A O A Gakologelwa?
A o kile wa akanya ka kelotlhoko ka ditokololo tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa go le jalo, eleruri o tla gakologelwa tse di latelang tseno:
◻ A bangwe ba Bakeresete ba ba tloditsweng ba tla falola ‘sepitla se segolo’ mme ba tshele mo lefatsheng ka lobakanyana pele ba ka tseelwa kwa legodimong?—Tshenolō 7:14.
Bibela ga e bue ka tlhamalalo kaga seno. Dipego tse dingwe tsa Bibela di lebega di akantsha gore batlodiwa bangwe ba ka nna ba tshela go fitlhela ba tsena mo lefatsheng je lesha. Lefa go ntse jalo, dimilione tsa bao ba solofelang go tshelela ruri mo lefatsheng di ile tsa bona katiso e e tlhokegang go baakanya lefatshe le lesha. Ka gone, masalela a mannye ga a ne a tlhokega fa go dirwa tiro eno, mme Modimo o ka nna wa ba tseela kwa legodimong ba ya kwa ‘nyalong ya ga Kwana’ fa seaka sa bodumedi, “Babelona o mogolo” se sena go senngwa. (Tshenolō 18:2, 10; 19:2, 7, 8)—8/15, tsebe 31.
◻ Motho o tshwanetse go nna le boikutlo jwa mofuta ofe fa a tlhoma pelo ya gagwe mo go nneng molebedi wa Mokeresete? (1 Timotheo 3:1)
Motho o tshwanetse go dira maiteko a go bona tiro ya bolebedi, a dira jalo ka boikokobetso gonne a batla go direla ba bangwe molemo. Fa a tlhotlhelediwa ke maikutlo a a siameng, tiro eno e ka felela ka masego a semoya go botlhe ba ba amegang.—9/1, tsebe 18.
◻ Ke ka ntlha yang fa moaposetoloi Paulo a se kile a kgobega marapo lemororo a ne a tshwanela go itshokela dilo tse dintsi?
Paulo o tlhalosa jaana: “Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ.” (Bafilipi 4:13) Paulo ga a ise a ko a leke go rwala merwalo ya gagwe a le esi. Go na le moo, o ne a lebelela mo go Jehofa go mo tshegetsa. (Pesalema 55:22)—9/1, tsebe 30.
◻ Ke eng se se kaiwang ke polelo eno ya ga Paulo e e mo go Baefesia 4:26: “Lo nnè bogale, me lo se ka loa leoha”?
Mafoko ano a a dumalana gore motho a ka nna a galefa, mme fa seno se diragala, motho ga a a tshwanela go ‘nna jalo a ntse a galefile letsatsi le bo le phirime.’ (Baefesia 4:26) Ka ntlha yang? Gonne seno se tla naya Diabolo tshono ya go mo dirisa, gongwe a mo tlhotlheletsa go dira sengwe se se bosula, gore Modimo o se ka wa tlhola o mo amogela. (Pesalema 37:8, 9)—9/15, tsebe 21.
◻ Ke pharologano efe e kgolo e e gone fa gare ga tsela eo Basupi ba ga Jehofa ba rutang ka yone le eo baruti ba Labodumedi ba rutang ka yone?
Basupi ba ga Jehofa ba dirisa Lefoko la Modimo fa ba ruta, fa baruti ba Labodumedi ba thaile dithuto tsa bone mo ngwaong ya bodumedi ya boheitane eo e tserweng kwa Babelona le kwa Egepeto.—10/1, tsebe 25.
◻ Morwa Modimo o ne a tla mo lefatsheng ka lebaka lefe le le botlhokwa thata?
Jesu o ne a tla mo lefatsheng segolobogolo ka boikaelelo jwa go tla go fedisetsa ruri kgang e e neng e tsositswe ke Satane e e kaga bolaodi jwa ga Jehofa.—10/15, tsebe 13.
◻ Fa re bitsa babusi ba lefatshe “ba bagolo,” a ka tsela nngwe re fokotsa tlotlo e e tshwanetseng go newa Jehofa? (Baroma 13:1)
Nnyaa, gonne Jehofa o mogolo go gaisa go feta fa go ka twe ‘o mogolo.’ Ke “Morena le Molaodi,” “Yo Mogolo go gaisa.” (Pesalema 73:28, NW; Daniele 7:18, 22, NW) Babusi ba lefatshe ba bagolo fela mo bathong le ka ntlha ya tiro e ba e dirang. Ba na le boikarabelo jwa go busa le go sireletsa batho.—11/1, tsebe 12.
◻ Ke ka ntlha yang fa lorato e le lone lo logolo go gaisa maungo otlhe a a robong a moya wa Modimo a a umakilweng mo go Bagalatia 5:22, 23?
Maungo otlhe a mangwe a a robedi a moya wa Modimo ke ditshupo fela, kana dikarolo tse di farologaneng, tsa lorato, loo lo umakiwang pele. Maungo ano otlhe a mangwe a moya ke dinonofo tsa botlhokwa, mme ga di kake tsa re solegela molemo fa re sena lorato. (1 Bakorintha 13:3)—11/15, tsebe 14.
◻ Re ka solegelwa molemo jang ke go rapelela badumedi ba bangwe?
Fa re rapelela ba bangwe gore ba itekanele semoyeng, re atamalana le bone mo loratong lwa bokaulengwe. Gape re ba utlwela botlhoko, re amega ka dilo tse di ba kgatlhang le tseo di ba tshwenyang. Ka gone, letlhoo lepe le a nyelela, mme go sala fela dikgopolo tse di agang tseo di re dirang batho ba ba lorato le ba ba itumetseng.—11/15, tsebe 21-2.
◻ Ke mabaka afe a a re pateletsang go obamela Jehofa Modimo?
Re tshwanetse go obamela Jehofa gonne ke Mmopi wa rona gape dinonofo tsa gagwe di re gogela kwa go ene. (Duteronome 32:3, 4; 1 Yohane 4:8; Tshenolō 10:8) Bibela e bolela jaana: “Poihōmodimo e molemō kaga dilō cotlhe, ka e na le choloheco kaga botshelō yoa gompiyeno, le kaga yōna yo bo tla tlañ.” (1 Timotheo 4:8) Ga go na modingwana ope fa e se Jehofa fela yo o ka solofetsang selo se se ntseng jalo wa bo wa diragatsa tsholofetso ya one.—12/1, ditsebe 6-7.