Go Nna re Rulaganye go Falolela mo Mileniamong
“Di tla nna lecomane le le leñwe hèla, le modisa a le moñwe hèla.”—YOHANE 10:16.
1. Dingwaga tse di sekete di tshwana le eng mo Modimong o o sa sweng?
JEHOFA ke Motlhodi wa nako ya batho. Mme mo go ene, Modimo o o sa sweng o o simologileng kwa bosaeenkae ebile e le wa bosaeenkae, dingwaga tse di sekete di tshwana le letsatsi le le fetang ka bofefo kana le eleng oura e le nngwe fela mo bosigong bo le bongwe fela jwa rona.—Pesalema 90:4; 2 Petere 3:8.
2. Ke nako efe eo Jehofa a e beetseng kwa thoko e mo go yone a tlang go segofatsa batho botlhe?
2 Modimo o tlhomile letsatsi la tshwantshetso la dingwaga tse di sekete leo mo go lone a tla segofatsang malapa otlhe a a mo lefatsheng. (Genesise 12:3; 22:17, 18; Ditihō 17:31) Seno se kopanyeletsa bao jaanong ba suleng le ba ba santseng ba tshela. Modimo o tla dira seno jang? Ebu, ka Bogosi jwa Gagwe ka Jesu Keresete, ebong “losika” lwa mosadi wa Gagwe wa tshwantshetso!—Genesise 3:15.
3. (a) Serethe sa Losika lwa mosadi wa Modimo se ne sa kgobiwa jang, mme ntho eo e ne ya fodisiwa jang? (b) Kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu Keresete o tla dira eng ka noga ya tshwantshetso?
3 Serethe sa tshwantshetso sa Losika lwa mosadi wa Modimo (kana phuthego ya selegodimo) se ne sa kgobiwa fa Jesu Keresete a ne a swa loso lwa boswela-tumelo mme a nna a sule ka malatsi a le mararo mo ngwageng wa 33 wa Motlha wa rona o o Tlwaelegileng. Mme Modimo Mothatayotlhe, Monei-Botshelo o Mogolo, o ne a fodisa ntho eo ka go tsosetsa Morwawe yo o ikanyegang mo botshelong jwa bosasweng kwa lefelong la semoya ka letsatsi la boraro. (1 Petere 3:18) Ereka Jesu a se kitla a swa gape, o mo boemong jwa go busa jaaka Kgosi ya batho ka dingwaga tse di sekete le go “tapeta” tlhogo ya noga ya tshwantshetso, a e senyetsa ruri morago ga bokhutlo jwa Puso ya Dingwaga tse di Sekete. Abo seo e tla bo e le lesego jang ne mo bathong ba ba ikanyegang ba ba tsosolositsweng!
4. Ke thulaganyo ya mofuta ofe eo Modimo o ntseng o e dira le batho ba one?
4 Batho ba ga Jehofa mo lefatsheng ba ntse ba tsweletse ka go dira thulaganyo e kgolo mo “bokhutlong [jono] jwa tsamaiso ya dilo” fa esale Metlha ya Baditšhaba e fela ka 1914. (Mathaio 24:3; Luke 21:24, King James Version) Thulaganyo eno ya phuthego e e dirwang pele ga Millennium e dirwa tumalanong le thato le kafa tlase ga kaelo ya Morulaganyi yo Mogolo, Jehofa Modimo. Bogosi jwa gagwe ka Jesu Keresete jo bo solofeditsweng bo ne jwa tsalwa ka 1914, ke mosadi wa gagwe, eleng phuthego ya selegodimo ya seka-mosadi, jaaka go tlhomamisiwa ke go diragadiwa ga boperofeti jwa Bibela.
5. Tshenolō 12:5 e ne ya bolelela pele go tsalwa ga eng, mme seno se ne sa tlhalosiwa leng la ntlha mo go The Watch Tower?
5 Ka jalo mafoko a a mo go Tshenolō 12:5 a ile a diragadiwa ka mo go itumedisang: “A bèlèga ñwana, ñwana oa mosimane, eo e leñ èna eo o tla busañ dichaba cotlhe ka tsamma ea tshipi: me ñwana oa gagwè a phamolwa a isiwa kwa Modimoñ, le kwa setuloñ sa ōna sa bogosi.” Go tsalwa ga Bogosi jwa ga Jehofa ka Keresete, jaaka bo tshwantshediwa ke ngwana yo o sa tswang go tsholwa wa mosadi wa Modimo, go ne ga tlhalosiwa lantlha mo go The Watch Tower ya March 1, 1925. Go tsalwa ga Bogosi jono jwa Bomesia kwa legodimong ka 1914 go farologana le go tsalwa ga “morahe” wa “bana” ba Siona mo lefatsheng ka 1919.—Isaia 66:7, 8.
6. (a) Go tsalwa ga Bogosi go ne ga dira gore go dirwe tiro efe e e neng e boleletswe pele ke Jesu? (b) Go dira tiro eno go ne ga batla eng mo bathong ba ga Jehofa, mme jaanong ba eme jang kgatlhanong le seo?
6 Go tsalwa ga Bogosi jwa ga Jehofa joo a tlileng go goletsa bolaodi jwa gagwe jo bo tshwanetseng jwa lobopo lotlhe ka jone—ee, seno e ne e le sengwe seo se neng se tshwanetse go itsisiwe go ralala lefatshe lotlhe! Mme eno e ne e le nako ya go diragadiwa ga mafoko ano a ga Jesu a a mabapi le sesupo sa ‘go nna gone’ ga gagwe go go sa bonaleng: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:3, 14) E le gore ba ka rera ba kopane le ka kutlwano mo merafeng yotlhe, le mo lefatsheng lotlhe eleruri go ne go tla tlhoka gore karolo e e bonalang ya phuthego ya ga Jehofa ya lobopo lotlhe e rulaganngwe. Watch Tower Bible and Tract Society, jaaka e ne e emetswe ke mookamedi wa nako eo, J. F. Rutherford, e ne e dumalana le seno. Jalo, go tloga ka ngwaga wa morago ga ntwa wa 1919, go rulaganngwa ga batshegetsi ba ba ikanyegang ba Mokgatlho jaaka morafe o o tsosolositsweng go ne ga tswelela pele ka boiketleetso, go rapelela kaelo ya Morulaganyi yo Mogolo, Jehofa Modimo. Fa ba ne ba lebane le Ntwa ya Lefatshe II, go sa kgathalesege go bo ba ne ba bogisiwa mo go botlhoko ke Ba-Fascist, mokgatlho wa ga Hitler wa Nazi, le Catholic Action, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ne ba eme ka kutlwano kgatlhanong le lefatshe le le bobaba.
7. (a) Batho ba ga Jehofa ba ka lebelela go falola sepitla se segolo fela ka go nna le kamano efe gareng ga bone? (b) Bafalodi ba Morwalela ba ne ba falola Morwalela wa lefatshe lotlhe jang, mme ba ne ba tshwantshetsa bomang?
7 Ke Basupi ba ga Jehofa fela, ba masalela a a tloditsweng le ba “boidiidi yo bogolo,” jaaka phuthego e e utlwanang kafa tlase ga tshireletso ya Morulaganyi yo Mogolo, ba ba nang le tsholofelo ya Dikwalo ya go falola bokhutlo jo bo tlang jwa tsamaiso eno e e atlhotsweng e e busiwang ke Satane Diabolo. (Tshenolō 7:9-17; 2 Bakorintha 4:4) Ba tla dira “motho” yoo Jesu Keresete a neng a boletse gore o tla bolokwa mo sepitleng se se di gaisang tsotlhe mo hisitoring ya motho. Jesu o ne a bolela gore fela jaaka go ne go ntse mo motlheng wa ga Noa, go tla nna fela jalo mo letsatsing leo A tla senolwang ka lone. Ke meya e robabobedi fela eo e ileng ya falola Morwalela wa lefatshe lotlhe mo arekeng e e neng e tsere dingwaga tse dintsi go wediwa ka maiteko a a rulagantsweng. Ba ne ba falola jaaka setlhopha se se utlwanang sa lelapa. (Mathaio 24:22, 37-39; Luke 17:26-30) Mosadi wa ga Noa o tshwana le monyadiwa wa ga Keresete, mme barwa ba gagwe le dingwetsi tsa gagwe ba tshwana le “dinku di sele” tsa ga Jesu tsa motlha wa segompieno, tseo di oketsegileng go nna boidiidi jo bogolo, jo re sa itseng gore bo tla felela bo le kana kang. (Yohane 10:16) Gore ba falolele go Millennium kafa tlase ga Noa yo Mogolwane, Jesu Keresete, ba tshwanetse go nna ba ntse ba rulaganye le masalela a a tloditsweng “baitshenkedwi” bao malatsi a “sepitla se segolo” se a tla khutshwafadiwang ka ntlha ya bone.—Mathaio 24:21, 22.
Go Falolela go Millennium
8. Fa a konela boperofeti jwa gagwe kaga go nna gone ga gagwe, Jesu o ne a naya setshwantsho sefe, letsatsi la June 1, 1935, e ne e le la botlhokwa jang mo go bo tlhaloganyeng?
8 Go ya ka Efangele ya ga Mathaio, Jesu o ne a konela boperofeti jwa gagwe jwa sesupo sa go nna gone ga gagwe ka setshwantsho. Seo ka tlwaelo se bidiwang setshwantsho sa dinku le dipodi, se diragadiwa jaanong, mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo joo bo simologileng kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914. (Mathaio 25:31-46) Letsatsi la Matlhatso, June 1, 1935, e ne e le la botlhokwa mo go tlhaloganyeng bao eleng dinku tsa setshwantsho seno jaaka maloko a boidiidi jo bogolo. Mo letsatsing leo, kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Washington, D.C., go ne ga kolobediwa batho ba ba 840 go tshwantshetsa boineelo jwa bone mo go Jehofa ka Jesu Keresete. Bontsi jwa bano bo ne jwa tsaya kgato eno fa ba ne ba arabela ka potlako puo ya ga J. F. Rutherford e e neng e le mo go Tshenolō 7:9-17. Ba ne ba eletsa go nna karolo ya boidiidi jo bogolo kafa tlase ka Modisa yo o Molemo wa dinku di sele, ba ba nang le tshono ya go falola sepitla se segolo se se tlang le ya go tshela go fitlha kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo le go tsena mo Pusong ya Millennium ya Kgosi ya Modisa, Jesu Keresete. Kwa bokhutlong, ba iponela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.—Mathaio 25:46; Luke 23:43.
9. Ke ka ntlhayang fa dinku di lalelediwa go rua Bogosi ‘jo ba bo baakanyeditsweng,’ mme ke jang di leng mo boemong jo bo molemo jwa go direla bomonnaa Kgosi molemo?
9 Ke ka ntlhayang fa bano ba seka-dinku ba lalelediwa go “[rua] bogosi yo [ba] bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe”? Kgosi e ba bolelela gore ke ka gonne ba diretse ‘bomonnawe’ molemo mme ka jalo ba diretse ene. Ka polelwana “bonnake,” Kgosi e raya masalela a bomonnawe ba semoya bao ba santseng ba le mo lefatsheng mo bokhutlong jono jwa tsamaiso ya dilo. Ka go bo e le letsomane le le lengwe fela le bomonnaa Kgosi ya Modisa Jesu Keresete, bano ba tla nna ba atamalane thata le masalela a bone mme ka gone ba tla bo ba le mo seemong se se molemo sa go ba direla molemo. Ba ne ba tla thusa bomonnaa Jesu le eleng ka ditsela tse di bonalang, go rera molaetsa wa Bogosi jo bo tlhomilweng mo lefatsheng lotlhe pele ga bokhutlo bo tla. Ka baka la seno, dinku di tla bo di ipolokela tshiamelo ya go nna di rulaganye le masalela jaaka letsomane le le lengwe la Modisa a le mongwe.
10. Go raya eng gore dinku di tla “[rua] bogosi yo [di] bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe”?
10 Go rua ‘bogosi jo ba bo baakanyeditsweng’ ga go reye gore dinku tseno di tla busa le Jesu Keresete le bomonnawe kwa legodimong ka dingwaga di le sekete. Go na le moo, dinku di tla rua lefelo la selefatshe la Bogosi jono go tloga fela fa Millennium o simolola. Ereka e le ditlogolwana tsa ga Adame le Efa, ba ne ba baakanyediwa lefelo leno la selefatshe leo le tla busiwang ke Bogosi jwa Modimo ka Keresete “fa e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe” la batho ba ba neng ba tla gololwa. Mo godimo ga moo, ereka dinku di fetoga bana ba selefatshe ba Kgosi, eo e fetogang “Rara [wa bone] oa Bosakhutleñ,” ba rua lefelo la selefatshe, kana boswa, kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo.—Isaia 9:6, 7.
11. Dinku di bontsha jang gore di emela Bogosi, mme ka ntlha ya seno, di bona tshegofatso efe?
11 Go farologana le dipodi tsa tshwantshetso, kwantle ga pelaelo batho ba seka–dinku ba supa gore ba emela Bogosi. Jang? Ka ditiro, eseng ka mafoko fela. Ga ba kake ba direla Kgosi molemo wa go tshegetsa Bogosi ka tlhamalalo ka gonne e le e e sa bonaleng kwa magodimong. Jalo ba direla bomonnawe ba semoya ba ba santseng ba le mo lefatsheng molemo. Lefa seno se raya go tlhoiwa, go ganediwa, le go bogisiwa ke dipodi, ka ntlha ya go dira molemo jalo, Kgosi e bolelela dinku gore di ‘segofaditswe ke Rraagwe.’
12. Ke bomang bao dinku tse di falolang di tla bonang tshiamelo ya go ba amogela, mme maloko a masalela a ile a nna le kgopolo efe kaga seno?
12 Boidiidi jo bogolo jwa seka-dinku jo bo thusang bomonnaa Kgosi ba semoya bo tla segofadiwa ka tshiamelo e e ipedisang ya go falolela go Millennium. Fa nako e ntse e tsamaya, ba tla tsaya karolo mo go amogeleng batho ba ba suleng ba ba mo mabitleng. (Yohane 5:28, 29; 11:23-25) Bano ba tla kopanyeletsa ditlhogo tsa lotso le baperofeti ba ba ikanyegang ba ba neng ba bogisiwa le go itshoka mo gogolo gore bolaodi jwa ga Jehofa bo tlotlomadiwe e le gore ba tle ba bone “go coga mo loshuñ mo go molemō bogolo,” fa go ka kgonega e le ga ntlha. (Bahebera 11:35) Banna le basadi ba ba ikanyegang bao ba ba tsositsweng, ba bontlhanngwe jwa bone bo kwadilweng mo go Bahebera kgaolo 11, ba tla kopanyeletsa Johane Mokolobetsi. (Mathaio 11:11) Bangwe ba masalela a a tloditsweng ba ile ba akanya gore ba tla falola le go tshela go fitlha ba amogela baikanyegi bano ba ba tsositsweng mo baswing ba ba suleng pele ga Pentekosete ya 33 C.E. A batlodiwa ba tla nna le tshiamelo eo?
13. Ke ka ntlhayang fa go tla bo go se botlhokwa gore masalela a nne gone gore ba tle go amogela le go tlhokomela ba ba tla tsosediwang mo lefatsheng?
13 Seno ga se ne se tlhokega. Boidiidi jo bogolo jo bo falotseng pitlagano bo tla bo bo le teng ka dipalo tse dikgolo go tlhokomela seemo seo le go tlwaetsa ba ba tsositsweng bao “lehatshe ye lesha” kafa tlase ga “magodimo a masha.” (2 Petere 3:13) Boidiidi jo bogolo bo setse bo rulaganyediwa seno le eleng jaanong. Gompieno, mo go begwang gore palo ya bomonnaa Jesu ba semoya mo lefatsheng e kafa tlase ga 9 000, bafalodi ba bangwe ba bone lefa go le jalo ba tla bo ba le babotlana thata go tlhokomela tiro e e baakanyetsang go ya kwa tsogong ya baswi ya kakaretso. (Esekiele 39:8-16) Jaanong fano, ke foo boidiidi jo bogolo joo palo ya jone e leng mo dimilioneng bo tla dirang ka botlalo. Mme kwantle ga pelaelo tshiamelo eo e boloketswe bone.
14. (a) Bontsi jwa boidiidi jo bogolo bo katisediwa eng, mme ke ka ntlhayang fa ba le mmalwa ba bone ba tshwanetse go tsaya boikarabelo joo jaanong? (b) Ke ditiragalo dife tse di tshwanetseng go diragala mo bogautshwaneng mme dinku di sele di emetswe ke tiro efe?
14 Bontsi jwa ba boidiidi jo bogolo bo setse bo katisiwa mo maikarabelong a phuthego le mo dithulaganyong tsa kago tseo phuthego ya Modimo e di tshwarang go ralala lefatshe. Mme go a kgothatsa go bona palo e e oketsegang ya banna ba ba godileng mo semoyeng ba boidiidi jo bogolo e fiwa boikarabelo jo bogolwane mo phuthegong ya ga Jehofa e jaanong e dirang mo lefatsheng. Ba ba setseng ba batlodiwa jaanong ba setse ba godile mme ga ba kgone go rwala morwalo. Bomonnaa Kgosi bano ba amogela thuso e e lorato ya phuthego eo bagolwane ba ba tshwanelegang mo semoyeng le batlhanka ba bodihedi ba dinku di sele ba kgonang go e ba naya. Go ise go e kae, Babelona o Mogolo o tla bo a nyeleditswe mo lefatsheng. Mme jaaka Tshenolō 19:1-8 e bontsha, lenyalo la ga Kwana le monyadiwa wa gagwe wa botlhe ba ba 144 000 le tla konelwa kwa legodimong, mme ba dinku di sele, bao ba tla bong ba dira jaaka lefatshe je lesha kafa tlase ga magodimo a masha, ba tla emela Kgosi mo go direng tiro e kgolo ya go tsosolosa go fitlha lefatshe lotlhe e nna paradaise e e tletseng ka baagi ba ba bakang Jehofa.—Isaia 65:17; bapisa Isaia 61:4-6.
15. Ke ditebelelo dife tseo boidiidi jo bogolo bo di solofetseng go Millennium?
15 Mo Pusong ya ga Keresete ya Millennium, fa batho ba ba suleng ba ba rekolotsweng ba tsosiwa mo baswing, boidiidi jo bogolo jo bo falotseng bo tla ipelela ditshiamelo tse dikgolo le tse di tlotlegang fela thata. Jaanong ba tla fetoga barwa le barwadi ba Kgosi. Barwa bao ba ba tla bong ba le gare ga bone ba tla kgona go nna le maemo a dikgosana le eleng fela jaaka barwa ba ga Kgosi Dafide e ne e le dikgosana tse di neng di na le maikarabelo a a farologaneng.a Seno se re gakolola Pesalema 45, eo e neng ya tlhamiwa go lebisitswe go “kgosi” e e tloditsweng ya ga Jehofa.
16. Tota Pesalema 45 e kwaletswe mang, mme seno se ka tlhomamisiwa jang?
16 Tota-tota Pesalema 45 e bua ka kgosi efe? Ebu, ka Jesu Keresete! Bahebera 1:9 e bua ka seno fa e tsopola Pesalema 45:7, eo e balegang jaana: “U ratile tshiamō, me ua ila boikèpō; ke gōna Modimo, Modimo oa gago, o gu tloditseñ ka loukwane loa boitumèlō godimo ga bankana ba gago.” Jalo eleruri Pesalema 45:16 e bua ka Jesu Keresete yo o galaleditsweng fa e re: “Mo boemoñ yoa borrago go tla nna bana ba gago, ba u tla ba tlhōmañ go nna dikgōsana mo lehatshiñ yeotlhe.”
17. Kgosi, ebong Jesu Keresete, o tla kgatlhegela eng segolo-bogolo a ba a kgatlhegele le bomang?
17 Ka tshwanelo, Jesu o kgatlhegela isagwe ya gagwe jaaka Kgosi e e busang go gaisa botshelo jwa gagwe jo bo fetileng jwa mo lefatsheng. Legale, ga a lebale botshelo jo bo fetileng joo mme segolo bogolo ga a lebale bagologolwane ba gagwe ba batho bao ba neng ba kopanyelediwa mo tsholofetsong ya ga Jehofa ya go segofatsa malapa otlhe ka Losika lwa ga Aberahame. Mme jaanong o kgatlhegela thata isagwe e e fa gaufi jaaka e le boikaelelo jwa Motlhoma-kgosi, Jehofa Modimo. Jalo bana ba ga Jesu ba selefatshe, segolo bogolo barwa ba ba leng gareng ga bone ba ba tshwanelegelang go direla kafa tlase ga gagwe mo maemong a dikgosana, ba tla tsaya boemo jwa ntlha—go na le borraagwemogologolwane ba selefatshe.
18. Ditsela tse dingwe tse Pesalema 45:16 e kwadilweng ka tsone di gatelela jang go kgatlhegela ga ga Jesu barwa ba dikgosana mo gogolo go na le borraagwemogologolwane ba selefatshe?
18 Go kgatlhegela ga ga Jesu barwa ba gagwe ba dikgosana go na le borraagwemogologolwane go gatelelwa ke dithanolelo tse di farologaneng tsa Bibela. Dingwe tsa tsone di ranotse Pesalema 45:16 jaana: “Barwa ba gago ba tla tsaya boemo jwa borraago, mme ba tla nna dikgosana mo lefatsheng lotlhe.” (Moffat) “Boemo jwa borraago bo tla tsewa ke bomorwao; o tla ba dira dikgosana mo lefatsheng lotlhe.” (Temana 17, The New American Bible) “O tsholetswe bana mo boemong jwa borraago: o tla ba dira dikgosana mo lefatsheng lotlhe.”—The Septuagint Version, e e gatisitsweng ke Samuel Bagster and Sons.
19. Banna bangwe ba boidiidi jo bogolo ba na le boikarabelo bofe mo phuthegong jaanong, mme Kgosi, ebong Jesu Keresete, a ka ba tlhoma go nna eng mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete?
19 Se se re itumedisang thata ke gore dikgosana tseno tsa nako e e tlang di gone mo gare ga rona. Di fitlhelwa fa gare ga dinku di sele tseo di reetsang lentswe la Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete. Ba ile ba le reetsa segolo bogolo go tloga ka 1935, fa Tshenolō 7:9-17 e ne e tlhalosiwa kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Washington, D.C. Gompieno, diketekete tsa boidiidi jo bogolo jono jwa dinku di sele di direla jaaka bagolwane, kana balebedi, mo diphuthegong tse di fetang 57 670 tsa Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tse 212 go dikologa lefatshe. Ka go nna ba ntse ba rulaganye le masalela a bomonnaa Jesu ba semoya ba ba santseng ba le mo lefatsheng, banna bano ba eme sentle go ka tsalwa ka botlalo jaaka barwa ba selefatshe ba Kgosi, ebong Jesu Keresete, mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete mo lefatsheng je lesha je le solofeditsweng. (2 Petere 3:13) Fa ba ntse jalo, ba ka nna ba tlhomiwa jaaka dikgosana go direla mo lefatsheng je lesha.
20. (a) Kgosi e tla nna le boikutlo bofe ka batlhomiwa ba gagwe ba ba mo lefatsheng? (b) Boidiidi jo bogolo bo tla amogela bomang, mme ke tshono efe e e beetsweng ba ba tsositsweng bao?
20 Kgosi, ebong Jesu Keresete, o tla itumelela go amogela dikgosana tse di tlhophilweng bosha tseno, fela jaaka jaanong a amogela bolebedi jwa dinku di sele tse di ikanyegang mo diphuthegong tsa motlha wa segompieno tsa Basupi ba ga Jehofa. Maloko otlhe a ba boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele—basadi gammogo le banna—ba tla nna le tshiamelo e e itumedisang ya go amogela go tswa mo baswing botlhe ba ba tla utlwang lentswe la ga Jesu mme ba tsogele tshono ya go bona botshelo jo bo sa khutleng ba itekanetse mo lefatsheng je le phepafaditsweng le le tla fetolelwang mo paradaiseng ya lefatshe lotlhe. (Yohane 5:28, 29) Batsosiwa ba ba rategang thata bao ba tla kopanyeletsa borraagwe Jesu Keresete ba ba golotsweng, banna ba tumelo bao ba neng ba iketleeleditse go supa boineelo jwa bone mo go Jehofa Modimo le eleng go fitlha kwa losong ka tsholofelo ya go bona “go coga mo loshuñ mo go molemō bogolo.” (Bahebera 11:35) Mme go tsholelediwa mo botshelong jo bo itekanetseng jwa botho mo Pusong ya Millennium ya Kgosi ya bone ya Mogolodi, Jesu Keresete, e tla bo e le tshimologo fela. Ka go nna ba rulaganye sentle kafa tlase ga ga Jehofa Modimo mo tekong ya bofelo ya batho ba ba tsosolositsweng kwa bofelong jwa Millennium, ba tla itshupa fa ba tshwanetse go amogela botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng jaaka karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa ya lobopo lotlhe.—Mathaio 25:31-46; Tshenolō 20:1–21:1.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bapisa 2 Samuele 8:18, New World Translation Reference Bible, mokwalo o o kwa tlase.
O ne O ka Araba Jang?
◻ Jehofa o beetse nako efe kwa thoko eo mo go yone a tla segofatsang batho botlhe?
◻ Re ka falola sepitla se segolo fela ka go nna le kamano efe fa gare ga rona ka metlha?
◻ Go raya eng gore dinku di tla “[rua] bogosi yo [di] bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe”?
◻ Ka Millennium, boidiidi jo bogolo bo ka arola mo ditshiamelong dife?