LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 12/15 ts. 26-29
  • ‘Go Batla Mafoko A A Lebosegang, Mafoko A Boammaaruri’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Go Batla Mafoko A A Lebosegang, Mafoko A Boammaaruri’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thulaganyo E Ntšha
  • Index E E Diretsweng Wena
  • Kafa Index E Ka go Thusang Ka Gone
  • Mosola O O Bonwang Ke Batho ba Dingwaga Tsotlhe
  • Go Diragatsa Bodihedi Jwa Rona Jwa Bogosi re Thusiwa ke Index
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Ka Moo Index e ka Solegelang Lelapa Molemo ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Tsela ya go Dira Patlisiso
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Diragatsa Bodihedi Jwa Rona Jwa Bogosi Jaaka Basupi ba ga Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 12/15 ts. 26-29

‘Go Batla Mafoko A A Lebosegang, Mafoko A Boammaaruri’

“MORERI a leka go lemoga mahoko a a lebosègañ, le shōna se se kwadilweñ ka thōkgamō, eboñ mahoko a boamarure.” (Moreri 12:10) Abo mafoko ‘a a lebosegang a boammaaruri’ a a thailweng mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng a le botlhokwa thata jang ne! A tshwantshiwa le “boapole ba gouda mo dirotuñ tsa selefera,” a botswerere ebile a na le seriti nako nngwe le nngwe mme ebile botlhokwa jwa one ke jo bogolo le go feta mo dinakong tsa fa motho a tshwenyegile mo boikutlong.—Diane 25:11.

Mo motlheng ono wa rona Moreri yo Mogolwane, ebong Jesu Keresete o re file dilo tsa semoya tseo di fetang kgakala tseo di neng di ipelelwa ke batho ba Modimo ba bogologolo ba ba neng ba busiwa ke dikgosi tsa Iseraele. (Mathaio 12:42) Mafoko a a lebosegang a a tlhomameng a boammaaruri a a amang karolo nngwe le nngwe ya botshelo a ile a kwalwa mo dikgatisong tsa Mokgatlo wa Watch Tower mme a phasaladiwa thata ka dipuo di le dintsi ka dingwaga tse di fetang lekgolo. Ka gone malapa a mantsi mmogo le batho ka bongwe a ile a kgona go nna le dilaeborari tsa dibuka tse di ka ikanngwang tseo di remeletseng mo Bibeleng mo magaeng a bone. Mo godimo ga moo, diphuthego tse dintsi tsa Basupi ba ga Jehofa di na le dilaeborari tse di molemo tota tseo ba di dirisang mo Diholong tsa tsone tsa Bogosi.

Lefa go le jalo, go bona mafoko a a lebosegang, a boammaaruri ao a tlhokegang ka ntlha ya boemo bongwe go tlhoka gore o batle. Fa o ne o lemoga seno, go tloga fela kwa tshimologong ya hisitori ya one, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa phasalatsa diintekese tsa dikgatiso tsa bone.—Bona lebokoso mo ditsebeng tsa 28 le 29.

Thulaganyo E Ntšha

Ngwaga wa 1985 o ne wa simolola kgaolo e nngwe e ntšha mo hisitoring ya Watch Tower Publications Indexes. Di–Index tsa pele tse robong di ne tsa phuthiwa mme tsa kopanngwa go dira bolumo e le nngwe e e akaretsang go tloga ka 1930 go fitlha ka 1985, tiro ya selekanyo sa dingwaga di le 14. Mosola wa go nna le bolumo eo e le nngwe ya Index e e akaretsang dingwaga di le dintsi o ne wa dira gore go nne le thulaganyo e ntšha ya go gatisa Di-Index tse di akaretsang dingwaga tse dintsi. Ngwaga mongwe le mongwe, gantsi mo dingwageng dingwe le dingwe tse di latelelanang tse nnè, go tla nna le boroutšhara e e akaretsang ngwaga o le mongwe, tse pedi, le tse nnè. Mo dingwageng dingwe le dingwe tse tlhano go tla nna le Index ya khabara e e thata e e tla akaretsang Di-Index tsotlhe go tloga ka 1986 go ya kwa pele, jaaka 1986-90, 1986-95, le go ya kwa pele. Ka gone, ga go tlhokege gore o lebe Di-Index tse di fetang tharo: Index ya 1930-1985, Index ya jaanong ya khabara e e thata, le boroutshara ya jaanong.

Index E E Diretsweng Wena

Karolo ya ntlha go Index nngwe le nngwe ke intekese ya ditlhogo. Fa go rulaganngwa intekese ya ditlhogo, go akanngwa ka dipotso tse pedi: (1) Ke tshedimosetso efe e e tshwanetseng go tsenngwa mo intekeseng? (2) Motho a ka bona tshedimosetso eo kae?

Jaaka mmadi, ga se gantsi o ka batlang go bona kakgelo ka kgang nngwe le nngwe fela e nnye. Ereka ka kakaretso fela o tla batla tshedimosetso e e botlhokwa kana e e mosola tota, ke yone e e tlhophiwang e bo e tsenngwa mo intekeseng. Mme kgang ga e a tshwanela go nna telele thata. Selo se se tsenngwang go Index se ka tlhalosiwa ka mola o le mongwe fela, jaaka polelwana ya kafa Mokgatlho o lebang kgang eo ka gone. Kana e ka akaretsa setlhogo sotlhe, le eleng kgatiso yotlhe. Lefa go ntse jalo, gantsi kgang e e kwadilweng e tlotliwa ka dirapa di le mmalwa.

Ntlha ya gore ditshupiso di tshwanetse go tlhaga kae go Index le yone e botlhokwa ka tsela e e tshwanang, ka gonne babadi ba akanya ka go farologana mme ba tla leba kafa tlase ga ditlhogo tse di farologaneng. Ka sekai, tshedimosetso kaga Tora ya Babele e bonwa kafa tlase ga TOWER OF BABEL. Mme babadi ba ka leba kafa tlase ga BABYLON, ARCHAEOLOGY, kana LANGUAGE(S), go ikaegile ka karolo ya setlhogo se ba se kgatlhegelang. Ka gone, go dirwa maiteko a go boeletsa ditshupiso kafa tlase ga ditlhogo tse di tshwanelang, go akantswe gape gore babadi ga ba lekane ka dingwaga le kgodiso ya bone ga e tshwane, le gore ba na le maikaelelo a a sa tshwaneng.

Kafa Index E Ka go Thusang Ka Gone

Jaaka mmapa Index e ka go direla fela fa o e dirisa. O tshwanetse go lebelela go bona eng mo intekeseng ya ditlhogo kana mo karolong ya intekese ya Dikwalo e e tlang morago ga yone?

Ditshupiso tse di leng mo karolong ya intekese ya Dikwalo di tlhalosa ditemana ka bongwe ka bongwe. O ka bona tlhaloso ya koo mafoko a temana a tlhalosiwang gone, lebaka la go bo a ne a kwalwa, gore a ne a dira mo go bomang, kana bokao jwa lefoko lengwe le lengwe kana dipolelwana. Sekai e ka nna kopo ya ga Jesu mo thapelong ya gagwe ya sekao: “A u ko u se ka ua re isa mo thaeloñ.” (Mathaio 6:13) Ke ka ntlha yang fa e ne ya bolelwa ka tsela eno? Intekese ya Dikwalo e tla go thusa go batlisisa seo.

Intekese ya ditlhogo, jaaka leina la yone le kaya, ke intekese e segolobogolo e leng ya ditlhogo go na le mafoko kana dipolelwana. Babadi bangwe ba ile ba fitlhela go se motlhofo go bona setlhogo fa ba leka go se batla ka setlhogo sa sone. Bothata jono bo ka nna gone fa go sena lefoko lepe kana setlhogo sepe seo tota se supang kgang eo. Sekai e ka nna ya nna setlhogo se se reng “How Much is Too Much?,” seo se neng sa tlotla kafa bojalwa bo ka dirang ka gone mo mothong. Fa o gakologelwa seo setlhogo seo se neng se bua ka sone o ka nna wa ya kwa ditlhogong tse di kaga ALCOHOLIC BEVERAGES kana DRINKING go Index, mme o tla fitlhela tshupiso ya yone koo.

Index e ka nna mosola ka tsela e e kgethegileng tota go bona tshedimosetso ka mathata a o lebaneng le one. Ka sekai, fa e le gore o motsadi, a ka dinako dingwe o ikutlwa o tlaletswe fa o ntse o otlhaya le go kaela bana ba gago? Kafa tlase ga CHILDREN o tla bona ditshupiso tse di tla dirang gore o lemoge kafa ba akanyang ka gone, kafa ba ikutlwang ka gone, le seo ba se tlhokang. Lefa go le jalo, o tla fitlhela ditshupiso tsa dikarolo tsotlhe tsa go ruta le go otlhaya mo setlhogong CHILD TRAINING.

Ka dinako dingwe Mokgatlho wa Watch Tower o amogela dikopo tsa go thusa go rarabolola mathata a lenyalo kana dipotso tsa lenyalo tsa gore a dilo dingwe di tshwanetse. Lemororo Mokgatlho o kgona go araba, yone kgakololo e e kwa teng, le e e dirang e ka bonwa fa o ya mo setlhogong MARRIAGE, se se nang le ditlhogwana “problems” le “sex” kana “sexual relations,” le go leba ditshupiso tse di kwadilweng foo.

Re amogela gape le makwalo a a tswang kwa go ba ba tshwenngwang ke go tshwenyega thata mo boikutlong kana go tshwenyega mo tlhaloganyong. Tlhomamisetso le thuso e e neelwang ka lokwalo e ka bonwa ka bonako mo laeboraring ya gago kana mo go e e kwa Holong ya Bogosi ka go leba ditlhogo DEPRESSION le MENTAL ILLNESS go Index. Go umakiwa ditlhogo tse di tlhalosang kafa o ka dirisanang le malwetsi a tlhogo ka gone, melemo e e leng gone, le maitemogelo a bao ba kileng ba tshwenyega thata mo boikutlong.

A o mosha? O ka tswa o tshwenyega kaga lenyalo, botshelo jwa lelapa, sekolo, kamano ya gago le batsadi ba gago, le tse dingwe. Setlhogo se segolo se se reng YOUTHS se na le ditshupiso tsa ditlhogwana tseno tsotlhe le tse dingwe tse di oketsegileng. Mo godimo ga moo, ditlhogo tse di jaaka RELATIONSHIPS, SCHOOLS, CAREER, le COURTSHIP di ka re naya go le gontsi. Fa e le ka dipego tsa sekolo, Index e ka go naya dilo tsa botlhokwa tse di buang ka tlholego, saense, diokobatsi, ikonomi, le ditlhogo tse dingwe tse dintsi.

Mosola O O Bonwang Ke Batho ba Dingwaga Tsotlhe

Mosadimogolo mongwe wa dingwaga tse 81 o ne a kwala jaana: “Dibuka tseno le dimakasine ke moepo wa gouta wa tshedimosetso le nonofo ya semoya—mme Index e fatolola gouta eo.” Mmè mongwe yo o nang le bana ba mongwe wa bone a nang le dingwaga di le robedi mme yo mongwe di leng robong o ne a bolela jaana: “Jaanong ke ipotsa gore ke kgonne jang kwantle ga yone. E nneile dikarabo tsa dipotso tse dintsi tse ke neng ke ntse ke di ipotsa ka lobaka lo loleele mme e ile ya dira gore go baakanyetsa dipokano tsa phuthego go nne motlhofo tota. . . . Ke batla go lo bolelela gape kafa kgatiso eno e re thusitseng ka gone mo thutong ya rona ya lelapa ya Bibela. . . . Fa monna wa me a raya basetsana ba rona gore ba itlhophele gore ba batla go dira eng, gantsi ba batla go dira patlisiso ba dirisa Index. Ba itumelela go tlhopha setlhogo se ba se kgatlhegelang, jaaka diphologolo tse ba di ratang kana dinaga tse di farologaneng, mme ba kgona go ipatlela tshedimosetso re sa ba thuse go le kalo. Seno gape se ba rutile gore go ithuta Bibela go monate.”

Go batla mafoko a a lebosegang le a a tlhomameng a boammaaruri go na le tuelo e kgolo tota. Maiteko a Moreri a ne a mo solegela molemo tota go gaisa jaaka a ne a ikaeletse kwa tshimologong, ka go bo mafoko ao a ile a mo thusa go kgothatsa le go kaela batlhanka ba ga Jehofa le go fitlha gompieno. Maiteko a rona a a tshwanang le ao le one a re leretse masego a ga Jehofa, ao a ka nnang a nna a bosakhutleng.—Diane 3:13-18, 21-26.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28, 29]

Diintekese tsa Pele

Ka 1902 go ne ga gatisiwa Holman Parallel Edition Bible ka tsela e e kgethegileng e gatisediwa Mokgatlho wa Watch Tower, mme e ne e na le dilo tse di thusang tota tse di rulagantsweng ke Mokgatlho. Mametlelelo ya yone e ne e na le ditlhogo le intekese ya Dikwalo tse di leng mo motseletseleng wa dibuka tsa Millennial Dawn (tseo moragonyana di neng tsa itsiwe jaaka Studies in the Scriptures), dibukana tse pedi tse dikgolo, le Zion’s Watch Tower tsa 1879-1901.

Dibibela tsa Berea tsa 1907 le tsa morago ga foo di ne tsa ntsha diintekese tse di tshwanang. Tseno di ne tsa emisediwa ka diintekese tsa dikgatiso tsa Mokgatlho ka 1922. Diintekese tseno di ne tsa tlhagelela mo bolumong ya bofelo mo go tse supa tse di kwadilweng bosha (1879-1919) tsa Watch Tower. Le go fitlha gompieno tseno tsa morago ke tsone sedirisiwa se segolo sa go bona seo se neng se le mo dikgatisong tsa bogologolo tsa Mokgatlho wa Watch Tower.

Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tse 40 tse di neng tsa latela, go dira patlisiso mo dikgatisong tse di neng tsa gololwa morago ga 1919 go ne ga tshwanela go dirwa patlisiso ka go dirisa diintekese tse di kwa le kwa tse di leng kafa morago ga dibuka le kafa morago ga tokololo ya bofelo ya makasine wa ngwaga mongwe le mongwe. Mme ka 1959 Mokgatlho o ne wa dira tiro e kgolo ya go dira bolumo e le nngwe fela ya dikgatiso tsa yone tsa Seesemane e e nang le intekese ya ditlhogo le ya Dikwalo. Go ne ga phuthiwa setlhopha seo se neng se akaretsa badiri ba kwa ntlokgolo, baalogi ba barongwa ba Sekolo sa Bibela sa Gileade sa Watchtower, le eleng balebedi ba ba etang ba New York City. Morago ga gore badiri ba ba ineetseng bano ba ba 18 ba dire ka lobaka lwa ngwaga le sephatlo, go ne ga gololwa Watch Tower Publications Index, e e nang le dikarolo tsa ditlhogo tse go neng go tlotlilwe ka tsone le dikwalo tse di neng di tlhalositswe, tse di akaretsang dingwaga di le 31 go tloga ka 1930 go fitlha ka 1960. E ne ya gololelwa bareetsi kwa Dikopanong tsa Baobamedi ba ba Utlwanang ka 1961.

Go tloga ka nako eo, Watch Tower Publications Index e ne ya tlhaga ngwaga nngwe le nngwe ka Seesemane e na le Index ya dingwaga tse di kgobokantsweng tse tlhano.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela