LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 12/15 ts. 25
  • “Moñōbō oa Dinokwane” wa Segompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Moñōbō oa Dinokwane” wa Segompieno
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 12/15 ts. 25

“Moñōbō oa Dinokwane” wa Segompieno

MO MAKASINENG wa Natural History, porofesa yo o ithutang ka tlhago ya ditshedi Colin Turnbull o ne a bolela boitemogelo jwa gagwe fa a ne a etetse kwa Jerusalema. O ne a bolela gore “moya wa Keresemose” o a neng a simolola go nna nao o ne wa “nyelela ka bonako fela” fa a bona mabenkele a mo toropong eo “a a tletseng ka dilo tsa boleng jo bo kwa tlase tse di rekisediwang bareki ba Keresemose (bajanala) bao ba neng ba lebega ba tsenwe ke moya wa go reka sengwe le sengwe se ba se bonang.”

Turnbull o ne a bolela jaana ka “moya wa Keresemose” o o neng o le mo go ene: “[O ne wa] kotlomanngwa gape ke lefelo le lengwe leo ke neng ke akanya gore le ka nna la [o] tsosa—eleng kwa Lebitleng le le Boitshepo.” (Bokafateng jwa lone bo bonwa fa godimo.) Koo, tsela eo bajanala ba bangwe “bao go neng bo lebega ba sa tlotle dilo tse di boitshepo” ba neng ba itshwara ka yone e ne ya mo kgoba marapo ka ba ne ba “kgarametsana le go sutlhana fela ka tsela e e seng ya Bokeresete, ba dirisa magetla le dikgono go ipetelela go tsena mo kgorong e tshesane ya lebitla leo ka bolone. Go ne go etla go tsoga dintwa, le matlhapa le go supana tseo di neng di sa itsheka le eseng.”

Go na le gore baruti ba ba neng ba tlhokometse koo ba “tsosolose moya wa go nna boitshepo,” Turnbull o ne a bolela gore ba ne ba “nyeletsa sepe fela seo se neng se ka go dira boitshepo ka go tlhoma sekao sa go nna le moya wa ntwa.” O ne a bolela ka “mongwe wa sebopego sa se–Rasputin yo a neng a apere diaparo tse ditshetlha tse di nang le letsela le letona le le lepeletseng fa pele mo molaleng” yoo “a neng a ntse a kgaphela bajanala ba ba kobodikhutshwane kwa morago ga mojako wa lebitla nako le nako fa setlhopha se se duelang madi a a kwa godimo sa bajanala ba ba tshotseng dikerese (ba ba bidiwang bajanala ba ba etelang mafelo a a boitshepo) ba tla, ba eteletswe pele ke Rasputin yo mongwe.” Morutisi wa foo o ne a bolela gore seno se felela ka gore “go nne le ntwa fa gare ga ba ba sa tsholang dikerese le ba ba di tshotseng, mmogo le fa gare ga baruti ba ba farologaneng, jaaka go ne go lebega go na le makokonyana a a sa utlwaneng a a neng a tlhomagana a sa fele a a neng a lwela go tsena pele le go bona mafelo koo.”

Yo a neng a tsamaya le porofesa Turnbull o ne a le “[dimetara] di sekae go tloga foo kwa pele ga tempele, a khubame ka diatla le mangole, bontlhanngwe jwa mmele wa gagwe bo le mo phatlheng e e mo loboteng.” Turnbull o ne a anela jaana: “Fa ke ntse ke lebile, o ne a ntsha seatla sa gagwe sa moja mme a fophola madi mo kgetsaneng ya gagwe, mme letsogo le lengwe la gagwe le ne la sala mo teng, le gagametse jaaka ekete le tshwerwe ke sengwe. Lefa go ntse jalo, fa a sena go tsenya madi gape mo mosimeng, sengwe se se neng se tshwere letsogo la gagwe la moja se ne sa mo lesa mme tsala ya me e ne ya ema ka dinao . . . Mo letsogong la gagwe la molema o ne a tshotse sefapaano se sennye thata sa logong, se kolobile foo se neng se kgatshitswe ka metsi a go bolelwang fa a le boitshepo ke moitlami mongwe yo a neng a letlilwe go dira jalo mme a gagabetse mo teng ga logaganyana lono a iphitlhile, a emetse yo a tla mo tshwarang.”

Jesu Keresete o ne a bona boitsholo jo bo tshwanang bo dirwa ke batho ba ba gapang maikutlo a batho kwa tempeleng, mme o ne a ba bolelela gore ba ne ba e fetola “moñōbō oa dinokwane.” (Luke 19:45, 46) Go boammaaruri gore mo motlheng ono wa rona ‘mengobo ya dinokwane’ e e ntseng jalo ga e kwa Jerusalema fela.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela