LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 5/15 ts. 3-4
  • A Tlhalo e Tshwanetse go Letlelelwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Tlhalo e Tshwanetse go Letlelelwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipono tse di Farologaneng le tse di sa Dumalaneng
  • E santse e le Seemo se se Tseanyang
  • Tlhalo Eleruri E Na le Ba E Ba Amang mo go Botlhoko
    Tsogang!—1991
  • Go Gola ka Lobelo ga Tlhalo
    Tsogang!—1992
  • Tlhalo—Thobo ya Yone E E Botlhoko
    Tsogang!—1992
  • Lemena la go Wela mo Tlhalong
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 5/15 ts. 3-4

A Tlhalo e Tshwanetse go Letlelelwa?

KA JUNE 1986 batlhophi ba Irish Republic ba ne ba fenya ditlhopho ka 3 go 2 ba tshegetsa go thibela ga bone tlhalo. Seno se ne sa dira gore Repaboliki eo e nne naga e le nngwe fela mo Yuropa Bophirima eo mo go yone go tlhala go sa ntseng go se kafa molaong.

Ka phepafalo, go sa kgathalesege lekhubu la maikutlo a go sa gagamatse dilo le megopolo, pono ya batho ba le bantsi ka kgang eno e e amang maikutlo ya tlhalo e santse e tlhotlhelediwa thata ke kgodiso ya bone. Lotso, thuto, le mabaka a loago tsotlhe di na le seabe. Mme mo godimo ga tseno tsotlhe, go nna le bodumedi, kana go sa nneng le jone, ke yone tlhotlheletso ya botlhokwatlhokwa.

Pono ya gago ke efe ka tlhalo? Fa banyalani ba sa natefelelwe ke go nna mmogo mme go bonala sentle gore ga ba tshwanelelane, a ba tshwanetse go letlelelwa go fedisa go sa natefelelwe ga bone ka go tlhalana? O ne o ka araba potso eno jang? Se se botlhokwa go feta seo, karabo ya gago e ne e tla bo e theilwe mo go eng?

Dipono tse di Farologaneng le tse di sa Dumalaneng

Go dimilione tsa batho bao ba tshegetsang ditekanyetso tsa kereke ya Roma Katoliki, tlhalo ga e letlelesege lefa e le ka tsela epe. “Fa Mokeresete a nyala,” go tlhalosa jalo The Catholic Encyclopedia, “tlhalo e ka se ke e nne gone gotlhelele [mo motho a ka tshwanelegang go ka nyala gape], bogolo jang morago ga lenyalo le sena go tiisediwa.” Lefa go ntse jalo, kereke ya Roma Katoliki e dumelela gore le ka fedisiwa mo maemong a a rileng, mme tsamaiso eno e dirisiwa ka bophara. Ka sekai, ka April 1986 The Denver Post e ne ya bega ka go re: “Bakatoliki ba lefelo leno ka bontsi ba kopa gore ba rebolelwe go tlhala mo e leng gore Kereke e Kgolo ya Denver e senya R500 000 mo go dueleleng babereki ba ba oketsegileng le mo khomputareng gore e kgone go lepalepana le tiro e ntsi eo.” Pego eo gape e ne ya re “mo Kerekeng e Kgolo ya Denver, go na le dikgetse tsa go batla go tlhalana di le 700 tseo di nang le dingwaga di le tharo di ise di tshwarwe.”

Baporotesetanta mo makgolokgolong a dikereke go dikologa lefatshe ba lebanywe ke palo e kgolo thata ya melao ya kereke e e malebana le tlhalo. Lefa go ntse jalo, balaodi ba Baporotesetanta ka kakaretso ba letlelela tlhalo mo mabakeng a a masisi fela. Mme seo se tsewang gore se masisi se ka farologana fela thata mo dikerekeng tse di farologaneng. Gantsi go tsewa gore melato eo ke e e tshwanang le boaka, bosetlhogo, le go ngwegela molekane, mme ga se yone e le yosi fela. Jaanong dikereke tse dingwe di nna le meletlo ya tlhalo le ditirelo tse go opelwang difela mo go tsone go bile go rapelwang fela jaaka mo manyalong. Mo go mongwe wa meletlo eo, “maikano a lenyalo a a latlhiwa. Banyalani ba neela moruti mehitshana ya bone. Tirelo eo e digelwa ka mafoko a a tswang go moruti a gore banyalani ba tlhalanye, mme ba bo ba neelana diatla,” go bega jalo The New York Times.

Bajuda ba na le ngwao eo e tiisediwang ke dikgotla-tshekelo tsa bodumedi. Melao ya baruti ba Bajuda e letlelela gore banyalani ba ka tlhalana ka tumalano ya bone kana ka ntlha ya bogole jwa mmele kana boitshwaro bongwe jo bo sa batliweng. Lefa go ntse jalo, tlhalano e tsewa e le ya kafa molaong, fela fa monna a ka ntsha “tetla,” kana setlankana sa tlhalo, mme seno se ka tsosa kgang. Banna bangwe ba gana go ntsha lekwalo leo ka baka la go ngala, kana ba le dirisa jaaka selo sa go batla ditumalano. “Bothata jono bo dirile gore diketekete tsa basadi ba ba ineetseng mo Sejudeng ba nne botshwarweng jo bo utlwisang botlhoko jwa lenyalo,” go ne ga bolela jalo Tautona Andrew Stein wa New York City Council fa a ne a bua le phuthego ya baruti ba Bajuda, boagente, le ba bangwe. Fa mosadi a sa newa tetla, go tsewa e se kafa molaong gore a nyalwe gape, mme bana bape fela ba a ba tsholang ba bidiwa “mamzer,” kana bana ba dikgora, mo Nageng ya segompieno ya Iseraele.

Fa e le ka ba eseng ba bodumedi bope le balatola-Modimo, bao re ka tsayang gore ba laolwa ke molao wa lefatshe, kgang eno e santse e se motlhofo. Seno ke ka go bo babei-molao wa tlhalo ba farologane mo dinageng tse di farologaneng le eleng mo mafelong a a farologaneng mo nageng e le nngwe fela. Buka nngwe e kwadile mabaka mangwe a ka nna 50 ao go tlhala kafa molaong go ka letlelelwang ka ona mo dikarolong tse di farologaneng tsa United States. Ano a akareletsa “boitshwaro jo bo maswe-maswe le boikepo,” “go tlhabosega ga gore lenyalo le ka baakanyega ka tsela nngwe,” le “go gana ga mosadi go fudugela le monna wa gagwe mo nageng eno.” Mo metlheng ya bosheng, le eleng sesupo sa bofelo sa go kgona go farologanya molemo le bosula se fedisitswe ke seo ka tlwaelo se bidiwang tlhalo e e seng ya lebaka lepe.

E santse e le Seemo se se Tseanyang

Lemororo go bolelwa gore bontsi jwa melao eno le melawana e e farologaneng le e e sa dumalaneng kaga tlhalo e thailwe mo Bibeleng, a e kgonne go nonotsha motheo wa lenyalo kana go oketsa boitumelo jwa batho? Dipalo tse di oketsegang tsa tlhalo—tse e leng tlhalo e le nngwe fela mo manyalong mangwe le mangwe a mabedi mo dinageng dingwe—di neela karabo e e phepafetseng. Melao eno ga e a retelelwa fela ke go nonotsha sebofo sa lenyalo mme gape e okeditse kutlobotlhoko le bomadimabe mo matshelong a dimilione tsa batho.

Ponong ya seno, go botlhokwa gore botlhe bao ka boammaaruri ba amegang ka go batla go dira se se siameng ba batlisise seo Bibela tota e se buang mo kgannyeng eno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela