Karolo 8—Kgwanto e Telele ya Mebuso ya Lefatshe e Tloga e Khutla
Bibela e bua ka mebuso e supa e megolo ya lefatshe—mebuso e e maatla eo e neng ya nna ya tlhomagana mo diketeketeng tsa dingwaga tsa ditiragalo tsa lefatshe. Ditlhogo tse di fetileng tsa metseletsele eno di bontshitse gore re tshela mo nakong ya wa bofelo wa yone—mmuso wa lefatshe wa Maamerika le Maesemane wa motlha wa rona.a—Tshenolō 17:9, 10.
Mmuso ono wa Lefatshe wa Maamerika le Maesemane o tlhalosiwa kwa tshimologong ya buka ya Tshenolō jaaka sebatana se se nang le “dinaka di le pedi.” Mmuso ono wa lefatshe wa dikarolo tse pedi ‘o raya ba ba agileng mo lefatsheng o re ba dire setshwantsho, sa sebatana’ sa bopolotiki seo se emelang mebuso yotlhe e e supang ya lefatshe.—Tshenolō 13:11, 14.
Dipolelelopele tseno di ne tsa diragadiwa jang, mme di kaya eng go rona gompieno? Karabo e e kgatlhisang ya seo ke seo go buiwang ka sone mo setlhogong se se latelang.
JAAKA ntwa ya Lefatshe I e e tshosang e e tsereng dingwaga tse nne e ne e atamela go khutla, tautona wa Amerika ebong Woodrow Wilson le tonakgolo ya Boritane ebong David Lloyd George ba ne ba akantsha gore go tlhomiwe Lekgotla la Merafe. Mokgele wa lone e ne e le “go lere kagiso ya merafe yotlhe le polokesego” mme ka gone le dira gore ntwa ya go nna jalo e e tshosang e seka ya ba ya tlhola e diragala gape.
Go a kgatlhisa go lemoga gore ke bomang bao ba neng ba le simolola. Baeteledipele bano ba babedi e ne e le bagogi ba dikarolo tse pedi tsa Mmuso wa Lefatshe wa Maamerika le Maesemane oo go buiwang Seesemane mo go one, mmuso wa bosupa mo ditiragalong tsa Bibela. Ntlha eno le tse dingwe mabapi le lekgotla la kagiso ya merafe yotlhe le polokesego, e nyalana ka mo go gakgamatsang, le seo buka ya Bibela ya Tshenolō e neng ya se bua kaga “kgosi ñwe ya bohèra mebedi” eo e neng e tla busa e ba e wa mo motlheng wa rona. Ke dilo dife tse dingwe tseo di kgatlhisang tse di tshwanang le tsone?—Tshenolō 17:11.
Polelelopele ya Tshenolō e ne ya senola gore “sebatana” se se nang le “dinaka di le pedi yaka kwana” se ne se tla raya ‘bao ba agileng mo lefatsheng go dira setshwantsho’ sa sebatana seo, seo ditlhogo tsa sone e nnileng mebuso e e supang e megolo ya lefatshe mo ditiragalong tsa Bibela.
Ke sone seo Mmuso wa Lefatshe wa Maamerika le Maesemane o neng wa se dira. O ne wa kgothaletsa “ba ba agileñ mo lehatshiñ” go tlhoma Lekgotla leo le neng le tshwana ebile le dira jaaka dipuso tse dikgolo di ne di dira. Mme tota e ne e le fela “sechwanchō sa sebatana.” Le ne le sena maatla ka bolone, fa e se fela ao se neng sa a fiwa ke merafe ya maloko a sone. Ga go tlhalosiwe fa le ne la tsaya puso morago ga le sena go fenya mo ntweng e kgolo, fela jaaka mebuso ya lefatshe e ne ya dira. Go na le moo, le runtse kana le tswa mo mebusong ya lefatshe e e supang. Ga le a bopiwa fela ke wa bosupa wa mebuso eo mme le bopilwe gape ke mebuso e mengwe ya maloko a lone eo e akareletsang masalela a ya pele e merataro. A setshwantsho seno sa bopolotiki se tla fitlhelela mekgele e e kwa godimo eo batho ba neng ba e solofela?—Tshenolō 17:11, 14.
Go Retelelwa ga Lekgotla
Lekgotla la Merafe le ne la fitlhelela mo gogolo mo go tsa loago. Lefa go ntse jalo, mokgele wa lone wa mmatota, jaaka o tlhalosiwa mo go “Kgolagano ya Lekgotla la Merafe” ya lone ya kafa molaong, e ne e le “go rotloetsa tirisano-mmogo ya merafe yotlhe le go fitlhelela kagiso le polokesego ya merafe yotlhe.” Le ne la palelwa ke seno.
Lekgotla leo le ne la seka la atlega mo go thibeleng Japane go tlhasela Manchuria ka 1931. Le ne la seka la thibela Bolivia le Paraguay go tlhabana ka 1933. Le ne la retelelwa ke go thibela go fenya ga ga Mussolini Ethiopia ka 1936. Lefa go ntse jalo, go retelelwa ga bofelo ga Lekgotla leo go ne ga diragala ka September 1, 1939, fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e simologa—ntwa eo e neng ya bolaya batho ba le bantsi ya ba ya lere bohutsana joo Lekgotla leo le neng le tlhometswe go bo thibela. Ntwa eno e ne ya bolaya batho ba le kae? E ne ya bolaya masole a le dimilione tse 16 le batho ba e seng masole ba le dimilione tse 39, seo e neng e le palogotlhe ya batho ba le dimilione di le 55 ba ba suleng, kana mo e ka nnang palo ya batho ba ba bolailweng mo Ntweng ya Lefatshe I e menagane gane!
Lefa go ntse jalo, bogologolo ka 1919, le eleng pele ga go tlhongwa Kgolagano ya Lekgotla leo, Basupi ba ga Jehofa (bao ka nako eo ba neng ba bidiwa Baithuti ba Bibela) ba ne ba bolela phatlalatsa gore Lekgotla leno le ne le tla retelelwa, ka gonne kagiso e ne e sa kake ya tla ka maiteko a a ntseng jalo a batho. Moragonyana, kwa kopanong ya bone ya 1926 kwa Lontone, Ennyelane, go ne ga supiwa gore go ya ka Tshenolō 17 “kgosi ñwe ea bohèra mebedi” e lebega e tla nna yone ya bofelo mo tlhatlhamanong ya mebuso ya lefatshe. Jaaka sebui se ne sa lemotsha, “morena o ne a bolelela-pele go tlhongwa ga yone, go nna gone ga yone ga nako e khutshwane, le go khutla ga yone mo e se kitlang e nna gone gape.”
E a Boa!
Mabapi le kgosi eno ya boroba bobedi, polelelopele e e tlhotlheleditsweng ya re: “Sebatana se u se bonyeñ, se ne se leeō; me ga se tlhole se leeō, me se tloga se tlhatloga mo moletiñ o o senañ bolekeleco, me se ea tatlhegoñ.”—Tshenolō 17:8.
Fa esale ka ngwaga wa bogare jwa ntwa wa 1942, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba lemoga gore lekgotla la kagiso le polokesego leo le neng le tuuletse ka nako eo le ne le tla tlhatloga mo moleting o o senang bolekeletso wa go sa dire. Ka ngwaga oo mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower o ne a raya batho bao ba neng ba mo reeditse mo metseng e e 52 a re: “Lemororo maloko a le masome a mane a santse a ipolela fa a tshegeditse Lekgotla leo, Lekgotla leo tota le santse le le mo boemong jwa go sa tshele . . . ga le ‘tlhole le leyo.’” A mme le tla “tlhatloga mo moletiñ o o senañ bolekeleco”? A theile mafoko a gagwe mo polelelopeleng eno ya Bibela, o ne a re: “Lekoko la merafe ya lefatshe le tla tsoga gape.”
Fela jaaka polelelopele eno e ne ya tlhalosa, kgosi eno ya bofera bobedi ‘e ne e leyo’ go simologa ka 1920 go ya go fitlha ka 1939. E ne e ‘sa tlhole e leyo’ go simologa ka 1939 go ya go fitlha fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e khutla ka 1945. Go tswa foo e ne ya tlhatloga “mo moletiñ o o senañ bolekeleco,” ya boa ya busa gape jaaka motlhatlhami wa Lekgotla leo, ebong Lekgotla la Merafe e e Kopaneng.
Go Diragadiwa ga Ditsholofelo tse Dikgolo
Baemedi ba merafe e e 50 ba ne ba saena United Nations Charter kwa San Francisco ka June 26, 1945. Mafoko a yone a a simololang a ne a re: “Rona batho ba Lekgotla la Merafe e e Kopaneng re ikemiseditse go boloka dikokomana tse di tlang mo sebetsong sa ntwa, seo gabedi mo motlheng wa botshelo jwa rona se lereditseng setho kutlobotlhoko e e seng kana ka sepe . . . ”
Ditsholofelo tseo go neng ga nniwa le tsone mo go UN di ne di potile ka kwa dilo tsa mmatota. Tona ya pele ya merero ya selegae wa naga ya U.S. ebong Cordell Hull o ne a bolela gore le ne le tshotse sekopololo sa “go nnela ruri ga tlhabologo ya rona.” Tautona wa U.S. ebong Harry Truman o ne a le bitsa “tiragalo e kgolo ya . . . go lere kagiso ya goyagoile tlase ga kaelo ya Modimo.” UN Charter e ne ya bidiwa “lokwalo loo gongwe lo leng botlhokwa go feta otlhe ao a kileng a kwalwa ke motho” le “phetogo mo ditiragalong tsa tlhabologo.” Morago ga dingwaga tse 40, Gregory J. Newell wa Lephata la tsa Selegae la U.S. o ne a re: “Boitlhomo joo e ne e le go ijesa dijo tsa ditoro fela: re ne re tla lala re swabile.”
Fela jaaka Lekgotla, UN e dirile mo gogolo mo go tsa loago. Mme ga e a tiisetsa kagiso lefa e le go khutlisa ntwa. Tonakgolo ya pele ebong Harold Macmillan wa kwa Boritane o ne a bolelela ba House of Commons ya Britane ka 1962 gore “motheo otlhe oo Lekgotla la Merafe e e Kopaneng le neng le thailwe mo go one ga o a ka wa dirisiwa.”
Kwa tshimologong batho ba le bantsi ba ne ba leba Lekgotla leno fela jaaka ekete ke la bodumedi. Ba ne ba dumela gore “sechwanchō” seno se ne se tla dira seo Bibela e reng ke Bogosi jwa Modimo fela bo tla se dirang: ebong go tlhomamisa kagiso ya goyagoile, tshiamiso, le lefatshe leo ka boammaaruri le utlwanang. Ba ne ba seka ba dumalana gotlhelele le dipolelelopele tsa Bibela tseo di neng di bontsha gore maiteko a batho ga se one a a ka lereng kagiso ya boammaaruri. Lefa go ntse jalo, fa Lekgotla la UN le digela ngwaga wa bo-40, raditiragalo Thomas M. Franck o ne a re: “ga le . . . a nna le matswela ape a re neng re a solofetse ka 1945.” Fela jaaka Mokwaledi wa Merero ya Selegae wa U.S. George P. Schultz a ne a akgela: “Go thaiwa ga Lekgotla la Merafe e e Kopaneng ga go a ka ga dira lefatshe paradaise.”
Lekgotla la UN ga le a ka la atlega ka gonne dipuso tsa batho ga di a ka tsa fedisa dikgoreletsi tsa mmatota tsa kagiso eleng: bomorafe, bopelotshetlha, khumanego, bolwetsi, kgatelelo, le tlhotlheletso ya ga Satane mo lefatsheng. Batho ba ngaparela dipuso tseno, eseng ka go bo ba bonela pele sengwe se se molemo mme e le ka gonne ba sena tsholofelo epe e e botoka.—Tshenolō 12:12.
Go nna gone ga Lekgotla la Merafe e e Kopaneng, le maiteko ao batho ba le bantsi mo go kalo ba a dirileng mo go lone, go bontsha bogolo joo batho ba lefatshe ba lemogang ka gone fa go tlhokafala phetogo. Phetogo eo e ka tla ka tsela e e farologaneng e e bileng e na le matswela go feta lone. Ka tsela efe?
Puso e e Tla Nnelang Ruri
Gakologelwa gore Bibela ya re “dikgosi,” kana mebuso ya lefatshe e ne e tla tlhomagana e le supa fela. Morago ga yone ga go umakiwe mmuso ope o mogolo wa lefatshe. Ebile Bibela ya re “kgosi ñwe ea bohèra mebedi [e e tla busang ka nakwana] . . . e ea tatlhegoñ.”—Tshenolō 17:10, 11.
Mme Bibela gape ya re go na le tsholofelo e e botoka. E solofetsa gore go na le sengwe seo se tla lereng kagiso, tshiamiso, le lefatshe le le utlwanang leo batho ba le senkang fela thata. Ya re: “Me e tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, . . . bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō [a a retelelwang a batho] aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”—Daniele 2:44.
Eno ke puso eo Jesu a neng a bua ka yone, le eo balatedi ba gagwe ba neng ba e rapelela fa ba ne ba re: “Bogosi yoa gago a bo tlè.” (Mathaio 6:10) Bogosi jono ga se fela tlhotlheletso nngwe ya go dira molemo mo dipelong tsa batho. Go na le moo, ke puso ya mmatota ya selegodimo, go busiwa ga lefatshe go tswa sebakeng sa moya. E tla fetola tsela eo re tshelang ka yone mo lefatsheng.—Tshenolō 21:1-4.
Seo Bibela e se bolelang kaga puso e ntšha e e kgatlhisang, kafa e tla busang ka teng, le kagiso, tshiamiso, le lefatshe le le utlwanang tseo e tla di lereng go tla buiwa ka tsone mo setlhogong se se latelang se e bileng e le sa bofelo mo metseletseleng eno.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go ne ga tlotliwa ka mebuso eno ya lefatshe mo ditokololong tse di fetileng tsa makasine ono: (1) Egepeto, February 1; (2) Asiria, February 15; (3) Babelona, March 1; (4) Medo-Persia, March 15; (5) Gerika, April 15; (6) Roma, May 1; (7) Mmuso wa Lefatshe wa Maamerika le Maesemane, May 15.
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Bogolo jwa Ntwa
Ntwa ya Lefatshe II, eo e neng ya tshwaya go swa ga Lekgotla la Merafe, e ne ya bolaya batho ba palo e e gakgamatsang. Encyclopædia Britannica (kgatiso ya 1954) e ne ya bontsha bontsi jwa batho ba ba suleng ka go neela palo-tekanyetso ya masole a a suleng ka nako ya ntwa fa e bapisiwa le palo ya batho ka 1914 mo dinageng tse di farologaneng. Gareng ga dipalo tseo go na le tseno: Mo palong ya batho ba le 500 ka 1940, United States e ne ya latlhegelwa ke motho a le mongwe mo bosoleng mo ntweng; China, a le mongwe fela mo go ba le 200; United Kingdom a le mongwe fela mo go ba le 150; France, a le mongwe fela mo go ba le 200; Japane a le mongwe fela mo go ba le 46; Jeremane, a le mongwe fela mo go ba le 25; U.S.S.R., a le mongwe fela mo go bangwe le bangwe ba le 22. Fa re elatlhoko gore batho ba ba suleng e se masole gantsi ba ne ba feta baswi ba masole, re ka bona sentle kafa maiteko a batho a reteletsweng eleruri ka gone go lere kagiso ya boammaaruri le polokesego.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
‘Fa esale UN e tlhongwa, batho ba le dimilione tse di masome mabedi ba sule mo dintweng, ntlha e e utlwisang botlhoko e e supang matswela a go retelelwa ga lone.’—“Nation Against Nation,” e e kwadilweng ke Thomas M. Franck