Tlelase ya bo-84 ya Sekolo sa Gileade—E Diragatsa se se Solofetsweng!
DIANE 10:28 e bua jaana: “Cholohèlō ea mosiami e tla nna boitumèlō.” Go ne ga nna jalo mo mosong wa March 6, 1988. Go ne go bonala sentle go ope fela yo o neng a etsetlhoko gore ba ba 4 360 ba ba neng ba phuthegetse kwa Jersey City Assembly Hall ya Basupi ba ga Jehofa ba ne ba solofetse dilo tse dikgolo.
Lebaka la go bo mo e ka nnang botlhe ba lelapa la Bethele la Brooklyn le Watchtower Farms ba ne ba kgona go kopana mmogo mo thulaganyong e e itumedisang eo lone ka bolone le ne le lere boipelo jo bogolo le boitumelo! Lefa go ntse jalo, bao ba neng ba le gone, ba ne ba tlile ba solofetse se se fetang go kopana gape ga lelapa leno le legolo. Santlha se ba neng ba se akantse e ne e le seo ba neng ba itse fa e tla nna tiragalo e e tshwaegang: go aloga ga tlelase ya bo-84 ya Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade.
Sekolo sa Gileade, seo jaanong se leng kwa ntlong kgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York, se ne sa tlhongwa ka 1943 go tsweledisa pele tiro e e tlhomilweng ke Modimo ya go ‘dira barutwa.’ (Mathaio 28:19, 20) Morago ga go wetsa dithuto tsa dikgwedi di le tlhano tsa Bibela, baalogi ba Gileade ga ba romelwe kwa ditirong tse di duelang madi a mantsi, mme ba romelwa mo lefatsheng jotlhe jaaka barongwa. (Mathaio 13:38) He, ke mo go tlhaloganyesegang, gore mongwe le mongwe yo o nnileng le tshono ya go ya Sekolong sa Gileade o solofela go dira mo gogolo.—Bapisa Luke 12:48.
Thulaganyo ya kaloso e ne ya tlhokomedisa thata ditsholofelo tseno ka tsela e e phepafetseng. E ne ya bulwa ka thapelo e e mogote ke George Gangas, leloko la Setlhopha se se Laolang. C. W. Barber, yo le ene eleng wa Setlhopha se se Laolang, o ne a direla jaaka modulasetilo mo letsatsing leo. ‘Re tseneletse mo tirong e kgolo ya go ruta go feta tsotlhe mo ditiragalong,’ ga bolela jalo Barber. Fa a ne a tsopola mo go Isaia kgaolo 6, o ne a tlhalosa gore gangwe le gape re tshwanetse go rera kafa tlase ga maemo a a bokete. Mme fela jaaka mo motlheng wa ga Isaia, ke fela “kabèlō ea leshomè” ya tshwantshetso, kana “masalèla,” a a tla reetsang molaetsa wa rona. (Isaia 6:13; Baroma 9:27) Lefa go le jalo, ga re a tshwanela le ka motlha go ikutlwa gore maiteko a rona a go rera ke a lefela!
Dikakgelo tseno tse di kgothatsang di ile tsa tsosa tebelelo ya seo se neng se tla latela: motseletsele wa dipuo tse dikhutshwane, mme e le tse di maatla, tseo di neng di lebisitswe go baalogi. Calvin Chyke wa Komiti ya Feketiri o ne a simolola ka go botsa potso eno, ‘A o tla itshupa o le lesego go ba bangwe?’ Ba ne ba setse ba amogetse masego a mantsi mo Sekolong sa Gileade. Jaanong ba ne ba tshwanetse go aba masego ano, ba abela ba bangwe ‘dimpho tsa semoya.’ (Baroma 1:11, 12) Le eleng fa go tsoga maemo a a lekang, jaaka go tlhoka madi, barongwa ba tswanetse go tswelela ‘ba ithuta go aba’ ka tsela ya semoya. (Luke 6:38) Mo go bone jaanong go tla bo go diragadiwa mafoko a Pesalema 84:6: “Ee, molai o ikapesa ka masego” (NW).
David Olson wa Komiti ya Lephata la Tirelo o ne morago ga moo a gakolola barongwa ka bokaulengwe jwa rona jwa lefatshe lotlhe. Ka dikgwedi tse tlhano ba ne ba ntse ba ipelela lorato le tshegetso ya baithuti-ka-bone—mme jaanong ba tla anamisiwa le lefatshe lotlhe. Olson o ne a ba tlhomamisetsa gore ba ne ba tla ipelela go diragadiwa ga Mareko 10:29, 30, eo e ba solofetsang ditsala le ‘malapa’ a masha.
Daniel Sydlik wa Setlhopha se se Laolang o ne a gatelela botlhokwa jwa gore baalogi ba ‘Tlhagolele Ditsholofelo tse Dikgolo le tse di kwa Godimo.’ Jehofa o re tlhodile re na le nonofo ya go nna le ditebelelo, ditsholofelo, le dikeletso. A ga go a tshwanela he, gore barongwa ba solofele go dira dilo tse dikgolo? ‘Itlhomeleng mekgele, ipatleng go dira mo gontsi!’ ga kgothatsa jalo Sydlik. ‘Itse puo ya naga e o rometsweng kwa go yone. Lepalepana le go bala ditokololo tsa Tora ya Tebelo le Awake! ka puo ya gaeno gore o tle o boloke bomoya jwa gago. Fa o ruta ba bangwe,’ ga tswelela jalo Sydlik, ‘ba tlhomele ditsholofelo tse di kwa godimo le bone. A ba itse gore go lebeletswe gore ba nne teng mo dipokanong le go baakanyetsa dithuto go sa le gale.’
Dibui tse di latelang di ne tsa tswelela ka mokgwa ono. Lyman Swingle, yo le ene e leng wa Setlhopha se se Laolang o ne a gopotsa baithuti bano a re: ‘Jesu Keresete ke ene yo o lo romang. Mme le ene ka sebele o ne a romiwa mo tshimong ya naga e sele mono lefatsheng.’ Fela jaaka Jesu, barongwa ba tshwanetse go tsaya thomo ya bone ka bomasisi. Lefa go ntse jalo, ga ba a tshwanela go itsaya ka bobone gore ba botlhokwa thata. ‘Nna le nonofo ya go itshega fa o dira sengwe sa boeleele.’ ga bua jalo Swingle. ‘Moreri 3:4 e re gopotsa gore go na le “motlha oa go tshèga.”’
Batshwara-sekolo ba babedi ba bagolo ba ne jaanong ba nna le tshono ya go naya baithuti tlhagiso ya bofelo. Setlhogo sa ga Jack Redford e ne e le ‘O Seka Le ka Motlha wa Lebala Gore o Morongwa!’ Baruti ba La-Bodumedi ba latlhegetswe ke maikaelelo a thomo, ba le bantsi ba tseneletse mo dipolotiking tsa lefatshe. Lefa go ntse jalo, Jesu Keresete, o ne a diragatsa thomo ya gagwe ya go rera, le ka motlha ga a ise a ko a tshwarege ka seo lefatshe la ga Satane le se nayang. Jalo barongwa ba tshwanetse ka metlha ba gakologelwa lebaka la go bo ba romilwe—eleng go fepa setho se se tshwerweng ke tlala ya semoya. (Bapisa Mathaio 9:36.) Jalo ba tshwanetse go tila dithaelo tse di jaaka dilo tse di bonalang le boitsholo jo bo sa siamang. Fa ba tlhoma tlhokomelo ya bone mo thomong ya bone ya go rera, ba na le tebelelo ya go ipelela maitemogelo a a molemo mo tshimong!
U. V. Glass o ne a latela ka setshwantsho seo se neng se kopanyeletsa galase ya metsi le diperela. Mo mafatsheng a le mantsi ga go ke go tlhomamisega gore a metsi a a mo galaseng a itshekile. Ka tsela e e tshwanang boleng jwa diperela bo ka nna jwa se tlhomamisege. ‘Go tweng he ka bonnete jwa lona?’ ga botsa jalo Glass. ‘Go tlhoka bonnete go sale go ntse go bidiwa “mosenyi wa ka bonya wa dikamano.”’ Baalogi bano ba ne ba ka tiisetsa bonnete jwa bone jang? ‘Bua boammaaruri,’ ga bolela jalo Glass, ‘o seka wa bo tswakanya kana wa bo sokamisa. Bothokgami ke motheo wa bonnete.’—Baefesia 4:25.
Puo ya dintlha tse dikgolo mo mosong oo e ne e le e e konelang ka mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower yo o dingwaga di 94, ebong F. W. Franz. Ka lentswe leo le santseng le nonofile ebile le le maatla, Franz o ne a boeletsa hisitori ya Sekole sa Gileade. Ka ntwa ya lefatshe ya bobedi, Setlhopha se se Laolang se ne sa lemoga gore ‘Ntwa ya Lefatshe II ga e ne e isa go Hara–Magedona. E ne e tla fela mme go ne go tla latela nako ya kagiso.’ Sekolo sa Gileade se ne sa tlhomiwa gore go dirisiwe ka botlalo nako e e fa gare eno—mme se ntse se tsweletse ka maatla fa esale! ‘Re tshela mo motlheng o o molemo go e gaisa yotlhe!’ ga tsibosa jalo mookamedi wa Mokgatlho. Bareetsi ba ne ba supa go anaanela ga bone tlhagiso ya motlhanka yono wa nako e telele wa Modimo ka go opa diatla!
Digaretene di ne jaanong tsa bulwa, mme ga bonala baithuti ba le 24 ba tlelase ya bo-84 ya Sekolo sa Gileade ba ntse mo seraleng. Lefa palogare ya dingwaga tsa bone e ne e le 31.6, ga se bosetlabosheng ba bareri. Ebu, palogare ya dingwaga tsa bone mo tirong ya boefangele ya nako e e tletseng ke 11.3! Seno ke setlhopa sa meraferafe eleruri, ba tswa kwa Netherlands, Australia, Finland, Sweden, Jeremane, le United States. Ka thuso ya ga A. D. Schroeder, mongwe wa batshwara-sekolo ba pele ba Sekolo sa Gileade, C. W. Barber o ne a ba abela dipoloma tsa bone. Bareetsi ba ne ba itumelela gore baalogi bano ba ne ba tla romelwa kwa mafatsheng a roba bongwe: kwa Philippines, Sierra Leone, Western Samoa, Taiwan, Tanzania, Papua New Guinea, Bolivia, Guam, le Colombia! Mongwe wa baithuti o ne jaanong a bala lokwalo lwa tebogo mo boemong jwa tlelase eo.
Morago ga boikhutso jwa nako ya dijo tsa motshegare e khutshwane, bareetsi ba ne ba kopanela Thuto ya Tora ya Tebelo e e khutshwafaditsweng, e tsamaisiwa ke Robert Wallen wa Komiti ya Bethele. Fa thuto e sena go fediwa, dipone di ne tsa dirwa looto. Modulasetilo wa thulaganyo o ne a kopa bareetsi a re: ‘Phuthologang lo ipeleleng mpho e lo e fiwang ke baithuti, eleng thulaganyo ya baithuti ya Tlelase ya bo-84, ya setlhogo se se reng: “Go Galaletsa Bodihedi jwa Rona.”’
Ka dipina, maitemogelo, le dikgannyana tse di tshegisang, baithuti jaanong ba ne ba lebisa tlhokomelo go moithuti le botshelo jwa borongwa. Ka sekai, go ne ga bontshiwa kafa tshimo ya mefuta e e farologaneng ya New York City e dirisiwang jaaka lefelo la thapiso ya barongwa. Nngwe ya dikgannyana tse di tshegisang tseo, e e neng e theilwe mo maitemogelong a mmatota a baithuti bangwe ba Gileade—e ne ya bontsha ka moo baithuti ba ithutang go naya bosupi jo bo sa ikaelelwang ka mo go nang le matswela mo ditseleng tsa motse-mogolo oo. Tseo le tsone di neng tsa bontshiwa ka tsela e e kgatlhisang—mme e le e e diragalang, e ne e le dipontsho tsa ka moo gantsi barongwa ba dirang diphetogo tse di boima go setso le dingwao tsa dinaga di sele.
Moalogi mongwe wa morongwa o ne a sobokanya thulaganyo eo yotlhe sentle, a re: ‘Ke tsela efe e e molemo ya go galaletsa bodihedi jwa rona go gaisa go thusa ba bangwe go ikaega gotlhelele ka Lefoko la ga Jehofa?’ Kwantle ga pelaelo botlhe bao ba neng ba le gone ba ne ba tlhotlheletsega go akanyetsa ka moo bone ka bobone ba ka nnang le seabe se segolwane mo tirong ya go rera! Go konela, baithuti ba ne ba bontsha terama ya segompieno e e neng e bontsha gore go botlhokwa gore re ineele go Modimo. Tiragalo eno e nngwe gape e e tshwaegang e ne ya digelwa ka thapelo ya kanaanelo ke J. E. Barr wa Setlhopha se se Laolang.
Ka mo go sa belaesegeng, thulaganyo ya kaloso ya Gileade e ne ya diragatsa se se neng se solofetswe. Lefa go le jalo, go tweng he, ka tlelase ya baalogi ka boyone? Re tlhomamisega gore, jaaka bao ba tlileng pele ga bone, tlelase eno ya bofelo ya baalogi ba barongwa e tla diragatsa seo se solofetsweng, ee, seo se batlwang ke Jehofa mo go bone—gore ba galaletse bodihedi jwa bone mo dikabelong tsa bone tsa dinaga di sele!
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Tlelase ya bo-84 ya Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade
Mo tlhatlhamanong e e fa tlase eno, mela e badilwe go tswa kwa pele go ya kwa morago mme maina one a thathamisitswe go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng mo moleng mongwe le mongwe.
(1) Norberg, C.; Holmes, T.; Holland, J.; Vehlen, B.; Rector, D.; Thomas, K. (2) Rajalehto, T.; Rajalehto, T.; Hoefnagels, J.; Moonen, A.; Summers, C.; Wahl, H. (3) Holland, J.; Holmes, F.; Hoefnagels, H.; Koivula, V.; Moonen, M.; Thomas, B. (4) Wahl, M.; Rector, W.; Summers, G.; Keighley, P.; Vehlen, P.; Norberg, O.