone. Re tlhoka thuso gape ya go tshwara dipokano.” Jaanong go na le mmulatsela yo mongwe gape yo o ba thusang.
Matshelo A A Fetolwa
Go kgothatsa tota go bona boammaaruri bo tlhomama bo bo bo ungwa maungo a a molemo. Motho mongwe yo o kgatlhegang o ne a kwala jaana: “Thuto eno ya Bibela e ke e bonang ke selo se se molemo go gaisa se nkileng ka se bona. Botshelo jwa me bo fetogile go nna jo bo botoka, mme ga ke tlhole ke tlhoka diokobatsaditlhabi. . . . A Jehofa a lo duelele sengwe le sengwe se lo se ntiretseng.”
Motho yo mongwe gape o ne a kwala jaana: “Eleruri ke gakgamadiwa tota ke tsela eo Jehofa a neng a bula matlho a me ka yone. Lemororo mmemogolo a ne a tlhokafala mo bekeng eno, gompieno ke na le tsholofelo ya gore ke tla mmona gape. Ke batla go kolobediwa, mme ke batla go ipaakanya sentle pele. A Jehofa a lo segofatse go bo lo tlile kwano go re bontsha tsela e tshesane e e isang kwa botshelong.” Motho yo mongwe gape o ne a bolela jaana: “Ke batla go lo itsise gore ke ne ka tlogela go goga mo kgweding e e fetileng. Ke itumeletse makasine o lo neng lwa o nthomelela tota. O ne o na le dilo tse di molemo tse di neng tsa nthusa go dira jalo.” Eleruri, thobo eno e itumedisa tota.
Lefa go ntse jalo, masego a a ntseng jalo ga a tle fela go sa kgaratlhiwa. Ka sekai, fa mosadi mongwe le morwadie ba ne ba simolola go ithuta, moruti wa mo lefelong leo o ne a ba tshosetsa ka gore o tla ba koba mo kerekeng fa ba ne ba ka ya kwa dipokanong tsa Basupi. Ba ne ba itlhokomolosa seo, mme ba ya kwa dipokanong. Ditsala tsa bone tsa pele di ne tsa ba sotla, mme bangwe ba ba raya ba re ba tshwanetse ba bo ba simolola go tsenwa gonne “Jehofa yoo” ga a yo mo Bibeleng ya Katoliki. Ereka mosadi yoo a ne a se ka a bona leina la ga Jehofa mo Bibeleng ya gagwe ya Katoliki, o ne a kopa baagelani ba gagwe gore ba nne teng ka letsatsi le babulatsela ba tlang go ithuta le ene ka lone. Mosadi yo mongwe o ne a tla ka phetolelo ya Bibela ya Katoliki ya Paulinas. Fa a ne a bala leina la Modimo mo ntlhanyaneng e e kwa tlase ya Ekesodo 6:3, o ne a dumela gore go ithutiwe le ene Bibela kwa legaeng la gagwe.
Nna le Seabe Se Se Tletseng mo Thobong
Go dira tshimo e e neng e dirwa ka sewelo eo go ne ga ama badiri bao jang? Mmoledi mongwe wa Bogosi o ne a bolela jaana: “Tiro eno e ne ya nonotsha tumelo ya rona le kamano ya rona le Jehofa mme e ile ya re thusa go tlhatlhoba gape gore dilo tseo re di lebang di le botlhokwa ke dife.” Mmoledi yo mongwe o ne a bolela jaana: “Lobaka loo lwa malatsi a le 14 lo ne lwa oketsa lorato lwa me mo bakaulengweng ba me ba ba dirang ka boikaelelo bo le bongwe jaaka lelapa le le lengwe: go batla batho ba ba bonolo. Lo ne lwa oketsa lorato lwa me mo bathong ba ba neng ba amogela molaetsa wa rona, gantsi matlho a bone a geletse dikeledi, ba supa fa ba nyoretswe boammaaruri eleruri. Mme mo godimo ga tsotlhe, ke ne ka utlwa gore Jehofa o re rata tota ka go bo a re file tshiamelo ya go mo direla.”
Mogolwane mongwe yo a neng a nna le seabe mo go rereng kwa tshimong e e neng e dirwa ka sewelo eo o ne a supa pharologanyo e e fa gare ga botshelo jwa koo le jwa kwa ditoropong tse dikgolo. O ne a bolela jaana: “Ke sala ke atlhame fela fa ke akanya kafa botshelo jwa bakaulengwe ba bantsi bo neng bo tla nonotshiwa ka gone fa ba ne ba ka fudugela kwa mafelong ao a a kwa gare ga naga. Re ka re thubakanyo ga e yo koo. Botshelo jwa kwa ditoropong tse dinnye ga bo go letle fela go tshela ka madi a a kwa tlase mme gape bo ka dira gore o kgone go kopana ka mo go oketsegileng le bakaulengwe ba rona le go senya nako e ntsi mo dilong tsa semoya. A bakaulengwe ba ba oketsegileng ba ba setseng ba tlogetse tiro, basha ba ba nang le boikarabelo jo bonnye jwa lelapa, kana bakaulengwe ba tiro ya bone e ba letlang gore ba ka fuduga ba ka tsaya tshiamelo e e sa tshwaneng le epe eno mme ba lere boitumelo mo matshelong a bone, mo go Jehofa le mo baagelaning ba bone?”
Pego eno ya tshimo e e dirwang ka sewelo kwa Brazil e supa gore masimo a siametse go rojwa. Mo dingwageng tse pedi fela, tiro e e dirwang mo tshimong eno e ne ya felela ka gore go nne le diphuthego le ditlhopha tse di kwa thoko di le 191. Go santse go na le go le gontsi go go tshwanetseng ga dirwa, mme eleruri Jehofa o tla tswelela a tsholola masego a gagwe fa baboledi ba Bogosi ba ba oketsegileng ba nna le seabe mo thobong eno e e ntshang maungo thata. A o ka nna le seabe se se oketsegileng mo go yone?
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 25]
Basupi ba ba itumetseng ba ba tswang kwa Rio de Janeiro ba nna le seabe mo thobong
harvest
[Mmapa]
(For fully formatted text, see publication)
BRAZIL
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Go neela bosupi kwa metseng ya magae kwa Minas Gerais