Tota ba Eleng Badihedi ba Modimo ke Bafe?
MO NAKONG eno ya makgaolakgang re gakolola masole a rona a Bakatoliki go dira tiro Mya bone ba supa fa ba utlwa Fuehrer [Hitler].”—Bobishopo ba Katoliki ba kwa Jeremane, jaakago tsopotswe mo go The New York Times, ya September 25, 1939.
“Moruti, o itse gore ke eng, mongwe wa masole a rona mo sefofaneng seno sa rona ke Mokatoliki, mme o mo segofatsa pele ga re ya go latlhela dibomo kwa Jeremane. Jaanong, jone bodumedi jono jwa Katoliki kwa Jeremane bo segofatsa lesole lengwe la Katoliki le le mo sefofaneng sa Jeremane se se tlang go senya metse ya rona. Jalo potso a ke a botsang ke go re, ‘Modimo o mo letlhakoreng la bomang?”’ Go ne ga bua jalo motsamaya ka sefofane mongwe wa Boritane, David Walker, a buisana le moruti mongwe wa Katoliki ka Ntwa ya Lefatshe II.
Phapaanong le seo, diketekete tsa Basupi ba ga Jehofa ba senya dingwaga di le dintsi mo dikampeng tsa pogisetso tse di boitshegang tsa Ma-Nazi ka go bo ba gana go galaletsa Hitler kana go lwa jaaka masole a gagwe. Mo dinageng tsa Allied, Basupi ba le bantsi ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong ka baka la go gana go nna masole.
Badihedi ba boammaaruri ba Modimo ke bate, mme dipatlafalo tse ba tshwanetseng go di fitlhelela ke dife?
Go Dumela mo Bibeleng
Modihedi wa boammaaruri wa Modimo kwantle ga pelaelo o tshwanetse go dumela ka mo go tiileng mo Bibeleng. Gape o tshwanetse go a itse mo a ka kgonang go a ruta ba bangwe. Mme bontsi jwa baruti ba La-Bodumedi ga ba fitlhelele dipatlafalo tseno tsa motheo. Ngaka nngwe ya sekgoa kwa Afrika Borwa o ne a tlhalosa gore badihedi ba Kereke ya Anglican, eo a kileng a bo a e tsena, ga ba dirise Bibela “go le kalo kalo,” ebile dithero tsa bone go lebega a le maikutlo a moreri fela. Gape o ne a ngongorega ka baruti ba bangwe, ba ba tshwanang le Archbishop Tutu wa kwa Cape Town, gore ba tsenelela mo dipolotiking.
Phapaanong le seo, batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba dumela mo Bibeleng ka botlalo ebile ba senya bogolo jwa nako ya bone ba a ithuta le go a tlhalosetsa ba bangwe. Go kgatlhegela ga bone Bibela le go a rata go gogolo mo a leng gore ba kwadile thanolo ya yone eo a sekasekilweng ka botlalo ebile a opa kgomo lonaka e e bidiwang New World Translation of the Holy Scriptures, e e thailweng mo mekwalong ya semolao ya Bibela ya Sehebera, Searamaika, le Segerika. Bibela eno mo go Reference Edition ya yone a na le diketekete tsa mekwalo e e kwa tlase le ditshupiso tsa ditemana tse dingwe go thusa babadi ba yone go tlhaloganya Bibela botoka le go ba kgonisa go a tlhalosetsa ba bangwe. Mo godimo ga moo, phetolelo eno e e tlhomologileng ya Bibela a ranoletswe, yotlhe kana bontlhabongwe jwa yone, mo dipuong tse dingwe di le 10, gape go setse go gatisitswe dikaelo tsa yone di le dimilione tse di masomesome lefatshe ka bophara.
Badihedi ba Boammaaruri le Boitsholo jo bo Siameng
Bibela a kgatlhanong fela thata le mefuta yotlhe ya boleo jwa tlhakanelo dikobogo akareletsa boaka, kgokahalo, bosodoma, le go tlhakanela dikobo le diphologolo. (Lefitiko 20:10-15; Baroma 1:26, 27; Bagalatia 5:19) Badihedi ba boammaaruri ba Bakeresete ba tshegetsa ditekanyetso tsa Modimo tsa boitsholo jo bo siameng ka pelo yotlhe. Ee, Basupi ba ga Jehofa ba tsaya molao wa Modimo ka masisi fela thata. Ba kgaola bao kwantle ga go ikwatlhaya ba dirang maleo a a ntseng jalo, lemororo ba utlwela botlhoko bao ka boammaaruri ba ikwatlhaelang ditiro tsa boitsholo jo bo sa siamang ba bo ba phepafatsa matshelo a bone.—1 Bakorintha 5:11-13; 2 Bakorintha 2:5-8.
Mo Afrika Borwa, go begwa fa Moruti yo mogolo wa kereke ya Anglican kwa Cape Town a ne a re: “Dikamano dingwe tsa batho ba bong jo bo tshwanang di gaisa tsa bommata ba bone ba ba nang le balekane ba bong jo bo farologaneng mme ka baka la boleng jwa lorato lwa bone, ke tlhomamisa gore ba itumedisa Modimo go gaisa.” Boammaaruri ke se se fapaaneng. Modimo o ila dikamano tsa go nna jalo.—1 Bakorintha 6:9, 10.
Badihedi ba Boammaaruri ba Ruta Dithuto tsa Boammaaruri
Badihedi ba boammaaruri ba ruta dithuto tse di thailweng ka botlalo mo Lefokong la Modimo. Badihedi ba maaka ba ruta dithuto tseo di sa engweng nokeng kana di sa thaiwang mo Bibeleng. Ka sekai, akanyetsa thuto ya Tharonngwe. Jaaka The Encyclopcedia Britannica (Phetolelo ya bo-15) a tlhalosa: “Lefoko Tharonngwe lefa a le thuto e e tlhamaletseng ya yone ga le tlhage mo Tesetamenteng a Nt’sha, le gone Jesu le balatedi ba gagwe ba ne ba sa ikaelela go ganetsana le Shema ya Tesetamente a Kgologolo e e reng: Ùtlwa, wena Iseraela, Morena Modimo wa rona ke Morena o mongwe fela’ (Dute. 6:4).” Thuto ya Tharonngwe a ne a se thuto ya kafa molaong ya kereke go fitlha ka lekgolo la bone la dingwaga C.E. Tota ebile, bontlhabongwe jwa lebaka la go bo thuto eno ya maaka a ne ya amogelwa ke Council of Nicaea ka 325 C.E. e ne a le ka baka la tlotlomalo ya ga mmusimogolo wa Roma Constantine le tlhotlheletso ya gagwe.
Thuto ya Tharonngwe a dirile gore maloko a le mantsi a kereke, bao ka boikanyegi ba batlang boammaaruri, ba latlhegelwe ke tshepo mo badiheding ba bone. Seno se ne se ntse jalo ka mosadi mongwe yo mmotlana mo Afrika Borwa yo a neng a sa dumele gore bodumedi jwa gagwe, ebong Kereke ya Dutch Reformed, e ne a ruta tumelo e e tlhakanyang tlhogo jalo jaaka Tharo-nngwe go fitlhela mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ne a mo neela bosupi jo bo kwadilweng jwa gore go ntse jalo tota! Agente mongwe yo o godileng yo o neng a sa tlhole a bereka, le ene a le wa Afrika Borwa, o ne a tlogela kereke ya gagwe ka gonne “dithuto tse di farologaneng tse di boaboelediwang nako le nako tse di rutwang mo dikerekeng di le phoso fela thata ebile di tsietsa.”
Thuto a nngwe ya maaka ya La-Bodumedi ke ya dihele tsa molelo. Lemororo a sa reriwe thata le go dumelwa ke batho ba le bantsi jaaka go kile ga bo go ntse, a santse a le thuto ya semolao ya dikereke ka bontsi. Tseno di dumela gore fa motho a swa go swa mmele mme moya, ereka a le o o sa sweng, o tswelela o ntse o tshela, mme bao ba neng ba tshela botshelo jwa boikepo ba tlhokofadiwa mo molelong o o tukang ka bosakhutleng. A o dumela seo? Se se botlhokwa go gaisa seo, a seo se boammaaruri? Eseng go ya ka Bibela, eo a reng: “Moea o o leohafi, go tla shwa ona.” (Esekiele 18:4, 20) Mo godimo ga moo, moaposetoloi yo o tlhotlheleditsweng Paulo o ne a kwala jaana: “Maduo a boleo ke losho”—eseng dihele tsa molelo!—Baroma 6:23.
A jaanong re sekasekeng gore ke ditekanyetso dife tseo badihedi ba boammaaruri ba Bakeresete ba tshwanetseng ba di fitlhelela.
Dipatlafalo tsa Dikwalo tsa Badihedi ba Boammaaruri
Lefoko la Seesemane “minister” ke thanolo ya lefoko la Segerika “di·aʹko·nos,” leo go sa itsiweng koo le simologileng teng. Le lebisitse go motho yo o diragatsang ditaolo tsa yo mongwe, segolo bogolo mong wa gagwe. Ka gone, lefoko leno la Bibela le raya motlhanka. Kafa lefoko leno le dirisitsweng ka gone mo Bibeleng le kaya motho yo a sa iponeng tsapa go direla ba bangwe ka botlalo le ka boikokobetso. Jesu o ne a gatelela botlhokwa jwa tirelo eno ya boikokobetso, jaaka sekao se se latelang se bontsha.
Letsatsi lengwe, ka bokhutshwane fela pele ga go swela ga ga Jesu mo koteng ya tlhokofatso, mmaagwe bo-Jakobe le Johane o ne a mo atamela mme a re: “Laola gore bomorwaake ba babedi ba, ba dule, moñwe kaha cogofi ya gago ye legolo, le eo moñwe kaha go ya molema mo bogosifi yoa gago.” Barutwa ba bangwe ba ne ba galefa fela thata ka ntlha ya seno. Go tswa foo Jesu o ne a ba ruta thuto nngwe ya botlhokwa ka bonolo. O ne a ba phutha mmogo mme a re: “Leha a le man eo o ratan go tla a nna mogolo mo go Iona, a a nne modihedi oa Iona; Le gona leha a le man eo o ratan go nna oa pele mo go Iona, a a nne motlhanka oa Iona.”—Mathaio 20:20, 21, 24-27.
Jesu o ne a tlhagisa bareetsi ba gagwe kaga bakwadi le Bafarisai mo go nngwe ya dipolelo tsa gagwe tsa phatlalatsa, tse di begilweng le tse di agang. Gape o ne a nankolola dingwe tsa diphoso tse di itsegeng tsa badihedi bano ba maaka, ba ba boitimokanyo. O ne a ba tlhalosa fa a le ba ba boikgogomoso fela thata le ba ba gatelelang ebile ka metlha ba rata maemo a a kwa godimo.—Mathaio 23:1-7.
Gompieno, baruti ba le bantsi, segolo bogolo baruti ba Kereke ya Katoliki le, mo mabakeng a mangwe, ba kereke ya Anglican, ba gatelela gore ba bidiwe “Bo-Rara.” Ka sekai, moruti mongwe wa Church of England kwa Mozambique, fa a ne a bodiwa dingwaga dingwe tse di fetileng ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore ke ka ntlhayang fa a ne a dirisa sereto “Rara,” o ne a fetola ka go re: “Ke motlotlo ka gone!” Gape, legale, go itsiwe sentle gore mopapa wa Roma o itumelela go bidiwa “Rara yo o Boitshepo”—go sa kgathalesege taolo ya ga Jesu go barutwa ba gagwe ya go re “lo se ka loa bitsa ope rra eno mo lehatshin; gonne Rra eno o monwe hela, eo o kwa legodimon.” Jesu o ne a oketsa molaomotheo ono o mogolo ka go re: “Me leha a le man eo o tla ikgodisan, o tla notlahadiwa.”—Mathaio 23:9-12.
A Basadi ba Tshwanetse go Tlhomamisiwa?
Mo metlheng ya bosheng, go nnile le koketsego mo palong ya basadi bao ba ileng ba tlhomamisiwa jaaka baruti. Mme Paulo o ne a laela Timotheo ka go re: “Me ga ke leseletse mosadi go ruta, leha a le go diha le taolo mo monnen.” (1 Timotheo 2:12) Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore mosadi wa Mokeresete o ka seka a ruta bana ba gagwe kana go ruta gareng ga batho ka kakaretso, mme ga a tshwanela go ruta mo phuthegong.
Ka gone, a basadi ga ba a tshwanela go bua le ka motlha kwa dipokanong tsa Bokeresete? Basupi ba ga Jehofa ba ithuta makasine ono, Tora ya Tebelo, kwa go nngwe ya dipokano tsa bone tsa beke le beke, ba dirisa ditlhogo tseo di nang le dipotso mo dirapeng. Modihedi yo o tsamaisang thuto eo, yo ka metlha a leng mokaulengwe, o laleletsa maloko a phuthego, go akareletsa le bokgaitsadi, go araba dipotso tseno. Mme basadi bano ba a bo ba sa rute. Ba a bo ba tlhalosa fela ka mafoko a bone dikgopolo tsa setlhogo seo. Le eleng bana ba kgothalediwa go arola ka go araba, mme gantsi dikakgelo tsa bone, tse gantsi di leng dikhutshwane ebile di le motlhofo, di opa kgomo lonaka—fa re dirisa polelo e e tlwaelesegileng.
Gape Paulo o ne a bua mafoko ano malebana le basadi: “Me ha ba rata go itse senwe, a ba botse banna ba bone kwa gae: gonne ke ditlhon ha mosadi a ka bua mo phuthegon.” (1 Bakorintha 14:35) Seno se raya gore fa bokgaitsadi ba sa tlhaloganye kana ba sa jesiwe monate ke mafoko mangwe a a badilweng kana a a builweng kwa dipokanong, ga ba a tshwanela go bua gore ba ganana le seo fa pele ga phuthego. Go na le moo, ba tshwanetse go botsa banna ba bone go ba phepafaletsa dintlha tseo fa ba le kwa gae.
Lefa go ntse jalo, go na le dipaka tseo basadi ba Bakeresete ba ka rerelang banna. Basupi ba ga Jehofa ba senya nako a ntsi ba rera mafoko a a molemo a Bogosi ka ntlo le ntlo. Fa moreri wa mosadi a kopana le monna, a o tshwanetse fela go ikopa maitshwarelo a bo a feta? Legoka. Mo ntlheng eno, o tla bo a sa rerele phuthego mme o tla bo a rerela motho a le mongwe fela yo a ka nnang a nna modumedi. Ka go tshwana, modihedi wa mosadi o ka ithuta Bibela le lelapa leo eseng la Bakeresete lemororo rre a le teng.
Jesu Keresete—Sekao se se Tlhomolosegileng
Jesu a ne a le sekao se se tlhomolosegileng seo re tla bong re dira sentle fa re leka go se latela! O ne a le morutisi yo o molemo fela thata, moreri yo o molemo bogolo, modiri yo o tlhaga fela thata, ebile a le mogakolodi yo o lorato go gaisa botlhe bao ba kileng ba tshela mo lefatsheng. Go tsamaya mo dikgatong tsa gagwe ke tshiamelo a kgolo fela thata. A o leka go dira jalo?
Dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa ba dira seo ba ka se kgonang go mo etsa, lemororo ba sa itekanela. Mekgwa ya gagwe a ne a farologane thata le ya baruti ka bontsi ba gompieno. O ne a sa letse ditleloko tsa kereke mme a ba a letela batho go tla kwa go ene, lemororo ba le bantsi ba ne ba tla kwa go ene ka bobone fela. Go na le moo, o ne a latelela batho mme a ba ruta kwa magaeng a bone, mo dipatlelong, mo dithabeng, le mo lotshitshing lwa Lewatle la Galilea. Ka dinako tse dingwe o ne a bua le ditlhopha tsa batho ba le diketekete, jaaka go tshwantshitswe fa tlase.—Mathaio 9:35; 13:36, Luke 8:1.
Go Thusa Bahumanegi, Balwetse, le Batsofe
Batho ba mofuta ono ba kae gompieno? Ba dimilione tse di makgolokgolo. Mme palo ya bone a oketsega ka bonako jaaka maemo a lefatshe a senyegela pele ka bofefo le tsamaiso ya gompieno ya dilo a atamela bokhutlo jwa yone kwa ntweng ya Haramagedona. (Tshenolo 16:16) Dikudumedi tsa tlholego, mauba, le malwetse a leroborobo di oketsa tshenyo le pogo. Bakeresete ba pele le bone ba ne ba tshwanela go dirisana le mathata ano. Mo a ka nnang ka 46 C.E., fa Claudius a ne a le mmusimogolo wa Roma, go ne ga nna le leuba jeo le neng le aname. Jalo, barutwa ba ne ba dira eng? “Monwe le monwe kaha nonohon ea gagwe, ba ikaelela gore go isiwe thush6 kwa bakaulenwen ba ba agilen kwa Yudea.”—Ditihō 11:27-30.
Mo metlheng ya segompieno, Basupi ba ga Jehofa gantsi ba ile ba thusa bao ba bogang kana ba ba tlhokang ka bopelontle. Bosheng jaana, fa Mozambique a ne a tlhasetswe ke ntwa ya selegae—seo se neng sa felela ka tlhaelo a kgolo ya dijo, diaparo, melemo, le dilo tse dingwe tsa botlhokwa—Basupi ba ga Jehofa ba naga e e bapileng le yone ya Afrika Borwa ba ne ba thusa bakaulengwe ba bone ba ba neng ba le mo tlalelong. Dijo tse dintsi, diaparo, le dilo tse dingwe di ne tsa kgobokanngwa mme tsa romelwa kwa Maputo, motsemogolo wa naga eo, ka dikoloi tse dikgolo.
Go Diragatsa Polelelopele ya Bibela
Ee, badihedi ba boammaaruri ba Modimo gompieno ba na le tshiamelo a ntle fela thata ya go tsaya karolo mo go diragatseng dipolelelopele tsa Bibela. Jang? Mo nakong e e sa lebalesegeng ya fa barutwa ba ne ba botsa Jesu ka go re: “Dilo tse di tla dihala len? Le seshup6 e tla nna en sa go tla ga gago, le sa bokhutld yoa lehatshe?” o ne a araba ka go re mo nakong ya fa go tla bo go le dintwa tsa lefatshe, mauba, dithoromo tsa lefatshe, le go sa laolesegeng, “Mahoko a a Molemo a, a bogosi, [a ne] a tla rerwa mo lehatshin yeotlhe.” (Mathaio 24:3, 14) Paulo o ne a tlhomela badihedi botlhe ba boammaaruri sekao ka go rera ka go “tsamaea le matlo.”—Ditihō 20:20.
Basupi ba ga Jehofa ba itsege lefatshe ka bophara ka go tlhagafalela ga bone tiro eno ya go rera. Gongwe ka dinako dingwe ba ile ba etela kwa legaeng la gago. A o kile wa ba reetsa sentle? Fa go sa nna jalo, ke ka ntlhayang o sa dire jalo nako e e tlang fa ba go etela? O ka gakgamala mo go ka go itumedisang!
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]
Based on US. Army Photo