Ke Ka Ntlhayang fa Jehofa A Ne A Senola Leina la Gagwe?
Kakgelo ya “Old Testament” e e gatisitsweng kwa Poland ka 1964 e ne ya araba potso eno ka tsela e e tshikhinyang mogopolo. Kafa tlase ga taolo ya Kereke ya Roma Katoliki, Dr. Stanisław Łach, moporofesa wa Unibesithi ya Lublin, o ne a akgela jaana:
“Batho ba ba golotsweng ba ikarabelela ka leina la Modimo fa pele ga batho botlhe.” E ne e le boikarabelo jwa Baiseraele go dira maiteko a gore “Baditšhaba ba bake leina Jahwe [Jehofa] le gore ba seka ba le tlontlolola.” “Jahwe e na le bokao . . . Lefatshe le tla atlholwa go ya ka moo le arabelang ka gone mo go bao ba bolelang leina leo.” Moporofesa o ne a bolela go re “Leina Jahwe le tla nna legolo mo merafeng . . . Le tla itsiwe mo lefatsheng lotlhe. Seno e ne e le boikaelelo ka . . . leina leo ka Moshe.”
Ee, ke jaaka Malaki 1:11 e perofesa jaana: ‘Leina la me le tla nna legolo mo merafeng, go buile jalo Jehofa wa masomosomo.’ Mme ke bomang ba ba bolelang leina leo mo lefatsheng ka bophara gore ‘mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa a tle a bolokwe’? Ke Basupi ba ga Jehofa! Tsela eo batho ba arabelang ka yone mo ‘bathong bano ba leina la gagwe,’ ee, ‘bao ba bolelang leina leo,’ go raya loso le botshelo mo go bone. O arabela jang mo Basuping ba ga Jehofa?—Ditihō 2:21; 15:14; bapisa Malaki 3:16-18.