“E Opa Kgomo Lonaka”
Go gola mo metlheng eno ya mathata ga go motlhofo. Basha ba lebana le maemo a mantsi a masha mme ba tshwanela go dira ditshwetso tse di masisi. A ke tshwanetse go nwa bojalwa? A nka dirisa diokobatsi? Nka itshwara jang mo go ba bong jo bo farologaneng? Basha ba tlhoka dikarabo tse di ka rarabololang seno, tse di opang kgomo lonaka. Fa a bala buka e ntšha Dipotso tse Basha ba di Botsang—Dikarabo tse di Nang le Tharabololo! mosha mongwe wa kwa Greensboro, kwa North Carolina o ne a kwala jaana:
“Buka eno e tlhaloganngwa motlhofo ebile e na le dikai tse di molemo ka bothata bongwe le bongwe. Fela fa o simolola go e bala ga o kgone go kgaogana nayo, dikgaolo tsa yone di kgatlha tota. Re ka bolela gore e opa kgomo lonaka mme e rarabolola mathata ka tlhamalalo.
“Mo godimo ga tsotlhe, buka eno e gakgamatsa tota, e bua boammaaruri, e a kgatlha, . . . ga ke na mafoko a go tlhalosa ka moo buka eno e leng molemo ka gone. Ke e kgothaletsa botlhe, segolo bogolo basha.”
Amogela buka eno e ntšha, e e nang le ditshwantsho tse dintle ka go tlatsa le go romela foromonyana eno. Ke R3,75 fela.
Tswee tswee nthomelelang, poso e dueletswe, buka ya khabara e e thata ya ditsebe tse 320 Dipotso tse Basha ba di Botsang—Dikarabo tse di Nang le Tharabololo. Ke tsenya R3,75.