‘E ne E le Nako Mang?’
‘KE NAKO mang?’ O boditse potso eno gantsi go le kana kang? Mo motlheng ono wa rona wa segompieno o o tsamayang ka lobelo lo logolo, re nna re amegile ka nako ka metlha. Bontsi jwa dilo tse re di dirang letsatsi le letsatsi—go tsoga mo mosong, go ya kwa tirong, go ja dijo tsa rona, go kopana le ditsala, le tse dingwe—di laolwa thata ke nako. Ebile re ikaegile ka dilo di le mmalwanyana—ditshupanako tsa mo leboteng, ditshupanako tsa letsogo, dialamo, diradio—gore di re bolelele gore ke nako mang.
Go tweng ka metlha ya Bibela fa batho ba ne ba sena dilo tse di ba bontshang nako jaaka rona? Ba ne ba bala nako jang? A pego ya Bibela e re neela sengwe se se re bontshang seno? Fa o itse gore tiragalo nngwe ya Bibela e diragetse ka nako efe ya letsatsi seno se ka nna sa dira gore o nne le temogo e nts̆ha malebana le Lefoko la Modimo ebile se tla dira gore o ipelele thuto ya gago ya Bibela ka mo go oketsegileng.
Ditshupanako Tse Di Neetsweng ke Modimo
Mo malatsing a pele, gantsi go ne go bonwa gore tiragalo nngwe e diragetse leng ka go tlhokomela letsatsi kana ngwedi, “masedi a magolo [a] mabedi” ao Mmopi a neng a a baya mo magodimong “go harologanya motshegare le bosigo.” (Genesise 1:14-16) Ka sekai, e ne e le fa “bosigo bo anoga” fa baengele ba le babedi ba ne ba tlhotlheletsa Lote le lelapa la gagwe gore ba tshabe mo motseng o o senngwang wa Sodoma. (Genesise 19:15, 16) Ebile e ne e le ka “lobaka loa maitsiboea” fa motlhanka yo o ikanyegang wa ga Aberahame a ne a fitlha kwa motsweding koo a neng a kopana le Rabeka gone.—Genesise 24:11, 15.
Ka dinako tse dingwe, go bolelwa nako e e tlhomameng. Ka sekai, Abimeleke morwa yo o ratang ntwa wa ga Moatlhodi Gideone, o ne a gakololwa gore a ye go tlhasela motse wa Shekema “ka moshō letsatsi le sena go tlhaba.” (Baatlhodi 9:33) Ka mo go bonalang ka gone go ne go na le lebaka le le botlhale la go bo seno se ne se dirwa. Go phatsima ga letsatsi fa le tlhaba kafa morago ga mophato wa ga Abimeleke go tshwanetse ga bo go ile ga dira gore go nne bokete tota gore batlhasedi ba Shekema ba lemoge mephato e e tlhaselang ba e lemoga mo ‘meruting ya dithaba.’—Baatlhodi 9:36-41.
Dikapuo Tse Di Tlhalosang Nako
Bahebera ba ne ba dirisa dipolelo tse di neng di le dintle ebile di kgatlhisa go tlhalosa nako. Ga di re bontse fela tsela e tikologo eo e neng e le ka gone le mekgwa ya lefelo leo mme gape di re senolela sengwe malebana le maemo ao tiro eo e neng e direlwa mo go one.
Ka sekai, Genesise 3:8 e re bolelela gore e ne e le “ka letsatsi le hèha” fa Jehofa a ne a bua le Adame le Efa ka letsatsi le ba leofileng ka lone. Re kgona go tlhaloganya gore seno e ne e le fa letsatsi le ela go phirima fa pheshwana e e tsiditsana e ne e tla simolola, e lapolosa motho mo mogoteng wa letsatsi. Ka tlwaelo fa letsatsi le ela go wela, ke nako ya go iketla le go ikhutsa. Lefa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a letla kgang e e masisi jaana e e neng e tshwanetse go atlholwa e nna go fitlha letsatsi le le latelang ereka go ne go santse go na le nako ya go e rarabolola.
Kafa letlhakoreng le lengwe, Genesise 18:1, 2 e bontsha gore baengele ba ga Jehofa ba ne ba tla mo bothibelelong jwa ga Aberahame kwa Mamere “go le mogote oa motshegare.” A o ke o akanye fela ka letsatsi ka sethoboloko le gotetse go tloga kwa godimo mo dithabeng tsa Judea. Mogote wa lone o ka nna wa bo o lapisa. E ne e le tlwaelo ka nako eo go ja le go ikhutsa. (Bona Genesise 43:16, 25; 2 Samuele 4:5.) Ka gone, Aberahame o ne a “dutse mo moyakoñ oa mogope,” koo go ka nnang ga bo go ne go foka phefonyana, gongwe a iketlile foo morago ga go ja. Re ka kgona go tlhaloganya ka mo go oketsegileng kafa monnamogolo yono a neng a amogela baeng ka gone fa re bala gore o ne a “siana a ea go . . . kgatlhantsha” baeng mme a “itlhaganèlèla kwa . . . Mogopiñ” go ya go bolelela Sara gore a baakanye senkgwe, mme morago ga moo a “sianèla kwa matlhapiñ” mme “a akoha a e baakanya.” A dira gotlhe gono mo mogoteng wa letsatsi!—Genesise 18:2-8.
Diura tsa Bosigo tsa Sehebera
Go bonala Bahebera ba ne ba kgaoganya bosigo ka dikarolo di le tharo, ba di bitsa “ditebelo.” Nngwe le nngwe ya tsone e ne e tsaya karolo ya seraro ya nako mo gare ga nako ya go phirima ga letsatsi le go tlhaba ga lone, kana mo e ka nnang diura di le nne, go ikaegile ka setlha seo ba leng mo go sone. (Pesalema 63:6) E ne e le “mo tshimologoñ ea tebèlō ea gare,” eo e neng e le mo e ka nnang ka ura ya bolesome bosigo go ya go fitlha go ya bobedi mo mosong, fa Gideone a ne a tlhasela bothibelelo jwa Bamidiane. Go a bonala gore badisa ba ne ba sa lebelela go tlhaselwa ka nako eo ka gope. Eleruri Gideone yo o kelotlhoko o ne a ka se ka a bo a tlhophile nako e e botoka go gaisa eno gore a tlhasele!—Baatlhodi 7:19.
Ka nako ya Khudugo, Jehofa o ne “a bosa lewatlè kwa moragō bosigo yotlhe,” a dira gore Baiseraele ba kgone go kgabaganya mo lefatsheng le le omeletseng. Ka nako ya fa Baegepeto ba ba tshwara, e ne e setse e le “tishō ea makuku,” mme Jehofa a nyerisa ntwa ya Baegepeto marapo, mme kwa bokhutlong a ba senya ka go ‘busetsa metsi mo thateng ya yone fa bosigo boo sa.’ (Ekesodo 14:21-27) Ka jalo go ne go tsere mo e ka nnang bosigo jotlhe gore lewatle le kgaogane mme Baiseraele ba kgabaganye mo go lone.
Mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bajuda ba ne ba tsere mokgwa wa go bala letsatsi ka diura di le 12. Ke ka ntlha ya moo mo go nngwe ya ditshwantsho tsa gagwe, Jesu a neng a bolela jaana: “A dinakō tsa motshegare ga di shomè le bobedi?” (Yohane 11:9) Tsone di ne di balwa go tloga ka nako ya fa letsatsi le tlhaba go ya go fitlha fa le phirima, kana mo e ka nnang ka ura ya borataro mo mosong go ya go ura ya borataro mo maitseboeng. Ka gone, “nakō ea boraro” e ne e tla nna ura ya borobonngwe mo mosong. Moya o o boitshepo o ne wa tshololwa ka nako eno ka letsatsi la Pentekosete. Fa batho ba ne ba latofatsa barutwa ka gore “ba kgotse boyalwa yo bo serobo,” Petere o ne a emisa tatofatso eno ka bonako. Rure go ne go se kitla go nna le ope yo o neng a tla bo a tagilwe ka ura eo ya mo mosong!—Ditihō 2:13, 15.
Ka mo go tshwanang, fa Jesu a ne a re “Seyō sa me ke go diha go rata ga eo o nthomileñ” mafoko ao a nna le bokao jo bo oketsegileng fa re tlhokomela gore seno se diragetse ka nako efe. “Mo lobakeñ loa nakō ea borataro,” go ya ka Yohane 4:6, kana e ka nna mo thapameng. Morago ga go tsaya loeto mo nageng e e tletseng dithaba ya Samaria mo mosong otlhe, Jesu le barutwa ba gagwe ba tshwanetse ba bo ba ne ba tshwerwe ke tlala ebile ba nyorilwe. Ke ka ntlha ya moo barutwa ba neng ba mo kgothaletsa gore a je fa ba ne ba boa ka dijo. Ba ne ba sa itse ka maatla le nonofo tseo Jesu a neng a di amogela ka ntlha ya go dira tiro ya ga Jehofa. Seo Jesu a neng a se bua kwantle ga pelaelo e ne e se fela sekapuo. O ne a kgona go tshela ka go dira tiro ya Modimo tota lemororo go tshwanetse ga bo go ne go tsere diura di le dintsi fa esale a ne a ja.—Yohane 4:31-34.
Ereka go tlhaba ga letsatsi le go phirima ga lone go ne go sa tshwane go ya ka nako ya ngwaga, gantsi go ne go lekanngwa nako fela eo selo se diragetseng ka yone. Ka gone, gantsi re bala ka ditiragalo tseo di diregang ka nako ya boraro, ya borataro, kana ya borobong—gantsi e fopholetsa gore e ka nna ka dinako tseo. (Mathaio 20:3, 5; 27:45, 46; Mareko 15:25, 33, 34; Luke 23:44; Yohane 19:14; Ditihō 10:3, 9, 30) Lefa go ntse jalo, fa nako e ne e le botlhokwa thata mo selong se se bolelwang, go ne go bolelwa nako e e tlhamaletseng. Ka sekai, mo monneng yo o neng a tshwenyegile go itse gore a morwawe o ne a fola ka maatla a ga Jesu, motlhanka o ne a araba jaana: “E rile maabane ka nakō ea boshupa [mo e ka nnang ka ura ya bongwe mo tshokologong], lechoroma ya mo tlogèla.”—Yohane 4:49-54.
Go Kgaoganngwa ga Dinako tsa Bosigo
Ka nako ya puso ya Roma, go bonala Bajuda ba ne ba tsere mokgwa wa Bagerika le Baroma wa go kgaoganya bosigo ka ditebelo di le nne mo boemong jwa di le tharo tseo ba neng ba di dirisa pele. Mo go Mareko 13:35 go bonala Jesu a ne a bua ka dikarolo tse nne tseno. “Ka maabanyane” a ne a simolola ka nako ya go phirima ga letsatsi go fitlha mo e ka nnang ka ura ya borobonngwe maitseboa. Tebelo ya bobedi, eleng “ka bosigo gare,” e ne e simolola mo e ka nnang ka ura ya borobonngwe mme e ne e fela ka bosigogare. “Ka makuku” e ne e simolola ka bosigogare go fitlha mo e ka nnang ka ura ya boraro. Mme tebelo ya bofelo, “ka bosigo boosa,” e ne e fela mo mesong, kana mo e ka nnang ka ura ya borataro.
Tebelo ya “makuku” ke e e kgatlhisang thata ka ntlha ya seo Jesu a neng a se bolelela Petere mo go Mareko 14:30: “E tla re koko e tona e e se e be e lele gabedi, u tla bo u intatotse gararo.” Lemororo baakgedi bangwe ba dumela gore “gabedi” yono o bolela dinako tse di tlhomameng—eleng bosigo gare le mo mosong, ka go latelana ga tsone—A Dictionary of Christ and the Gospels, eo e kwadilweng ke James Hastings, e bontsha gore “gone ke boammaaruri gore koko e lela bosigo, kwa Botlhaba fela jaaka fa go ntse kwa mafelong a mangwe, e lela ka dinako tse di sa tlhomamang go tloga bosigo gare go ya kwa pele.” Ka mo go bonalang ka gone, Jesu o ne a sa bolele gore Petere o tla mo itatola ka nako nngwe e e rileng. Mo boemong jwa seo, o ne a neela sesupo sa go bontsha mafoko a gagwe mo go Petere, ao a neng a diragadiwa sentle mo bosigong jone joo.—Mareko 14:72.
E ne e le ka “lobaka loa tebèlō ea bonè”—fa gare ga ura ya boraro le ya borataro mo mosong—fa Jesu, a ne a tla a tsamaya mo metsing a Lewatle la Galilea, a tla mo barutweng ba gagwe, bao ba neng ba le mo mokorong “o setse o le ha gare ga lewatlè.” Gongwe go bonolo go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa barutwa ba ne “ba huduèga, ba re, Ke sedimo; me ba goisiwa ke poihō.” (Mathaio 14:23-26) Kafa letlhakoreng le lengwe, seno se bontsha gore Jesu o tshwanetse a bo a ne a tsaya nako e telelenyana a rapela ka boene mo thabeng. Ereka seno se ne se direga morago fela ga gore Johane Mokolobetsi a kgaolwe tlhogo ke Herode Antipase ebile e le pele fela ga Tlolaganyo, eleng selo se se neng se tshwaya go simologa ga ngwaga wa bofelo wa bodihedi jwa ga Jesu mo lefatsheng, eleruri Jesu o ne a na le go le gontsi goo a neng a tlhatlhanya ka gone mo thapelong ya gagwe a rapela Rraagwe.
Mo godimo ga go dirisa ditebelo tse nne tseno, gape go ne go balwa nako ya bosigo ka diura di le 12. E le gore ba tle ba ise Paulo ka pabalesego kwa Kaesarea, mong wa mephato ebong Kalaudia Lusia o ne a bolelela balaodi ba gagwe gore ba baakanye setlhopha sa masole a le 470 “ka nakō ea boraro ea bosigo.” (Ditihō 23:23, 24) Ka gone Paulo o ne a isiwa ka pabalesego go tswa kwa Jerusalema a sa bonale mo lefifing.
Itse Nako ya Letsatsi
Fa o bala o bo o tlhatlhanya ka dipego tsa seo se neng sa direga mo bathong ba Modimo ba bogologolo seno se a itumedisa ebile se a nonotsha semoyeng. Fa e ne ekare fa o e sekaseka o bo o akaretsa le nako eo dilo tseo di diragetseng ka yone, eleruri e tlile go dira gore o ipelele go ithuta Bibela ka mo go oketsegileng. Ke ka ntlha yang go le jalo? Ka gonne fa o dira jalo o ka kgona go nna o na le kitso ka Lefoko la Modimo. Dibuka tse di tshwanang le Insight on the Scriptures le New World Translation of the Holy Scriptures With References di botlhokwa thata go go thusa mo ntlheng eno (tsoopedi di gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.). Di tla go thusa gore o bone dikarabo fa o ipotsa jaana: ‘E ne e le ka nako mang?’