Go Fetoga ga Mekgwa ya go Tlhakanela Dikobo—Ya Bogologolo le ya Segompieno
KOBAMELO ya ga Moleke, ebong mongwe wa medimo ya Bamoaba, e ne e le maswe go le go kana kang? Paolo Mantegazza o kwala mo bukeng ya gagwe ya The Sexual Relations of Mankind gore Bamoaba ba metlha ya Bibela ba ne ba dira ditiro tse di tlhabisang ditlhong thata tsa boitshwaro jwa kafa dikobong “ba le mmogo, fa ba ntse ba bina go dikologa sefikantswe se se galalelang seo sa ga Moleke, morago ga gore melomo e le supa e e dirilweng ka kopore ya modimo oo e je ditlhabelo tsa bao ba ikanyegang, ditlhabelo tseo e ne e le tsa bopi, maphoi, dikwanyana, diphelehu, dinamane, dipoo, le bana ba basimane.” O oketsa jaana: “Mongwe le mongwe yo o kileng a bala Bibela o tshwanetse a gakologelwa mafoko a a maswe a phutso ao a neng a bolelwa ke Moshe a a bolelela Bahebera bao ba neng ba akafala le Moleke. Baalepeora, le ene, kana Belephegora [Baale wa Peora], yo e neng e le modimo o o rategang thata wa Bamidiana, o ne a amogelwa ka matlhagatlhaga a mogolo ke Bajuda, mme tsela eo ba neng ba mo obamela ka yone e ne e sa fetiwe ka gope ka botlhabisa ditlhong ke eo Moleke a neng a direlwa ka yone.”—Lefitiko 18:21, New World Translation Reference Bible, ntlhanyana e e kwa tlase; 20:2-5; Dipalō 25:1-5; Yeremia 32:35.
“Matlhagatlhaga a magolo” a Bajuda bao gompieno a tshwana le “boitshwaro jo bosha” jo bo ileng jwa tlhaga, segolo-bogolo kwa United States le kwa mafatsheng a mangwe a La-Bodumedi, ka bo-1960.
Fa ba ne ba lekanyetsa ditlamorago tse di tsayang lobaka lo loleele tseo phetogo eno ya boitshwaro jwa kafa dikobong e di lerileng, Dingaka Alexandra le Vernon H. Mark, bao ba neng ba kwala buka ya The Pied Pipers of Sex mmogo, ba ne ba ntsha maikutlo a bone mo karolong e e reng “Speaking Out” ya Medical World News, Houston, Texas, U.S.A. Ka 1985 ba ne ba kwala jaana:
“Mo dingwageng di le 25 tse di fetileng, batho ba ile ba bona phetogo e kgolo thata mo boitshwarong jwa kafa dikobong. . . . Go senngwa gono ga boitshwaro jo bo tlwaelegileng go ile ga bidiwa phetogo ya boitshwaro jwa kafa dikobong.” Morago ga gore ba umake bomankge bangwe ba tsa kalafi bao ba ikarabelang mo phetogong eno e e malebana le tsela eo boitshwaro jwa kafa dikobong bo lejwang ka yone, bakwadi bano ba ne ba bolela jaana: “Ka ntlha ya seo mongwe le mongwe wa bone a se dirileng, [borrakalafi bano] ba ile ba nna le tlhotlheletso e e tshosang thata mo bathong le mo ditheong tsotlhe tsa bone. Mo boemong jwa gore re leboge batho bano bao ba simolotseng boitshwaro jono jwa kafa dikobong, go tlhokega gore re fedise tlhotlheletso ya bone ka go buelela boemo jo bo siameng le jo bo lekalekaneng malebana le boitshwaro jwa kafa dikobong le go sireletsega ga pholo ya batho botlhe.
“Go letlelela phetogo eno ya boitshwaro jwa kafa dikobong e gakatsega thata jaana ga go ise go tlhagise melemo epe e e bonalang mo nageng yotlhe—ntle ga fa re akanya ka morokotso wa madi. Mme fa e le ka tsela eo e gatelelang boitshwaro jwa kafa dikobong ka gone jaaka boitapoloso le motshameko o o kgatlhisang ba ba o lebeletseng, phetogo eno e ile ya tlhagisa mathata a le mantsi thata ao a re tshosetsang ka go re tsenya mo dipharagobeng—venereal disease ke nngwe ya tsone. VD ga se sebetso se sentšha, mme jaanong se fetogile go nna bolwetsi jo bo diphatsa, jo bo ileng jwa tlhagisa mefuta e mesha ya ditwatsi tse di sa tlwaelegang le dilo tse dingwe tse di ka bakang malwetsi. Bolwetsi jwa dirwe tsa tlhakanelo dikobo, jo bo sa alafesegeng mo bagolong, bo ile jwa baka dintsho tsa masea a bolawa ke bolwetsi jwa meningoencephalitis. AIDS . . . e ile ya kgona go tshwara ba le bantsi ba batho ba rona le go tsena mo methapong ya madi ya batho ba ba senang molato e tsena mo go bone ka go tshelwa madi a a abilweng a kgotlhetswe.”
Bakwadi bano ba ne ba swetsa jaana: “Bosupi jo bo ntseng bo gola jo bo bonang baeteledipele ba phetogo eno ya boitshwaro jwa kafa dikobong molato bo kgatlhisa thata. Ba ile ba solofetsa boipelo, kgololesego, le pholo e e molemo. Ba tlisitse kutlobotlhoko, malwetsi, le eleng loso.” Bibela e tlhalosa ka phepafalo gore boemo jwa baeteledipele bano ke bofe. Ka sekai, 1 Bakorintha 6:9, 10 e tlhalosa jaana: “Kgotsa a ga lo itse ha ba ba sa siamañ ba se ketla ba rua bogosi yoa Modimo? Lo se ka loa tsietsèga: go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.”—Bona gape Yude 7.