Botsalo Jwa ga Jesu—A ke Tlhamane Fela?
BOTSALO jwa ga Keresete! Go bolelwa fa e le motheo wa moletlo o mogolo wa ngwaga le ngwaga wa La-Bodumedi. Lefa go le jalo, phapaanong le seo, baruti ba bantsi ba tsaya dikarolo tse di farologaneng tsa pego ya Efangele ya botsalo jwa ga Jesu jaaka tlhamane fela. Ka sekai, The Interpreter’s Bible, e bolela jaana ka pego ya ga Mathaio ya balepi ba dinaledi, kana “banna ba ba botlhale”: “Ka gone ga go na tsela eo ka yone go ka tlhomamisiwang gore a ga e a kgabisiwa, kana a eleruri, e ne ya ‘diragala’ tota-tota. Boleng le botlhokwa jwa polelo eo ga bo a ikaega ka go tlhomama ga yone; polelo eo e tshwanetse go akanngwa jaaka sengwe se se itlhametsweng.”
Gantsi baganetsi bao ba tatalalela gore dipego tsa Efangele tsa botsalo jwa ga Keresete ga di tlhaloganyesege mo di ka tsewang jaaka tse di diragetseng. Mme mo bukeng ya gagwe The Life and Times of Jesus the Messiah, Alfred Edersheim o ganetsa seno, ka go re: “Go ka nna ga bolelwa kwantle ga go tshaba sepe gore, ga go kake ga diragala gore polelo e e sa tlhomamisegeng kana tlhamane kaga tiragalo eo (e e itsegeng) e bo e sena ditlhaloso tse di kalo kana e sa tlhaloganyesege gotlhelele. Ka gonne, dibopego tse pedi tsa botlhokwa tse e bolelwang ka tsone, jaaka tlhamane le ka ngwao ka go tshwana ke, gore ka metlha ba ne ba batla go kgobelela bagale ba bone ka kgalaletso e kgolo, le gore ba ne ba leka go dira ditlhaloso, tseo ka tsela nngwe di neng di se boammaaruri.”
Lefa go le jalo, ke ka ntlhayang, fa dipego tsa Efangele di naya dintlha di sekae jaana mabapi le botsalo jwa ga Jesu? Lebaka le legolo ke go re loso lwa gagwe, eseng botsalo jwa gagwe ke lone lo lo botlhokwa thata. (Mathaio 20:28) Edersheim o tswelela ka go re gakolola a re: “Dipego tseno tsa Efangele di ne di sa kwalelwa go re naya pego ya botshelo jwa ga Jesu, kana le eleng boikitsiso jwa bone; mme di ne di na le boikaelelo jo bo menaganeng sebedi jono: jwa gore bao ba di balang ‘ba dumele fa Jesu e le Keresete, Morwa Modimo,’ le gore bao ba dumelang ‘ba bone botshelo ka Leina la Gagwe.’”