Pokano ya Ngwaga le Ngwaga—October 5, 1991
POKANO YA NGWAGA LE NGWAGA ya maloko a Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania e tla tshwarwa ka October 5, 1991, kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa, e e kwa 2932 Kennedy Boulevard, Jersey City, New Jersey. Pokano ya ntlha eo e leng ya maloko fela e tla tshwarwa ka 9:30 a.m., e latelwa ke pokano ya botlhe ya ngwaga le ngwaga ka 10:00 a.m.
Maloko a Lekgotla leno a tshwanetse a itsise Ofisi ya Mokwaledi jaanong fa e le gore diaterese tsa bone tsa poso di ile tsa fetoga mo ngwageng o o fetileng e le gore makwalo a a tlwaelegileng a kitsiso le diforomo tsa go tlhopha di ke di fitlhe kwa go bone ka bonako fela fa morago ga August 1.
Diforomo tsa go tlhopha, tseo di tla romelelwang maloko mmogo le kitsiso ya pokano eno ya ngwaga le ngwaga, di tshwanetse tsa busiwa e le gore di ke di fitlhe kwa Ofising ya Mokwaledi wa Mokgatlho eseng morago ga August 15. Leloko lengwe le lengwe le tshwanetse la tlatsa foromo ya lone ya go tlhopha le go e busa ka bonako, a bontsha gore a o tlile go nna gone kwa pokanong eno ka namana kana nnyaa. Tshedimosetso eo e neelwang mo foromong nngwe le nngwe ya go tlhopha e tshwanetse ya bo e feletse ka nako eno, ereka go tlile go ikaegiwa ka yone fa go tlhomamisiwa gore ke bomang bao ba tla bong ba le gone ka namana.
Go solofelwa gore thulaganyo yotlhe, go akaretsa le pokano ya semolao ya kgwebo le dipego, di tla konelwa ka 1:00 p.m. kana ka bonakonyana fela morago ga moo. Ga go kitla go nna le thulaganyo epe ya thapama. Ka ntlha ya go bo manno a se kalo, go tla tsena fela bao ba nang le ditekethe. Ga go kitla go dirwa dithulaganyo dipe tsa go golaganya pokano eno ya ngwaga le ngwaga ka mogala le mafelo a mangwe a e tshwaretsweng kwa go one.